text
stringlengths
0
40.2k
"SETSWANA PUO YA GAE R-3 MOPHATO R SETSWANA PUO YA GAE DITLHOKEGO TSA KGWEDITHARO KGWEDITHARO 2 TSHIMOLOLO YA GO KWALA DITENG/DIKGOPOLO/DIKGONO Mokwalo Ditirwana tsa letsatsi le letsatsi mo dirutweng tsotlhe tsa Puo le mo dirutweng tse dingwe. Ditirwana tsa botsweretshi le tsa mosako wa mmino ke ditšhono tse di siametseng go tlhabolola dikgono tsa motsamao wa mesifa e mennye. • Tlhabolola dikgono tsa motsamao wa mesifa e mennye go tiisa mesifa ya seatla ka go potoka mmopa, bopa ka tege, go letsa lepatata mo moweng, dibaga, tsenya mogala mo diphatlheng tsa karata. • Tlhabolola taolo ya mesifa e mennye go tiisa menwana ka go tshameka diraeme tsa menwana tse dintsi ka tiragatso ya menwana. • Tlhabolola taolo ya mesifa e mennye ka go dirisa dikere go sega bontle ba setshwantsho, sebopego jj. • Tlhabolola kgolagano ya leitlho le seatla: go tshameka motshameko wa go kapa kgetsana ya dinawa, dikgwele tsa tenese, dikgwele tsa dipampiri jj. le go dira dipatorone tse di raraaneng a dirisa dikheraeyone. • Tlhabolola taolo ya mesifa e megolo: dira ka bobedi kgotsa a le mongwe go aga ditlhaka o dirise mmele wa gago. • Simolola go bopa ditlhaka: a penta ditlhaka ka menwana, maratšhe, dikheraeyone tsa mafura • Gatisa bokafantle jwa ditshwantsho, dipaterone le maina a bona mo ntlheng e e nepagetseng ya tshimologo le go supa dintlhatshupo mo ditlhakeng • Kopolola dipaterone mo botong ya ditlhomelwa le mafoko le ditlhaka mo pampiring. • Dirisa didiriswa tsa go kwala ka nepo: maratšhe a go penta le dikheraeyone tsa mafura. • Go tshwara kheraeyone ka nepo a dirisa mokgwa o o maleba wa go tshwara pene. • ‘Kwala’ o ntse ka tsela e e nepagetseng. Tshimololo ya go kwala: • Thala setshwantsho go fetisa molaetsa jaaka ‘dikgang’ tsa gago. • Tlhaloganya gore go kwala le go thala ditshwantsho go a farologana le go simolola go kopolola ditlhaka le dinomore go tswa mo tikologong ya phaposi ka maiteko a mokwalo wa gago • ‘Buisa’ gore ditlhaka le mokwalo wa sediko/ o o sa buisegeng o kaya eng. • Diragatsa metshameko ya go kwala mo mabakeng a go tshameka: dira dikarata tsa ditumediso, kwala makwalo. • Simolola go ‘kwala’ le go ela tlhoko dintlha tsa go kwala go tswa ka fa molemeng go ya ka fa mojeng, le go ya kwa godimo le kwa tlase mo tsebeng. • Kopolola mokwalo go tswa mo tikologong ka nosi jaaka matshwao mo dikungong tsa ntlo fa ba tshameka. Go dira ka mafoko • Aba mafoko a a nang le ditlhaka kgotsa medumo e e tshwanang. • Supa tlhaka kgotsa sekgala mo gare ga mokwalo: maina a bona kgotsa mafoko a a tlwaelegileng • Nna le seabe mo go ageng dipolelwana tsa setlhangwa se se kwadilweng mo phaposing: morutabana o biletsa morutwana mme morutwana o a kwala. TLHATLHOBO Ditshitsinyo tsa Tlhatlhobo E e sa tlhomamang Tiro ya molomo kgotsa tiragatso Ela tlhoko • Thala ditshwantsho go fetisa molaetsa jaaka ‘dikgang’ tsa gago • Tlhabololo ya taolo ya mesifa e megolo: dira ka bobedi kgotsa a le nosi go aga ditlhaka a dirisa mmele wa gago go bopa ditlhaka • Simolola go bopa ditlhaka ka go penta ka maratšhe le dikheraeyone tsa mafura. • Tlhaloganya gore go kwala le go thala ditshwantsho go a farologana le go simolola go kopolola ditlhaka le dinomore go tswa mo tikologong ya mo phaposing ka maiteko a mokwalo wa gago • Buisa’ gore ditlhaka le mokwalo wa sediko/ o o sa buisegeng o kaya eng. • Simolola go ‘kwala’ le go ela tlhoko dintlha tsa go kwala go tswa ka fa molemeng le go ya ka fa mojeng, le go ya kwa godimo le go ya kwa tlase mo tsebeng. Dirisa lenanenetefatso le ruburiki e e akaretsang gotlhe CAPS 41"
"Dipuo - Setswana Puo ya Gae ntlhakemo - ntlha e mmui a e dibelang mo dipuisanong fa a neela mabaka a a maleba.nyalelano - mogopolo le dikakanyo di du malana sentle.pegelo - go bega sengwe ka go se ranola ka maitlhomo a go senola bokao jwa sona.pegelo ya kharikhulamo ya bosetphaba - pegelo e e emelang pholisi ya go ithuta le go ruta kwa dikolongmo thutong ya Thuto le Katiso e e Tswelelang . "
"platinum mineworkers and President agree to R1000 increment"
"Dipalo tseo di ne tsa galaletsa thata bojanala mo Botswana, dikgwetlho tse di lebaneng bojanala jaaka ditlhaelo tsa maranyane, seemo sa bophepha se se sa itumediseng, ditsela le ditlhaeletsanyo di ne tsa baka go tlhoka go dira sentle. "
"Ditshwanelo tsotlhe ke tsa mogatisi fela . "
"Kabinete e etsetlhoko katlholo ya Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo jwa Dingongorego moo e atlhotseng gore Pholisi ya Phetolokgaso ya 2015 ga e mo molaong, ga e a nepa mme e e beela kwa tlhoko."
"A re phathi ya Alliance for Progressives e tlaa emelwa ke Rre Odireleng Ditshotlo, fa Umbrella for Democratic Party e romile Rre Rueben Ketlhoilwe."
"Molao o o akantsweng o tla oketsa bokgoni jwa rona jwa go ngoka peeletso ya boditšhaba le kgolo ya thomelontle go tsweletsa kgolo le tlhabololo e e tswelelang mo Aforika Borwa."
"Gonne go tsuolola go tshwana le boleo jwa boloi, le logwadi lo tshwana le tirelo ya medimo ya disetwa le ya mereo. E re ka o ganne lefoko la ga Jehofa, le ene o go ganne go tlhola o nna kgosi.”"
"Lentswe la tswa mo setulong sa bogosi la re: “Bakang Modimo wa rona, lona lotlhe batlhanka ba one, lona ba lo o boifang, bannye le bagolo.”"
"Le fa palo ya dipitlagano le mafelo a mathata di thibela lephata la temothuo mo go direng ka bokgoni bo bo feletseng , seno ke karolo fela ya setshwantsho . "
"A raya kgosi a re: “Poledi e ke e utlwileng kwa lefatsheng la gaetsho ka ga ditiro tsa gago, le botlhale jwa gago, e ne e le poledi ya mmaanete fela."
"Dintsho tsa batshela-le-mogare di kile tsa bo di bakiwa thata ke ditlamorago tsa diritibatsi."
"Mokopi yo mongwe fela o tshwanetse go duela tuelo ya kopo ya bokana ka R35 . "
"Kabinete e gakolotse barutwana le bašwa ba ba sa tseneng sekolo ba ba tswang mo malapeng a a tlhokang le a setlhopha se se dirang go romela dikopo tsa bona tsa thuso ya matlole tsa ngwaga wa dithuto wa 2022."
"A re fa e le letshogo lone o ne a sena nalo gotlhelele."
"Mme Mika a mo raya a re: “O tswa kae?” A mo raya a re: “Ke Molefi wa Bethelehema wa Juta, ke ya go jaka kwa ke ka bonang bonno teng.”"
"Kabinete e amogetse Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Tiragatso ya Molao wa 2017 go isiwa kwa Palamenteng."
"Ka 9 Phatwe 1956 Albertina Sisulu o ne a golagana le 20 000 ya balwela-kgololesego ba bangwe ba basadi jaaka Helen Joseph le Sophia Williams-De Bruyn mo mogwantong go ya kwa Union Buildings kwa Pretoria ka ditshupetso tsa melao ya dibukana tsa boiketsesi."
"Bokolelang lona dikepe tsa Tarešiše; gonne felo ga lona fa go thata go kgakgabaditswe."
"Ka jalo ke baa dingwaga tse di setseng tsa botshelo jwa me mo diatleng tsa lona "" . "
"Bright a re o tseneletse setlhopha fa gare ka jalo gaa kgona go batla batshameki baa neng a ba batla."
"Dafite a tswa gone a ya Misepa wa Moabe; mme a raya kgosi ya Moabe a re: “Ke a go rapela, o mme rre le mme ba huduge, ba tle go nna le lona go tle go tsamaye ke itse se Modimo o tlaa se ntirelang.”"
"A re lebeleleng ditlhaloso tse dingwe tsa poko . "
-3
"mongwe."
"Merero ya ga Jaanong."
"Fa Thuso ya madi e e tsamaelanang le diporojeke e abelwa konteraka go agela batho ba le mmalwa matlo , Lenaane la Bonno la Batho le letlelela batho kgotsa baamogeladitshiamelo go ikagela kgotsa go rulaganya kago ya matlo a bone . "
"Buisa nopolo e e latelang , mme o arabe dipotso . "
"Ditšhono tseno tsotlhe di na le bokgoni jwa gore di ka bulela kgwebisano ka fa nageng, dipeeletso mmogo le go oketsa tlholego ya ditiro."
"Makoro (yo o ka bitswang gotwe mekoro , mokoro ) ke mokoro yo o dirisiwang thata kwa makgobokgobong a Okavango , mo Botswana. O tsamaisiwa ka legong le le leele ke motho a eme ka dinao , ka fa a ntse a o kgorometsa."
"Ela tlhoko : Ditlhaodi di ka latela kgotsa tsa tla fa pele ga maina ao di a tlhaolang . "
"SETSWANA PUO TLALELETSO YA BOBEDI MEPHATO 1 – 3 MOPHATO 1 KGWEDITHARO 4 GO REETSA LE GO BUA DITENG/DIKGOPOLO/DIKGONO Itse gore thitokgang e e tshitsintsweng/ setlhogo ke ditshitshinyo fela. Di tshwanetse go nna le Dibuka Kgolo. Ditirwana tsa beke Ditirwana tse pedi kgotsa go feta go dirwa mo thutong nngwe le nngwe: • Simolola tlhabololo yamafoko ka tiro molomo ( go reetsa le go bua) a dirisa ditlhogo go tswa mo Puo gae le Puo Tlaleletso ya Ntlha) . • Tsibogela ditumediso tse di bonolo. (sk. ‘Sala sentle, Tsamaya sentle, Dumelang’) . • Supa le go neela maina a dilo tse di mo phaposing kgotsa mo setshwantsho gg (sk: Mpontshe ...... mo setshwantsho gg, Supa ...... mo setshwantsho gg). • Latela ditaelo tse di bonolo. • Dirisa Puo ya go leboga le go kopa. (e.g. ‘ka kopo’, ‘ ke a leboga’) • Opela dipina tse di bonolo le go diragatsa ka thuso ya morutabana ka bobedi le ka ditlhopha. • Boka maboko a a bonolo a diragatsa ka thuso ya morutabana ka bobedi le ka ditlhopha. • O diragatsa ditumediso (dipolelo tse pedi) ka bobedi le ka ditlhopha (sk:’. Dumela Thabo, O tsogile jang? Dumela Thando, Ke tsogile sentle’). Kgang e e buiwang e ka diragatswa go tshegetsa bokao. Dikgang tse di tlotliwang di tshwanetswe go tswa mo Dibuka Kgolo kgotsa phuosetara ya ditshwantsho mo bana ba kgonang go bona sentle . • Reetsa kgangkhutswe ka boitumelo o golaganya dipina ka nako e e maleba. • Neela maina a dingwe tsa dilo tse di mo setshwantsho gg (sk.’ Ke mang yo? ‘ supa selo/ phologolo mo setshwantsho gg.) Tlhabololo ya dikgopolo, mafoko le popego ya Puo • Ka go tsaya karolo mo ditirwaneng tse di fa godimo go tlhabolola mafoko mangwe a tiro molomo. • Boeletsa le go tsibogela Puo. • Tsibogela ditaelo. • Dirisa Puo ya boitlhamedi nngwe. TLHATLHOBO Tshitsinyo ya Tlhatlhobo e e sa Tlhomamang: Tiro molomo le/ tiragatso le temogo • Opela dipinale maboko a tiragatso ka go itshepa . • Latela ditaelo tse di bonolo. (sk:’ itshware tlhogo’.’ Itshware menwana ya maoto’). • Diragatsa ditumediso (dipolelo di pedi) ka bobedi le ka ditlhopha (sk:’Dumela Thabo, Otsogile jang? Dumela Thando, Ke tsogile sentle’) CAPS 31"
"Go lekolwa ga difeme e tla nna lenaneo la go ya go ile, go ya ka melawanataolo e e kwalolotsweng sešwa wa phepafatso."
"Ka malatsi a supa o tlaa baakanya podi ka tsatsi lengwe le lengwe go nna tshupelelo ya boleo; le bone ba baakanye kgongwana le phelefu ya letsomane, e le tse di se nang bogole."
"Puso ya rona e tla tsaya tšhono eno go ka laletsa babeeletsi go tsenya matlole mo ikonoming ya rona."
"O ne a swa leso le le botlhoko ka a ne a thulwa ke bese a itsamaela fa thoko ga tsela . "
"Kabinete e neseditse pula kgato ya go phasaladiwa ga Pegelo ya PC4IR mo Kaseteng ya Puso."
"Jaana go ka tweng? A re a ba gaisa? Nnyaa, le fa e le mo gonnyennye; gonne, go le Bajuta, go le Bagerika, re ba kaile gale gore ba mo thateng ya boleo botlhe fela;"
"Samiti e tla ka nako e go gatelelwang ntlha ya bolaodi jo bo phepa, maikarabelo le go tlamela batho fela ka ditirelo ka tshiamo mo mebusong ya Aforika."
"E rile Moretekai a itse gotlhe mo go dirilweng, a ikgagola diaparo, a apara letsela la kgetse le na le melora, a tswela kwa gare ga motse, a jajarega ka jajarego e kgolo, e e botlhoko."
"ba le babedi morago ga tsamaiso ya ntshetsontle e sena go dirisiwa, mme"
"Tlhaloso e , ga re efiwe ke moaneledi . "
"Malome Keerate o ne a itlhakatlhakantse le nna, ke ne ka felelwa ke thata ka mo tlogela fela gore a tswelelele se a se dirang, e se ka go rata, e le ka go thoka go boitiro."
"Elija a ba fetola, a ba raya a re: “Fa ke le monna wa Modimo, a molelo o fologe kwa legodimong, o go nyeletse le ba ba 50 ba gago.” Mme molelo wa Modimo wa fologa kwa legodimong, wa mo nyeletsa le ba ba 50 ba gagwe."
"setšhaba go ya ka molao mongwe le mongwe, mme ga e akaretse"
"ANC ya re e tshwenngwa ke maikaelelo a setlamo sa Telkom a go fokotsa diphesente di le 20 tsa badiri ba yona. Kgato eno e tlile go ama badiri ba ka nna dikete di le 3 ba Telkom. Kgang eno le tsedingwe ka botlalo le Reoneetswe Mercedes Nkoane mo ureng ya botlhano."
"Re ikuela gape go batsadi le batlhokomedi go dira gore bana ba tsenele ditiro, segolo bašwa, tse ba ka nnang le seabe mo go tsona ka pabalesego."
"Ka jalo ke lo kopa lotlhe gore lo amogele kgwetlho eno ya phetogo ka tlhagafalo."
"Mme mo dikgosaneng tsa bana ba Iseraele ga a ka a di isetsa seatla; ba bona Modimo, mme ba a ja ba a nwa fela."
"Giteone a tla mo Joretane, a kgabaganya, ene le banna ba ba 300 ba o nang nabo, ba lapile, mme le fa go ntse jalo ba ntse ba konateletse fela."
"13DIKGANG Univesithi ya Western Cape e itsisitse fa e tlile go oketsa dituelo tsa yone ka diphesente di le robedi ngwga o o tlangBatho ba le lesome le boraro ba tlhokafetse mo dikotsing di le tharo tse di farologaneng tsa tsela kwa diprofenseng di le tharo mo diureng di le some a mabedi le bone tse di fetileng."
"lo gana go tla mo go nna gore lo bone botshelo."
"Makala otlhe a puso a tshwanetse go obamela le go itepatepanya le moono wa"
"Ke ile ka mmatla ka mmona mme ka mo itsise gore o batliwa ke ba kabo ditsha mabapi le setsha."
"Motho o tlaa bolelwa ka molemo ka fa botlhaleng jwa gagwe, mme yo o pelo e e lesoko o tlaa nyadiwa."
"Fa ngwana yo o nang le bothata jono a metsa, seedi se ka mo tsena mo makgwafong, se bo se baka nyumonia le mathata a mangwe."
"A re seo se ka kgonega fa beng ba dikgwebo tse di setseng di itshetletse ba ka ikatumetsa banana."
"Ka jalo ba utlwalela selelo sa sekole sa Boribano, se se neng se le mo letsholong la go batlela ngwana wa bone dithuso tsa bongaka, morago ga gore go lemogwe gore o lwala diphilo."
"Bokgoni ba go tswelela go dirisa puo go tlhoka gore o fumane didiriswa di le dintsi di akaretsa phonology, morphology, syntax, semantics, le tlotlontswe [vocabulary] e e tibileng. Puo e ka buiwa jaaka mo puong, kgotsa ka matsogo/diatla jaaka letshwao [ sign]. Boteng ba puo ya motho bo emetswe mo bobokong.  Le fa boteng ba puo ya motho bo na le bofelo, mongwe a ka bua kgotsa a tlhaloganya mafoko a a mmalwa a a se nang bofelo, se se itshetlegile mo moreong wa syntactic] o go tweng ke [recursion]. Sesupo se kaya gore mongwe le mongwe o na le [recursive mechanisms] tse tharo tseo di dumellelang mafoko go ba [indeterminately]. Mechanisms e me raro e ke: [relativization, complementation and coordination]. Gape, bonneteng, go na le two main guiding principles mo phitlhelelong ya puo ya ntlha, se ke, speech perception ka gale e etelela speech production le  the gradually evolving system seo ka sone bana ba ithutang puo se agiwang kgato e le nngwe ka sebaka/nako, o simolola ka pharologanyo magareng a individual phonemes."
"Mosadi mongwe le mongwe o tshwanetse go abelana ka go lekana mo bosweng . "
"Serowe o ntse o gakologelwa Khama III, Kgosi ya Bamangwato batho ba bogologolo ka ngwagakgolo lesome le boferabongwe le masome mabedi. Ka ngwaga wa 1903, o ne a thomiwa fa e le motse mogolo Serowe, Bamangwato. Gape ke lefelo la matsalo la ga Seretse Khama, motswana wa ntlha go nna Tautona wa lefathse la Botswana, le boremelelo jwa setso sa morafe wa Bangwato."
"Temothuo ke kgwetlho mme dielo tsa poelo di dinnye thata . "
"Fa go tlhokega , moranoledi a ka nna teng kwa ditheetsong . "
"Jaana Jehofa, Modimo wa Iseraele, o tloseditse Baamore boswa fa pele ga batho ba gagwe Iseraele, mme a e ka nna wena o tshwanetseng go ba rua?"
"Mokoro one wa bo o setse o le fa gare ga lewatle, o kgarakgatshiwa ke makhubu a metsi; gonne ba tlhabaganye le phefo."
"E tlaa re o sena go tlhola malatsi a le mararo, o fologe ka bonako, o tle mo felong fa o ne wa iphitlha gone fa go dirwa tiro ele, mme o nne fa lefikeng la Esele."
"wa porofense fa fela lenngwe ya mabaka a latelang le fitlheletswe:"
"Karolothuto 3.1 : Go tlhaba ditlhamane go tswa go tsebe 207 - 222 ya sephuthelwana sa go buisa ka fa morago ga buka-kaelo eno ya thuto . "
"Kabinete e tswelela go ikuela go Maaforika Borwa go enta, ka ntlha ya fa se e le sona sebetsa sa rona se se nonofileng mo ntweng kgatlhanong le COVID-19."
"Mme fa a le monnye go tshwanetse gore ba boipelego ba mo sidile maikutlo pele gore a seka a hakgamala gore ke eng mongwe wa batsadi ba gagwe a le kwa oleng teng ebile o sa nne le mmaagwe."
"Mabaka a ka baakanngwa ka go dira mo letlhomesong la TRIPS ka tiriso ya mekgwa e e farologaneng ya ditshwanelo tsa thoto . "
"NCCC e solofetse go amogela pegelo ka botlalo mo bekeng e e tlang fa e roga."
"Yo o dumelang a ba a kolobediwa, o tlaa bolokwa; yo o ganang go dumela o tlaa sekisiwa."
"Fa o ka amega mo maitsholongmabe gape , tsiboso e e kwadilweng e ka tsenngwa tirisong go tlhomamisa dikgato tse di gagametseng . "
"Utlwang, lona ba lo kgakala, se ke se dirileng; le lona ba lo fa gaufi, ipoleleng nonofo ya me."
"Mmogo , a netefatsa gore Aforikaborwa e nna temokerasi e e maatla , e e tlhaga . "
"Tshepo ya mmeletsi e a tlhokega go bona lephata la temothuo le le tsogileng le go gola . "
"Foo ga khutla tiro ya ntlo ya Modimo e e mo Jerusalema; ya khutla go ya go fitlha mo ngwageng wa bobedi wa puso ya ga Dario kgosi ya Peresia."
"Mo mmojuleng wa LITH 222 o ithutile go le gontsi ka thuto ya mefuta e e farologaneng ya mekwalo ya mmatota le e e seng ya mmatota e e dirang gore go kgonege go kwala ka ntlha ya maikaelelo a a farologaneng . "
"E setse e le ngwaga wa bo bedi mekete eno e ketekiwa re aparetswe ke leroborobo le le setlhogo le le aparetseng lefatshe lotlhe le ga jaana le setseng le fetile ka matshelo a batho ba le dimilione di le pedi le halofo mo lefatsheng.
Mekgatlho ya badumedi ga e a bolo go nna le seabe se se botlhokwa mo dikgatong tsa naga ya rona tsa go sama gana le bolwetse jono, e seng fela ka go re rapelela, mme gape le ka go tlhokomela bao ba neng ba tlhoka thuso mo ditsuatseng tsa leroborobo leno, mmogo le go fana ka dijo, marobalo le ka ditirelo tse dingwe tsa tlhokomelo ya baagi.
Tumelo e na le seabe se se botlhokwa thata mo ma tshelong a dimilionemilione tsa maAforika Borwa, e bile gape go rapela le le setlhopha ke karolo e nngwe gape e e botlhokwa thata mo tume long ya bona.
Go kgona go bokana le le phuthego ke selo se go itumelelwang sona thata fa batho, malapa le baagi ba sena go tswa mo boimeng jo bo seng kana ka sepe.
Go a tlhaloganyega gore morago ga ngwaga bakereki ba ba jarile boima jwa diki -letso tsa go ya dikerekeng gore jaanong ba na le phise gelo ya go boela dikerekeng jaaka go tlwaelegile.
Ka go tlhaloganya botlho kwa jwa batho ba naga ya rona jwa go boela dikere keng, puso e ntse e buisana le bakereki ba naga ya rona.
Baruti ba dikereke le bake reki ba tlhaloganya sentle e bile ba itse le kotsi eo e tlisi wang ke lekhubu le lengwe le le lengwe le lentšhwa la ditshwaetso tsa COVID-19 .
Fa e sale leroborobo leno le runya, dikereke di tsere dikgato tse di bolokesegileng go fokotsa go anama ga bo lwetse jono mo bakereking ba tsona.
Enngwe ya dintlha tse di botlhokwa thata ke gore mo dikgatong tse di farologa neng tsa dikiletso, dikereke di nnile le tatlhegelo e ntsi thata ya ditšhelete e e ka dirang gore di feletse di tswaletse ruri. Re le puso re santse re eme ka le le reng re tla tshwarisana joko eno le bakereki gore re bontshane ditharabololo tse di mosola.Le fa go le jalo, boitekanelo le pabalesego ya baagi ke selo se re tshwanetseng go se tseela tlhogong.
Bakereki ba tlile ka maano le ditharabololo mo ntlheng ya go tshwara dikereke mo nakong ya fa re ne re sa tlhole re itse gore a re a ya kgotsa re a boa ka leroborobo leno.
Dikereke di ne di tshwariwa ka inthanete mme bakereki ba ne ba rotloediwa go rapela kwa malapeng a bona go na le go tla go rapela kwa dike rekeng. Seno se nnile mosola thata mo dikgatong tsa ka fa nageng tsa go thibela go anama ga bolwetse jono.
Baruti ba nnile le seabe se se botlhokwa thata mo go rotloetseng baagi go ikobela ditaolelo tsa boitekanelo mo mererong e e botlhokwa ya poloko le mo meletlong ya setso.
Go fela jaalo le ka baagi ba naga ya rona ka ba diraga ditse maikano a bona a go ikobela ditaolelo tsa boite kanelo le tsa go katogana.
E bile ba itse sentle gore ba tshwanetse go tswelela go itlhokomolosa go kopanela mo go nyeumang ka batho.
Jaanong re mo nakong eo motho a tshwanetseng go itlhokomela thata. Lerobo robo la Mogare wa Corona le santse le re aparetse, mo nageng ya rona le mo lefa tsheng ka bophara. Kgona galo ya gore re welwe ke lekhubu la boraro e teng ya tshela.
Maitemogelo a rona go tswa mo dinageng tsa boditšhabatšhaba ke gore ga re a tshwanela go kgotlha motshitshi wa dinotshe.
Dinaga di le dintsi di ne tsa repisa dikgatokiletso tsa tsona, fela tsa lelela kgama le mogogorwane ka go iphi tlhela di le ka fa gare ga ditshwaetso tse di runyang sešwa, mme tsa iphitlhela di busetsa sekeng dikgatoki letso tse di bogale go gaisa tsa mo nakong e e fetileng.
Dikopano tsa go ikentsha bodutu tse di nang le tholo gelo ya batho ba bantsi, e ka tswa e le tsa dikereke kgotsa tsa mefuta e mengwe, di na le kotsi ya go ka gasa mogare, le fa e le gore go ikobelwa ditaolelo tsa boitekanelo tsa go katogana le go itsikitletsa ka sebolayamegare.
Dimilione tsa maAforika Borwa di ntse di obamela tumelo e e botlhokwa ya tumelo ya bona. Mo nageng eo re tlotlomatsang tshwa nelo ya batho ya kgolole sego ya ditumelo tsa bona, re tshwanetse go tsaya matsapa otlhe go tshegetsa batho ba naga ya rona gore ba keteke tshwanelo eno. Mme fa ba keteka tshwanelo eno ba tshwanetse go netefatsa gore ga ba tsenye mo kotsing di tshwanelo kgotsa matshelo a batho ba bangwe.
Eno ke ntlha e baruti ba dikereke ba ke kopaneng le bona ba dumelanang le nna ka yona. Ba tlhaloganya mai karabelo a bakereki botlhe ba a jarileng mo magetleng a bona – ao boammaruri a ja rilweng ke maAforika Borwa otlhe – a go ikobela ditaolelo tse di leng mo tirisong tsa go boloka boitekanelo le ma tshelo a batho.