title
stringlengths
1
82
text
stringlengths
565
8.03k
orig_label
stringclasses
10 values
label
int64
0
9
Pilikwe le Mhalapitsa ba ngongorega ka ba kabo ditsha
Ba supile ba lephata la kabo ditsha la Sefhare ka monwana ba re go na le madiadia a ba sa itseng se se a bakang. E rile ba itekodisa mopalamente, Dr Kesitegile Gobotswang, banni ba tlhalosa fa ditsha tsa metse, masimo le dikgwebo di eme tsi! Kgosi Gasebalwe Seretse wa Pilikwe a re e setse e le ngwaga wa botlhano ba sa bewe ditsha, a re fa ba latedisa dikgang tse, ba tlhalosediwa fa seo se bakwa ke tiego ya mealo ya lefatshe. A re tiego eo, e dia metse go gola, go tlhabologa le gone go letla banana go simolola dikgwebo tse di neng di ka ba tshetsa tsa lenaneo la YDF. A re ka ba le mo tshekamelong ya Palapye ba eletsa go ipona ba godile fela jaaka metse e e akolang ditlhabologo tsa metse e e golang jaaka Palapye. O supile fa ba lekgotla la kabo ditsha ba sena morero le dikgosi tsa metse e ba bayang mo go yone, seo se bo se dira gore ba felele ba tlhatlaganya dipeo. Rre Seretse o kopile mopalamente go ba lebalebisa baitseanape ba ba ka thusang ka mealo, go ipaakanyetsa go gola ga ditlhabololo tsa Pilikwe, gore le bone ba kgone go akola tshologelo ya babeeletsi ba dikgwebo tse di ka godisang tsa bo tsa tlhabolola motse go tshwana le boTlokweng. Kgosi Seretse o buile gape ka tsela ya Pilikwe-Radisele, ofisi ya sepodisi, dikago tse di onetseng tsa sekole se segolwane sa Radisele, le gore gongwe nako e tsile ya go agelwe sekole se segolo mo kgaolong, a re gape ba tlhokana le sekole sa ithutelo tiro ya diatla. A re ba tshwentswe ke dituelo tsa metsi tse di kwa godimo, tse ba koporase ya metsi ba sa kgoneng go tlhalosa gore di bakwa ke eng. Kgaogo ya motlakase kgapetsakgapetsa kwa Pilikwe le Mhalapitsa le yone e ne ya supiwa e le setlhabi. Kgosi Seretse o kopile go laolwa ga metsi a pula gore a ye kwa tamong e e ka kgonang go ba nosa le leruo. Banni ba kaile fa bangwe go twe ba duele bo P4 000 mme motho a se na ditlhare kana leruo le le nosiwang mo lapeng. Ba re ba tshoga gore tlaa felela ba kgolelwa metsi. Metse eo ka bobedi e ne ya supa fa e lebogela ditiro tse di weditsweng tsa ditlhabololo ka lenaneo la madi a dikgaolo a P10 million, mme gape ba supa tse ba di tlhokang go tlhabolola metse. Ba re puso e maoto a tshupa go baakanya dikago tsa dikokelwana le dikole, di bo di lopa madi a mantsi fa di setse di tla go baakanngwa. Ba ngongoregetse gape beng ba dikonteraka ba ba tlogelang ba sa wetsa tiro. Dr Gobotswang o ne a itebaganya le tiriso ya madi a dikgaolo, tshekatsheko ya ISPAAD, a bo a supa keletso ya go kopanela dikgang le dikomiti tse di maleba ga mmogo le borara kwa bothokong pele a ka di rola mo kgotleng. A re tlhaelo ya metsi kwa kgaolong ya Sefhare/Rampokgonami e ngomola pelo, mme a re maikaelelo ke gore gongwe go itebaganngwe le kgang ya metsi ka P10 million wa kgaolo go na le go a tsutlaganya. Tsela ya Pilikwe-Radisele a re o ne a latedisa le lephata la dipalamo le ditlhaeletsanyo le le supileng fa mealo le tsotlhe tse di tlhokegang di dirilwe mme go sena madi a go e tsweledisa jaaka gone go akantswe. A re tiego eo le ene e mo tshwentse mme o beile tshepho ya gagwe mo tshekatshekong ya setlha se se fa gare sa madi a puso. Review) gore gongwe sengwe se ka bonala go e tsweledisa. Fa a tsibogela kabo ya lefatshe akanyetsa gore gongwe e re le ajwa go dirwe jaaka kwa Tlokweng go seegelwe fa thoko ditsha tse e leng tsa Batlokwa fela.
society
9
Tona o kopa banana go bula dikgwebo
Tona wa Lephata la Banana, Metshameko le Ngwao, Rre Shaw Kgathi o kopile banana go dirisa sebaka se ba se filweng ke puso go tsena mananeo a go itshetsa ka go ipulela dikgwebo. O buile jalo kwa diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya Maunatlala le Seolwane bosheng.A re ba lemogile fa bontsi jwa banana mo dikgaolong dingwe ba sa tsibogele mananeo a ba a diretsweng a go ipulela dikgwebo. O boletse fa puso e ntshitse madi a selekanyo sa didikadike di le pedi go dirisiwa ke banana ba kgaolo ya Tswapong bokone. O tlhalositse fa monana yo o nang le kgatlhego ya go bula kgwebo a ka fiwa madi a selekanyo sa P100 000 mme mo mading ao, a bo a ka busa fela P50 000. Tona Kgathi a re go utlwisa botlhoko ka fa banana ba tsibogelang mananeo a bone a itshetso ka ba se na mabaka ape a a utlwalang, a a ba kgoreletsang. O tlhalositse fa dipampiri tse di tladiwang ke banana fa ba ikopela go bula dikgwebo, di le motlhofo ka di kgona go tlatswa ke monana mongwe le mongwe. A re se monana a tshwanelwang ke go se dira ke go akanya gore kgwebo o ka dira efe e a ka thusiwang ka madi a go e bula. Rre Kgathi o ntshitse matshwenyego a gore go na le banana bangwe ba ba nang le keletso le bokgoni jwa go ka bula dikgwebo mme ba bereka mo lenaneong la Ipelegeng ntswa lenaneo le e se la sennelaruri. Ka jalo Rre Kgathi, yo e bileng e le mopalamente wa Bobirwa, o ne a rotloetsa banana ba ba nang le kgatlhego ya go bula dikgwebo go ikopanya le diofisi tsa banana go ikopela go bula dikgwebo. O ne a kopa ba ofisi ya banana go thusa banana ba ba nang le keletso ya go bula dikgwebo ka botswapelo. Le fa go ntse jalo banana ba ne ba bolela fa ba tsenelela mananeo a bone a go itshetsa mme go na le dilo dingwe tse di tlhokafalang mme di ba kgoba marapo. Ba file dikai tsa go tlhoka ditsha.
economy_business_and_finance
3
Batshu o iteela kereke ya Eloyi legofi
Tona wa lephata la merero ya setshaba, boagedi le tsa bong, Rre Edwin Batshu o lebogetse kereke ya Eloyi go sala morago molao o o laolang dikereke. Fa a bua ka letsatsi la paseka le le neng le tshwerwe kwa motseng wa Tsetsebjwe bosheng, Rre Batshu o lebogetse seabe sa dikereke mme a tlhalosa fa puso e sa jesiwe diwelang ke dikereke tse di sa obameleng molao oo laolang dikereke. A re puso e tshwenyegile fela thata ka gore dikereke dingwe di ja Batswana ntsoma mme ba sale ba sena sepe se ba ka tshetsang ba malwapa a bone ka sone. Go sireletsa kagiso le thokgamo ya lefatshe, puso e ile ya tsaya tshwetso ya go dupa dibuka tsa dikereke go bona gore a ga di je Batswana ntsoma. A re puso e kopile dikereke go tsisa maina a maloko a bone, a re le fa go ntse jalo ga se dikereke tsotlhe tse di tsisitseng bosupi jwa tsone. A re dikereke tse 1 946 di supile fa di na le maloko a le 681 087, mme a rotloetsa dikereke tse di sa tsisang bosupi jwa tsone go dira jalo. A re puso e tshwentswe gape ke go tlhoka kutlwisisanyo mo dikereng mo go bakang gore dikereke di thubege, mme ba ba amegileng ba bo ba itlhamela tsa bone. A re puso e ile ya tsaya tshwetso ya go oketsa boloko jwa dikereke go tswa mo go lesome go ya kwa go 150. O kopile maloko a dikereke go sala molao motheo wa dikereke tsa bone, ga mmogo le go tlotla boeteledipele jwa bone, mme a rotloetsa dikereke tsa semowa go inaakanya le lekgotla la OAIC le le tsamaisang dikereke tsa sebopego seo. A re puso ya lefatshe leno, e ya go tswelela e beile dikereke leitlho, e le tsela ya go somarela kagiso le thokgamo tse lefatshe leno le itsegeng ka tsone. A re go na le dikereke tse di tlang ka ditumelo tse di kgatlhanong le ngwao le setho sa Batswana, a re dikereke dingwe mo mafatsheng a mabapi di jesa batho dilo tse di sisimosang mmele jaaka dinoga. Rre Batshu a re lephata la gagwe le filwe boikarabelo jwa go kwadisa matsalo, dintsho ga mmogo le ditlhalano. A re lephata la gagwe le tshwenyegile thata ka dipalo tse di golelang pele tsa ditlhalano, a tlhalosa fa dikereke dingwe di thuba malwapa. O rotloeditse setshaba gore ba ba iseng ba tsene mo lenyalong ba ikakanye pele, gore ba kgone ba tlhaloganye gore lenyalo go tewa eng. Mabapi le ofisi ya omang, a re ofisi eo e solofetse dikarata tse dintsi tsa omang go fela monongwaga, ka jalo ba rotloetsa setshaba go shafatsa omang go santse go setse dikgwedi tse thataro go itsa mosuke ko diofising tsa Omang. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa kereke Moruti Sekai Jakoba o lebogetse tona Batshu go etela kereke ya Eloyi. A re kereke ya gagwe e tla tswelela e ema puso nokeng le go tlotla molao o o tsamaisang dikereke. O lebogetse maloko a kereke ya Eloyi go bo ba ile ba kgona go tla pasekeng kwa Tsetsebjwe kwa ba kopanelang teng nako le nako ka nako ya paseka.
religion_and_belief
8
Tsibogelang letshololo mo baneng - modulasetilo
Modulasetilo wa komiti ya botsogo kwa Kudumatse, Mme Ketsietswe Kootswetse o gakolotse batsadi go potlakela ba bongaka fa ngwana a na le letshololo, ka se se ka dibela dintsho tse di bakwang ke letshololo mo maseeng. E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Kootswetse a tlhalosa gore bolwetse jwa letshololo ke bongwe jwa malwetse a a tlwaelesegileng mo lefatsheng ka bophara, e bile bolwetse jo ke bongwe jwa malwetse a a tsweletseng ka go gapa matshelo a bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga botlhano. A re fa ngwana a tlhokafala a bolawa ke letshololo o a bo a latlhegetswe ke metsi le matswai mo mmeleng, ka jalo batsadi ba tshwanetse go tsiboga fa ngwana a simolola go tsholola. Mme Kootswetse a re kalafi ya letshololo e teng mo dikokelong, sebe sa phiri ke gore batsadi ba maoto a tshupa go tsibogela bolwetse, a tlatsa ka go re bangwe ba epa ditlhare tsa Setswana go siela ngwana, a supa seo gore se ka se thuse sepe. A re motswako wa letshololo o teng go alafa ba ba amilweng ke letshololo ka o busetsa metsi le matswai mo mmeleng. “Ba kokelo gangwe le gape ba abela bangwana pilisi e e emisang letshololo e e bidiwang Zinc Sulphate, pilisi eo e botlhokwa fela,” a tlhalosa. Le fa go ntse jalo, mme Kootswetse a re komiti ya gagwe e tle e tsamaye le motse e ruta ka letshololo, mme a re ba ruta banni gore fa ba ka lemoga fa ngwana a ithoma mantle a a metsi gararo kana go feta foo mo letsatsing ba tshwanetse ba tsaya kgato ya go isa ngwana kokelong. A re o gokalola banni gore ba tshware dijo tsa bana sentle ka gore letshololo le bakwa ke megare e ngwana a e ejang mo dijong kana go nwa metsi a a kgotlelesegileng. “Gape letshololo le ka bakwa ke go tlhaela dikotla, mmokwane gammogo le letshoroma,” a tlhalosa. O kgothatsa setshaba gore ba seka ba nwa metsi le go ja dijo tse di kgotlelesegileng,cgape a re go tlhapa diatla ka molora le metsi a a phepa go botlhokwa ka go fokotsa kanamo ya megare. “Re tshwanetse go tlhaloganya gore mafele le dintsi le tsone di ka anamisa letshololo ka go tsaya megare mo mantleng di a isa kwa dijong, ka jalo bolwetse joo bo tswa mothong go ya kwa go yo mongwe fela jaana,” a bua jalo Mme Kootswetse. O gakolola banni gore metsi a pompo ga a a siemela go nowa ke ngwana mme a tshwanetse a bedisiwe pele e bile go dirisiwa dilwana tse di phepa, le gone a tshwanetse go nna a khurumetswe go itsa megare go tsena mo teng. Mme Kootswetse a re batsadi ba seka ba siela ngwana tee kana dino tsididi fa a tsholola ka gore di na le sukiri e e ka okeletsang ngwana letshololo, bogolo fa ngwana a fiwe kotla ya Zinc Sulphate ka e le botlhokwa mo itshireletsong ya mmele. A re batho ba seka ba reka melemo ya letshololo kwa marekisetsong a melemo ba sa laelwa ke ba bongaka. Source:Author:Location:Date:more news »Main LinksNetworksSocial NetworkUseful LinksServicesContacts
health
6
Ba lela ka koparase ya metsi
Makhanselara a kgaolo potlana ya Boteti ba lela ka koparase ya metse ya Water Utilities Cooperation (WUC) ba re ga ba kgotsofalele ditirelo tsa bone tsa go siela metse ya bone metsi. Makhanselara ba ntshitse selelo se sa bone kwa tshimolodisong ya Khansele potlana ya Boteti kwa Letlhakane ka Mosupologo. Ba re koparase e ga e na therisano le setshaba ka jaana le fa go sena metsi kana go na le mathata mangwe a a amanang le metse ba sa begele setshaba. Ba ne gape ba supa fa ba ngongoregela tiego ya go gokelela batho metsi mo malwapeng mo bareng bangwe ba na le dingwaga di le dintsi ba kopile go gokelelwa metsi le gompieno ba eme fela. Ba supile fa gape ba tshwengwa ke seemo sa go senyega ga diponpo tsa metsi tse di mo mokgwatlheng mme ba tsaya sebaka go di baakanya.bare dipompo tse ga di a agelelwa mo go dirang gore diphologolo di di robe. Makhanselara ba re ba tshwengwa ke tlhaelo ya metsi mo bangawe ba bone ba reng kwa metseng ya bone ba kgona go tlhoka metsi selekanyo sa beke ka na go feta, mme morafe o sa rerisiwa gore mathata keng.Ba re fa gongwe le fa ba gelelelwa ka dikoloi ga go dirwe ka fatshwanelong ka jaana batho ba ba kgakala le ditanka tsa metsi basa kgone go bona metsi. Ba ne gape ba supa fa koparase ya metsi e palelwa ke go baakanya diphaephe tsa metsi ba tlhalosa fa metsi a dutla gongwe le gongwe e bile go tsaya lebaka go sa baakangwe. Ba supile fa ba tshwengwa ke kgang ya gore batho ba ditsha tse disha go bo gotwe ga ba mo moalong wa go gokelelwe metsi, go lo mo ba reng go kgoreletsa batho go aga ditsha tsa bone. Mokhanselara wa kgaolo ya Xhumo/Mmadikola Rre Elijah Motsamai a re ba batla gore ba bontshiwe mananeo a a dirwang mo kgaolong e seng go a bolelelwa ka molomo fela. Rre Motsamai a re go sale go gokelwa dipompo tsa metsi kwa kgotleng ya Sekgopane metsi ga a goroge . Mokhanselara wa kgaolo ya Letlhakane bophirima Mme Thato Modirwagale o supile fa madi a kgogo ya metsi a a leswe a P1500 go leturu e bile go kokonela banni ba kgaolo ya Boteti. A botsa gore madi a teng a duelo jang.O tsweletse a re banni ba kgotla ya Phrase 2 Extension ga ba na metse a re ba gelela metsi kgakala ,a ba kopela gore ba tsenyediwe ponpo gaufi. Mokhanselara wa kgaolo ya Metsiaela Rre Boitshwarelo Mopedi e ne o ne a supa fa madi a go gokela metsi a P2000 a le mantsi ,a tlhalosa fa e se motswana mongwe le mongwe yo ka a kgonang. Rre Mopedi a re banni mangwe ba kgaolo ya gagwe ke ba ba senang dijarata ka jalo ga ba kgone go direlwa ditshitswana tse di rekang metsi. E rile a ba kgwa dikgaba Mogolwane wa Koporase ya Metsi WUC Rre Enocent Lenard a kopa Makhanselara gore ba dirisane le ene ,a re o lemogile gore tota ba ntse ba sa dire sentle ka gore tiro ya bone ya go tsaya metsi mo motseng ga e a ka ya nna motlhofo ba ne ba kopana le dikgwetlo. Rre Lenard a re kgang ya dipompo tsa mekgwatlheng ba file morafe boikarabelo jwa go di tlhokomela gore ba lemoge gore ke tsa bone. Ka kgang ya dituelo tsa go gokela metsi a re puso e ntshitse bontlha bongwe jwa madi go tlhogofaletsa setshaba .Mo kgannyeng ya tiego ya go gokela metsi mo malwapeng o supile fa mo nakong eno mochine o o epang o le kwa Rakops go dira tiro ya go na jalo a re o tla tsamaya le metse e mengwe. O bile a ba tlhalosetsa fa a le mo thulaganyong ya go tsamaya le metse ya kgaolo ya Boteti a tshwara diphuthego.Mo kgannyeng ya Sekgophane o ne a solofetsa fa a tla e sala morago. O ne gape a re tlhwatlhwa tsa kgogo ya metsi a leswe di ko godimo ka lebaka la gore ga ba na matlamo a ba tshela mo go o ne ba isa kwa Serowe kana Francitown. BOKHUTLO
politics
7
Mogwebi o gwetlha banana go itlhamela ditiro
E re ka lefatshe leno le lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la ditiro mo bananeng, monana wa kompone ya Negust Holdings PTY. LTD kwa Maun o gwetlhile banana go itlhamela ditiro le go nna pelotelele mo dikgwebong tsa bone. Mo potsolotsong le lekalana la BOPA bosheng, Rre Ompatile Molefhe e leng monana wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabongwe yo o gwebang ka go rekisa maranyane a inthanete ke gore “internet cafe” ka sekgowa, go ntsifatsa meriti ya dipampiri, go baakanya le go rekisa dikhompiutara o ne a bona go le maleba gore a itshimololele kgwebo ya gagwe ka a ne a bona go sena tiro epe e a e bonang fa a sena go fetsa sekole sa gagwe. Ka mokodue go tsosiwa o o itsosang, Rre Molefe o gwetlhile banana fa puso e phutholotse letsogo ka jalo go le mo maruding a bone go inaakanya le mananeo a puso a tshwana le la Youth Development Fund gore ba fiwe ledi go itlhamela ditiro. O supile fa a simolotse kgwebo ya gagwe ka matsana a a neng a a kgobokanya ka go tlhatswetsa batho dikoloi mme a simolola ka go reka khompiutara e le nngwe, e a neng a e dirisa go kokotletsa go reka tse dingwe go fitlhela kgwebo ya gagwe e nna e atologa e nna le tsotlhe didiriswa tse a di tlhokang. A re ka go bo a dira ka botswerere, botswapelo le bonokopila, kgwebo ya gagwe e dira sentle fela thata ka e bile e na le lekalana le lengwe kwa Letlhakane, mme a ikaelela gore e aname le dikgaolo tsotlhe tsa lefatshe leno. Rre Molefe a re banana ba dirise dikitso tse ba di ithutileng kwa dikoleng tsa ithutelo ditiro go tlhama mebereko ka seo se ka sologela dikgwebo tsa bone molemo. A re banana ba ikitee sehuba fa ba simolola dikgwebo tsa bone gore di seka tsa felela di phutlhame. “Go nna mogwebi ga se selo se se motlhofo mme o tshwanetse wa nna o le malala a laotswe go emelelana le seemo sengwe le sengwe se se ka tlang se lebagane kgwebo, go na le nako e kgwebo e ka sekeng e dire letseno sentle, mme fa o le mogwebi ga o a tshwanela go ineela ” ga bua Rre Molefe. A re kgwebo ya gagwe e setse e thapile banana ba le boferabongwe mme e bile o setse a ikaegile ka yone botshelo jwa gagwe botlhe go mo tshetsa. Rre Molefe a re se sengwe gape se se ka dirang gore kgwebo gore e tswelele ke go somarela letseno lengwe la yone ka go le dirisa sentle gore e re motlhang kgwebo e sa dire letseno e kgone go itsetsepela. A re go tshwara babereki sentle mo kgwebong ka go ba duela ka nako, bophepa le fa baji-bareki monyenyo mo kgwebong ke selo se se botlhokwa fela thata ka go godisa kgwebo. O kgothaditse banana gore ba seka ba itlhaganelela go reka dikoloi tsa madimadi ka matseno a dikgwebo ka seo se ka felela se dira gore e phutlhame. BOPA
economy_business_and_finance
3
Ba Mokgware, Mogome, Radisele ngongorega ka ditsheko
Banni ba metse ya Mokgware, Mogome le Radisele mo kgaolong ya Legareba kgadile molao o o letlelelang ditsheko tsa bogodu jwa loruo go sekelwa kwa makgotleng a bommakaseterata go na le mo makgotleng a Setswana. E rile ba akgela mo diphuthegong tsa kgotla bosheng, tse di neng di buisiwa ke modulasetilo wa mokgatlho wa BIRRO , Rre Mothei Sejakgomo, ba bolela fa go sekelwa ga loruo kwa makgotleng a bommakaseterata go neela magodu sebaka sa go hira kana go thapa babueledi ba go bolelwang ba dirisa maretshwa go tsietsa beng ba dikgomo. Ba re e le barui ba kgomo ba eletsa ditsheko tsa loruo di ka sekelwa mo makgotleng a Setswana ka jaana beng ba dikgomo ba tlaa kgona go tlhalosa matshwao le ditshipi tsa bone gammogo le mebala ya dikgomo ba sa gatelelwe jaaka kwa makgotleng a bommakaseterata kwa go dirisiwang sekgowa teng. Ba ne ba tlhalosetsa Rre Sejakgomo fa ditsheko tsa bogodu jwa loruo kwa makgotleng a bommakaseterata di tsaya lobaka go sekwa, mo go dirang gore ka dinako dingwe bosupi bo nyelele, mme seo se dire gore beng ba loruo ba latlhegelwe ke tsheko ntateng ya go nyelela ga bosupi. Dingwe tse banni ba ngongoregileng ka tsone ke go tlhoka tirisano mmogo fa gare ga mapodisi le batho ba ba ba lomang tsebe ka jaana ka dinako dingwe ba gomagomediwa go itewa ke babelaelwa ntateng ya go ntsha sephiri ga mapodisi. Rre Sejakgomo o boletse mo diphuthegong tseo fa mmuso jaanong o sa tlhole o letlelela ditsheko tsa loruo go sekelwa kwa makgotleng a Setswana ka jaana ka dinako dingwe magodu a dirisa dibetsa tse di borai jaaka ditlhobolo le dilepe go amoga batho loruo lwa bone. Rre Sejakgomo a re go oketsega ga dikgwebo tsa diselaga jaanong go dirile gore bogodu jwa loruo bo golele pele mo e bileng bangwe ba dirisa dibetsa tse di borai go amoga batho dithoto. O kopile batho ba metse eo le meraka e e mo tikologong go tshwaraganela tiro ya go lwantsha bogodu jwa loruo le mapodisi a bo a ba rotloetsa go ya merakeng kgapetsakgapetsa ka jaana badisa bangwe ba ka nna ba tsenwa ke tlhaloganyo ya go itirisetsa dikgomo tsa bahiri. BOPA
crime_law_and_justice
1
Modikwa o abela dikolo ditlhare
Mme Julia Modikwa wa kgotlana ya Borotsi mo Bobonong o boloditse letsholo la go abela dikole tsa motse oo ditlhare tsa maungo,moriti le mekgabisa. O boletse mo puisanong le BOPA fa a setse a abetse dikole tse dipotlana tsa Bobonong ditlhare di le masome a mararo le bosupa.A re o abetse sekole sa Borotsi ditlhare di ferabongwe,sekole sa Mabumahibidu di le lesome le motso fa sa Madikwe a se abetse di le lesome le bosupa. Mme Modikwa a re mo letsholong la gagwe la go aba ditlhare o, tlaa tswelela a abela dikole tse dingwe tsa Bobonong le tse dingwe tse di mo metseng ya Bobirwa.O tlhalositse fa a tlaa atolosa letsholo la gagwe la go aba ditlhare ka go abela maphata a puso ka go farologana. Le fa go ntse jalo, Mme Modikwa o tlhalositse fa a le mogwebi yo mmotlana wa temo ya ditlhare tsa moriti,maungo le mekgabisa. Mme Modikwa yo gape e leng mokgothatsi, a re lerato la temo ya ditlhare le ntse le agile mo go ene go tswa bonnyeng jwa gagwe ka e bile temo ya ditlhare e le di ya thoteng di bapile le motho yoo nang le lerato mo setshabeng. O tlhalositse fa toro ya gagwe ya go ipona a fetogile molemi wa mogwebi ka ditlhare e fetogile nnete ka a setse a na le tshingwana ya ditlhare ka go farologana mo lelwapeng la gagwe.Mme Modikwa a re ba lephata la dikgwa le tikologo mo Bobonong ba mo thusa ka dithuso ka go farologana selo se se dirang gore kgwebo ya gagwe e itshetlele. A re kgwebo ya gagwe, e setse e kgona go tlamela le go tshedisa ba lelwapa la gagwe. O boletse fa a na le maikaelelo a go kopa dithuso mo makalaneng a puso go godisa kgwebo ya gagwe. Mme Modikwa o tlhalositse fa e le mme yo o sa tsewang mme a gakolola bomme jaaka ene go ikemela ka dinao go dira ka matsogo gammogo le go dirisa mananeo a puo e a ntshitseng a nyeletso lehuma go tlhokomela malwapa a bone.
education
4
Basimane ba bolailwe ke metsi
Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone basimane ba le babedi ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le bone le lesome le borataro ba Goshwe ba neng ba betwa ke metsi morago ga gore ba wele mo molwatswaneng. Mogolwane wa mapodisi a Tutume, Superintendent Jerry Halahala a re begetswe tiragalo eo ka Matlhatso ka nako ya botlhano maitseboa. Supt Halahala o tlhalositse fa ba ne ba thusana le ba sesole go ntsha bana bao mo metsing, morago ba ba ragosetsa kwa kokelong ya Tutume kwa go tlhomamisitsweng fa ba tlhokafetse. A re ba santse ba le mo ditlhotlhomisong go leka go batla se se ka tswang se diragetse gore bana bao ba felele ba wetswe ke seru. O ne a supa fa ka letsatsi leo pula e ne e nele thata mme dinoka di ne di tletse. Supt Halahala o ikuetse mo batsading go tlhokomela bana le go ela tlhoko metsamao ya bone segolo jang ka nako dipula ka jaana bana ba rata go tshamekela mo metsing mme se, se le borai mo matshelong a bone. BOKHUTLO
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Tonto tshipidi: Motheo wa thuto
Mogolwane wa thuto go tswa kwa moding mo Mahalapye a re lenaneo la go tsamaisa banana tonto-tshipidi pele ga ba simolola lokwalo lwa ntlha kwa dikoleng tse dipotlana le turu e bile le tlhoka ditlamelo tse di faphegileng. Mme Onkemetse Letsatle o buile jalo bosheng jaaka sekole se sebotlana sa Mahalapye se ne se alosa bana ba le masome a supa le boraro, ba ba ntseng ba tlwaediwa sekole ka fa tlase ga lenaneo la tonto-tshipidi. A re go botlhokwa go fa ngwana motheo wa thuto a sa le mmotlana. Ka jalo Mme Letsatle a re o lebogela seabe sa batsadi, bagwebi le setshaba ka kakaretso mo go thuseng ka didirisiwa tsa go ruta bana ba. O supile gape gore bana ba dingwaga tse di kwa tlase ba thata go tshwara se ba se rutwang, ka jalo morutabana o tlhoka go nna pelotelele le boineelo. Mme Letsatle a re barutabana ba tonto-tshipidi ba tshwaragane le namane e tona ya ditiro ka ba patelesega go abela ngwana tiro ba lebeletse bokgoni jwa gagwe. A re bana ba bannye ba tlhoka go tshwara sentle, ba kaelwa ke motho a sa fele pelo, a tlatsa ka go re ba ithuta botoka ka go tshameka, ka jalo o lebogela botlhe ba ba nnile le seabe go thusa sekolo ka ditlamelo tse. Mme Letsatle o kopile batsadi go tshwaraganela bana le barutabana ka go ba ruta tse di molemo tse di ka ba thusang mo dithutong. A re lelwapa le le senang kagiso le tsamaiso e e lolameng le busetsa maiteko a a dirwang ke barutabana kwa morago. Mogokgo Gaothophe Moilwa a re sekole se mo ngwageng wa bobedi se ntse se amogela bana ka lenaneo la go tlwaetsa bana tikologo ya sekole le go ba tsamaisa tonto-tshipidi. Mme Moilwa o lebogile puso go simolodisa lenaneo le, a supa fa batsadi bangwe ba sa kgone go duelela bana kwa dikolong tsa bananyana tse di ikemetseng. A re lenaneo le, le botlhokwa ka gore le suga bana le go ba tlwaetsa tikologo ya sekole. Mme Moilwa a re kwa tshimologong ya lenaneo le ngogola, ba thusitswe ke batsadi go reka ditilo tsa bana, a tlatsa ka go re ba khamphani ya Botswana Railways, ba thusitse ka go shafatsa matlwana a mabedi a a rutelang bana ba, go kgabisa matlwana a le go reka didirisiwa tse dingwe tsa botlhokwa. Le fa gone lenaneo le tsweletse sentle, mogokgo o supile fa ba sena barutabana ba ba rutetsweng go ruta bana ba. O akgotse barutabana ba ba rutang bana mo nakong eno, ka ba dira tiro ya bone ka boineelo le lorato. A re batsadi le bone ba dirile go utlwala go thusa mo thutong ya bana ba bone. O supile gore ka thotloetso ya batsadi, e ne ya re bosheng bana bao ba tsaya mosepele wa go ithuta le go ja nala ba etela mafelo a le mmalwa kwa toropong kgolo ya Gaborone. Le fa go ntse jalo, Mme Moilwa o tshwenngwa ke gore batsadi ba ba mo tikologng ya sekole ba maoto a tshupa go kwadisa bana. A re dipalo tsa bana ka bontsi ke tsa ba ba tswang kgakala le sekole se, ka jalo batsadi ba bone ba ba fudusetsa kwa dikolong tse di gaufi le malwapa a bone mme se se kgoreletse bana go tswelela ba le mmogo. BOKHUTLO
society
9
Maleho o itshetsa ka dikoko
lick to see more pictures Thuo ya dikoko tsa nama e na le mosola thata fa motho a na le bokgoni le maikarabelo kgotsa lorato mo go yone. Monana wa Shakawe, Rre Muzumbi Maleho ke sekao sa gore kgwebo e e ka dira sentle fa motho a tsentse marapo dinameng. O tlhalosa gore ka dilo e le makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe, e rile a sale mmotlana a eletsa kgwebo e ka rre rraagwe e ne e le morui wa dikoko.E rile magolong a gagwe a rwala ditlhako a bona gore a dirise mananeo a puso go tsholetsa seriti sa gagwe mo botshelong. A tabogela fa ofising ya banana mo motseng mme a dira tsotlhe tse di tlhokafalang gore a kgone a simolole kgwebo ya gagwe. O tlhalosa gore ka a ne a na le maikaelelo, toro ya gagwe a e kgona ka lephata la banana, metshameko le ngwao le ne la mo neela P99 000. Ka a ne a na le lefelo le a le filweng ke rre rraagwe go ile ga nna motlhofo go simolola kgwebo e. Gompieno o na le dikokwana tse di fetang sekete. Kwa matlhabelong a gagwe o na le matlo a le mararo, e nngwe ke e e bayang dikokwana, fa tse dingwe e le tse di setseng di godile.O setse a na le batho ba a ba thapileng ba le bararo mme fa nako ya go tlhaba e goroga o thapa ba roba bobedi go thusa. Ka kgwedi o gola P30 000. Ka a se na sebaka o na le batho ba e leng gore ke bone barotloetsi ba ba mo thusang. O tlhalosa gape gore gangwe le gape fa go na le mediro e metona ya puso mo kgaolong ba a tle ba reke nama mo go ene. Koko ya gagwe e le nngwe e tsamaya ka masome a mane a dipula go ya kwa godimo, mme a re ga a ture ka a akanyetsa batho. O tlhalosa gore o ipapatsa le kwa dioteleng gore kgwebo ya gagwe e gole. Kwa sekoleng se segolwane sa Shakawe nama ya koko go rena ya hoko ya gagwe, mme o tlhalosa gape gore le ba madirelo a dijo ba a mo etleetsa ga mmogo le batho ba motse. Go bo kgwebo ya gagwe e tsweletse, o tlhalosa gore ofisi ya banana e a tle e mo thuse ka thutopuisanyo ya tsa kgwebo. O tlhalosa gore go dira kgwebo ya mofuta o go batla motho a nna fa tlase ga yone, le gone a itse go e tlhokomela, le gone go fa dikoko fa dijo sentle.Nako ya fa dikoko di fela o nna mo tsietsing ka a re o di reka bokgakala jwa Francistown, mme ka a setse a utlwile monate wa madi ga a ipone tsapa go di latela. Se sengwe ke lone lefelo ka a re le mo motseng, ka jalo dikoloi di kgona go tshosa dikokwana ka modumo mme di felele di sule.O tlhalosa gore, gore monana jaaka ene a kgone go tsamaisa kgwebo e tshwana le e, o tshwanetse go ititaya sehuba ka gore go a berekwa ga go tshamekwe. A re fa motho a nna fa fatshe le yone kgwebo e a phutlhama. A re e rile a simolola kgwebo o ne a sa bone dipoelo, gape dikoko di le dintsi di swa, mme se ga se a mo ema pele. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Letlhoko la dipalamo le tokafetse
Seemo se se tswang kgakala se sa robatse banni ba Matlhako kwa Tswapong sa letlhoko la dipalamo tsa setshaba se bolelwa se tokafetse ka jaanong go na le dipalamo tsa setshaba di le pedi tse di tswang mo motseng oo moso le moso di ya Selebi Phikwe le Palapye. Kgosi Ditshotlo Kgaugelo a re letlhoko la dipalamo le ne le sa ba robatse ka go ne go le thata go tswa mo motseng wa bone go etela mafelo a mangwe kgotsa fa o tswa kwa ntle o etela kwa Matlhako. A re e ne e nna matlhotlhapelo fa go tsena nako ya gore bagodi ba ba sa amogeleleng dikatso tsa bone tsa kgwedi le kgwedi mo kgotleng ba tlamege go ya kwa posong ya Machaneng. O ne a supa gore ba ne ba tsamaya sekgele sa dikhilomithara tse tharo ka dinao go ya kwa maemelong a ba ka kgonang go kopa mosepele mo dikoloing tsa beng ba tsone. Kgosi Kgaugelo a re mme seo se ne se baya matshelo a bone mo diphatseng ka jaana maemelo ao a dipalamo a le mo sekgweng a tlatsa ka gore maemelo a teng a gaufi thata le polase e e nang le diphologolo tse di borai tse di ka tlhaselang motho nako nngwe le nngwe. A re gape ba ne ba setse ba na le poifo ya manweenwee a a thukuthang batho ba bo ba ba namola dithoto tsa bone, go ba itaya le go itseela dikobo ka dikgoka. Le fa go ntse jalo, Kgosi Kgaugelo o ne a tlhalosa fa kgwetlho e e leng teng fela mabapi le dipalamo tse e le ya go boela kwa Matlhako maitseboa. A re se se raya gore le fa motho a feditse se a neng a se dira nako e le teng, o tlamega go emela nako ya maitseboa gape go emelela kwa Matlhako le go ya teng ka dinako tsa motshegare gone go sa ntse go le thata.
society
9
Kgosi o lebogela morafe maiteko
Banni ba kgotlana ya Mahalapye West ba akgoletswe go ema ka dinao go kganela kgonagalo ya go anama ga mogare wa corona. Kgosi Bakgori Keitebetse a re morafe o tsweletse ka maiteko a mantle go lwantsha mogare. O buile jalo fa a phatlalatsa morafe kwa phitlhong ya ga Mme Gadifele Ofentse kwa Mahalapye ka Tshipi. A re le fa gone morafe o ne o tshologile go feta palo tse di beilweng ke ba botsogo, se se mo molemo ke gore ba ne ba sa kgotlhagana. A re le mokgwa wa tlwaelo wa go phatlalatsa morafe ga o a dirwa. Kgosi Keitebetse a re le fa a tlhaloganya gore dingwe tsa ditsetlana tse di ntshitsweng go lwantsha kanamo ya mogare wa corona di gotlha gotlhana le mekgwa le tsamaiso ya ngwao, go botlhokwa go dira tsotlhe go thibela kgonagalo ya go anama ga mogare. Kgosi Keitebetse a re le ntswa go sa tlwaelesega go nna ka go gasa gasama , se se botlhokwa ke gore morafe o supa gore o tlhaloganya maikaelelo a se se dirwang, e leng go thibela kanamo ya mogare wa corona. Kgosi Keitebetse a re mogare wa corona o ka fenngwa fa batho ba ka obamela ditaelo tsa botsogo. A re mogare wa corona o tla ka diphetogo mo matshelong a botlhe, mme o ka fenngwa ka go diragatsa ditaelo tsa ba botsogo. A re ke nako ya gore setshaba se tshwaragane pele seemo se tsaya phekelo e sele. O gakolotse batsadi go tlhokomela bana, morago ga gore puso e tsee tshwetso ya go tswala dikolo, ka maiteko a go thibela kanamo ya mogare wa corona. Kgosi Keitebetse a re o tshwenngwa ke go bona bana ba tsweletse ka go kgobokana ka dipalo tse dintsi mo mekgwatlheng, seemo se se ka ba tsenyang mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare. A re le fa e e le tshwanelo ya gore bana ba fiwe nako ya go tshameka, twantsho ya mogare wa corona, e ntshitse mongwe le mongwe mo go direng dilo ka mojgwa wa tllwaelo. O gateletse gore batsadi ba netefatse tshireletsego ya bana. Kgosi Keitebetse o gwetlhile batsadi go rotloetsa bana go tlhapa matsogo ka molora kgapetsa kgapetsa pele ba tshwara dijo ka na fa ba goroga mo lwapeng ba tswa kwa mafelong a mangwe. O tsweletse a rotloetsa go obamela melawana e beilwe jaaka wa kiletso thekiso ya nnotagi, le go tshwaragana gore ba kgone go fenya mamba. A re sengwe se se tshwenyang thata, ke gore bangwe ba santse ba tshwareletse mokgwa wa go nwa ba amogana phafana ka go ba tsenya mo boraing jwa go tsenwa ke morafe wa corona. O tlhaloseditse morafe gore puso e tla tswelela ka go seka seka melawana e beilweng, mme le fa go ntse jalo setshaba se gakolololwa go tswelela ka go dira tsotlhe tse ka thibelang mogare wa corona go anamela mo Botswana. Mokhanselara wa kgaoo ya Ngakaagae, Rre Khumo Motonto, a re o nona pelo ka mathe go bona morafe o tshwaraganye, mme o dira ka natla go sala morago ditaelo tsa ba lephata la botsogo le boitekanelo. Mokhanselara Motonto o gatletse botlhokwa jwa go lthapa matsogo kgapetsa kgapetsa ka metsi a phepa le molora go boalaya megare. Are go botlhokwa go obamela taolo e ntshitsweng ke puso ya go eletsa thekiso ya nnotagi, go kokoana mo malatsing a le masome mararo go fokotsa kgonagalo ya go anamisa mogare wa corona. A re ba lemoge gore seo, ga se dirwe ka maikalelo a go bogisa ope, mme se dirwa go babalela matshelo a bone. Rre Motonto a re go botlhokwa go dira tsotlhe tse di ka babalelang matshelo, a tlatsa ka gore botshelo bo tla a tswelela morago ga go lwantsha mogare wa corona, ka jalo go botlhokwa gore mongwe le mongwe a falolle segajaja se.
health
6
Puleng o ikuela mo banning ba Letlhakeng
Mothusa kgosi wa Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng, o kopile banni ba motse oo go tsena diphuthego tsa kgotla ka bontsi le ka nako, go baakanyetsa metseletsele ya meletlo e e tlaa tshwarwang mo motseng wa bone pele ga boipuso. Kgosi Puleng o buile se fa a ne a amogela baeng kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo Rre Liakat Kablay ka Motsheganong a le masome mabebedi le bone. Kgosi Puleng o supile fa go tlaa nna le moletlo wa ditshupo ka kgwedi ya Phukwi, go nne le letsatsi la ngwao, molelo wa kgolagano pele ga moletlomogolo wa boipuso jo bo faphegileng jwa dingwaga tse di masome a matlhano. Erile a ba lekodisa ka tsa palamante e e fetileng, mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng-Lephepe Rre Kablay, a supa fa ba ne ba ile go aba madi a maphata kwa palamenteng e e fetileng, a supa fa lephata la thuto le abetswe madi a mantsi gore le tle le tokafatse ditirelo tsa thuto le gone go tokafatsa seemo sa thuto mo lefatsheng leno. O boletse fa go tlaa baakanngwa matlwana a borutelo, go tlhabololwa dikole, go okediwe barutabana dithuto ga mmogo le go agelwa matlo a boroko. Rre Kablay o ne a kopa batsadi go tsenya letsogo go thusa puso mo thutong ya bana ba bone, le gone go ba ruta gore ba seka ba senya dikago tsa sekole fa ba ngongoregela sengwe, mme ba bue le mekgatlho ya bone gore ba rarabolole dikgang tsa bone. O kopile batsadi go loma tsebe ba molao ka batsadi ba ba rekisetsang bana ba sekole ditagi ka jaana ditagi tse di felela di senyetsa bana ba bone bokamaso. Rre Kablay o boletse gape fa lephata la ditswammung, kgotetso le metsi, le abetswe madi a mantsi go baakanya diphaephe tse di gogang metsi go tswa kwa bokone jwa lefatshe leno go tla borwa le go katolola didiba le gone go gokelwa motlakase mo metseng e mesha. Bokhutlo
politics
7
Baithuti ba tlhatlhelelwa maitemogelo a itshetso
Banana ba gakolotswe go dirisamananeo a puso a go ba ntsha mo diphatseng jaaka go dira learo le le babalesegileng la bo rre. Go buile jalo Kgosi Edwin Ramokobetwane wa Khudumelapyefa a buladithuto-puisano tsa dikitso tsa itshetso tse di neng dirulagantswe ke ba DMSAC ba na le baithaopi ba lefatshe la Amerika ba Peace Corps. Dithuto tseo di tsenwe ke bana ba dikole tse di potlana tsa metse ya Takatokwane, Sorilatholo, Salajwe, Khudumelapye, Serinane le Ditshegwane. Kgosi Ramokobetwane o tsweletse a gakolola banana botlhokwa jwa go dira learo ba sale bannye gore ba kgone go gola ka botsogo jo bo ntle. O kgothaditse batsena dithuto tseo go ikgapha le go reetsa dikgakololo tsa batsadi ba bone. Kgosi Ramokobetwane o tsweletse a akgola ba DAMSAC go bo ba bone go le botlhokwa go tshwarela dithuto tseo mo motseng wa Khudumelapye. Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Khudumelapye, Mme Gofentsemang Keotletswe o ne a kopa bana go nna pelo telele mo dithutong tsa bone le go di tsaya tsia. Mme Keotletswe o ne gape a galaletsa bana le seabe botlhe ba ba rulaganyeditseng thutuntsho e.
education
4
Palapye o tlaa agelwa dikole di le tharo
Mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofho Molefhi, a re puso e ikaelela go dirisa lefelo la temo le le kwa Ralenyeletse go dira temo ya nosetso. Fa a buisa maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa kgaolo ya gagwe bosheng, Rre Molefhi o tlhalositse fa puso e santse e baakanya lefelo le mme fa le setse le siame go a go tlhokafala balemi ba ba tlhwaafetseng go dirisa lefelo leo go lema merogo. A re lefelo leo le le diekere tse di lekgolo le tla kgaoganngwa gore bontlha bongwe bo dirisiwe go dira ditiro tsa nyeletso lehuma, fa le le setseng le tla abelwa balemi. A re temo ya nosetso e tlaa thusa go tlhamela banni ba Selebi Phikwe ditiro le go tsosa itsholelo ya mo malwapeng le ya toropo. Rre Molefhi o kopile dikhamphane tse di ikemetseng tse di ka fa tlase ga lephata la Peeletso, Papadi le Madirelo, gore ba bitse bokopano jo mo go jone ba tlaa thusang banni ba Selebi Phikwe ka maano a go tsena mo dikgwebong. A re phuthego eo e santse e baakanyediwa mme a kopa banni ba toropo eo go e tsena fa nako ya teng e setse e gorogile. Fa a bua ka batho ba ba nnang kwa lefelong le le itsegeng ka Ralenyeletse, Rre Molefhi o boletse fa puso e ne ya phimola banni ba koo dikeledi ka nako ya fa puso e tsaya lefatshe le ba neng ba nna mo go lone. A re ka nako eo phimolo dikeledi e ne ele kwa tlase mme fela puso e ne ya diragatsa molao ka go ba phimola dikeledi. A re batho bao ba santse ba tlogetswe go nna mo lefelong leo ka puso e santse e sena madi a go le tlhabolola. Rre Molefhi o kopile lephata la ditsha go sekaseka fa le ka se bone lefelo le batho ba ba ka isiwang ko go lone. Mo go tse dingwe o lekodisitse maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse fa puso e tsweletse ka go tsenya ditlamelo tsa metsi, motlakase, ditsela le tse dingwe mo ditsheng tsa dikgwebo gore ba ba eletsang go dira madirelo kwa Selebi Phikwe ba seka ba sokola. A re puso e lemogile fa go tlhoka go tsenya ditsha tsa dikgwebo ditlamelo go dira gore dilo di tsamae ka bonya mo babeeletsi ba felelang ba itlhoboga mme ba ye go beeletsa kwa mafatsheng a sele. A re dingwe tsa ditsha tseo di tlaa fediwa monongwaga fa tse dingwe di tla felelediwa morago. Rre Molefhi o ne gape a lekodisa dikomiti ka dipaakanyo tse di dirilweng mo molaong wa bogodu jwa leruo, mme a ba rotloetsa go ikgapha mo bogodung ka bo ka tloga ja ba tsenya mo mathateng. Fa ba tswa la bone maloko a dikomiti tsa ditlhabololo ba lebogetse lenaneo la mapodisi la Kgomokhumo, ba re maduo a lone a bonala. Mo godimo ga se ba lebogetse maiteko a puso e eletsang go a dira go tlhabolola matshelo a bone le itsholelo ya toropo ya bone e ileng ya amiwa ke go tswalwa ga moepo wa BCL. Ba re temo e ka kgona go jesa banni ba Selebi Phikwe le mafelo a mangwe fa lefelo la Ralenyeletse le ka tsena mo tirisong.
education
4
Mmoulwe o itshetsa ka dipodi
Mme Tebatso Mmoulwe wa Hatsalatladi mo Kweneng o lebogile puso ka seabe sa yone sa go ntsha Batswana mo lehumeng ka mananeo a nyeletso lehuma. E rile a bua mo potsolotsong le O tlhalositse gore pele ga a fiwa lenaneo leo ka Hirikgong, go ne go se motlhofo go ijesa ka a ne a sa bereke e bile gape go sena sepe sa itshetso se a se dirang. Ka jalo a re lenaneo le, le tsile ka nako e e maleba mo go ene ka e bile a re o tswa kgakala a rata go rua, segolo jang dihutshane. Mme Mmoulwe a re dipudi di bogadi bo gaufi ka ditsala gabedi mo ngwageng, e bile di se dingalo go tlhokomelwa. O tlhalositse gore o filwe dipudi di le lesome le botlhano, mo go tsone tse dinamagadi di le lesome le bone le phoko. Mme Mmoulwe a re dithuto tse a di filweng morago ga go neelwa lenaneo di mosola ka a kgonne go ithuta gore dipudi di tlhokomelwa jang, a tlatsa ka go re o itse gore fa podi e supa dikai dingwe e ka tswa e lwala bolwetse bo fe mme a nne le sebaka ga go e senkela kalafi e e maleba. O tlhalositse gore e re ntswa a tswa kgakala le thuo, o ne a sa itse go fa dihutshane mokento a re o ne a sitega go di tlhaba mme fa e sale a nna le dipodi tse, o ititeile sehuba go dira sengwe le sengwe se se maleba go di fa tlhokomelo go ya ka fa tshwanelong gore di tle di ate sentle. Mme Mmoulwe a re gape o rutilwe dithuto tsa go tsamaisa kgwebo gore a nne le sebaka sa go itse gore o rekisitse podi e fe ya selekanyo se fe ka bokae. A re gape o ne a sa itse mosola wa go baya mekwalo wa kgwebo, mme mo nakong eno o itse gore seo ke bosupi jwa gore a kgwebo e tsweletse sentle e dira dipoelo kana ditlatlhegelo. Le fa go ntse jalo, Mme Mmoulwe a re o kopana le dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya melemo, ka jalo dipodi tse dingwe di a swa, a tlatsa ka go re o setse a latlhegetswe ke di le pedi ka ntata ya bolwetse a ne a tlhokile melemo. A re kgwetlho e nngwe ke gore go na le magodu a dihutshane mo motseng wa bone, mme a re seo se mmusetsa kwa morago ka jaanong palo ya dipodi e fokotsega. Le fa go ntse jalo, a re o lebogetse seabe sa ofisi ya nyeletso lehuma ka e ba rotloetsa gangwe le gape e bile e ba lekola thata. A re seo re dira gore a tie moko le go feta. Mme Mmoulwe o rotloeditse Batswana go tswelela ba sa ipone tsapa mo go tseeng mananeo a nyeletso lehuma go itlhabolola.
economy_business_and_finance
3
Morafe o supa komiti ka monwana
Banni ba kgaolo ya Tidimalo mo Serowe Bokone ba supile komiti ya dithabololo tsa motse ka monwana ba re e dira dilo ka tshokamo. Fa ba bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke mopalamente wa kgaolo ya Serowe Bokone, Rre Kgotla Autlwetse, kwa kgotleng ya Konyana bosheng, morafe o ne wa supa komiti eo, ba re e lebile dikeletso tsa bone fela . Ba supile fa go thapiwa mo Ipelegeng le go apeela Ipelegeng borotho go dirwa ka tshokamo ka komiti e e sekametse thata mo bathong ba e leng masika a bone kgotsa ditsala mme se se baya morafe ka fa mosing. Mme Boitumelo Radipolase yo o supileng fa ipelegeng e tlhaelewa ke didirisiwa a re ba setse ba tshaba go ntsha dingongorego ka komiti ya dithabololo tsa motse ka go dira jalo o ipaya ka fa mosing wa go tlhoka go thapiwa mo ipelegeng. Mme Onkgolotse Ketaareng, o tlhalositse fa a sale a ikwadisetse go rekisa borotho ka ngwaga wa 2012 nako kgolo ke eno. Dipelaelo tsa gore komiti eo e dira dilo ka tshokamo di ne tsa rurifadiwa ke mokhanselara wa kgaolo eo Rre Solomon Dikgang. Rre Dikgang o tlhalositse fa komiti eo e dira ka bomo ka gore o tswa kgakala a bua le yone ka dikgang tse, ebile ba kile ba tlhoka kutlwisisano mmogo mo ba feletseng ba ya go agisanngwa kwa khanseleng. A re ntswa go sale go kwadisiwa batho ba ba tlaa rekisang borotho maina a teng ga a ise a ke a nsthediwe mo pontsheng. Rre Dikgang o supile fa a ka se kgone go bereka le komiti eo ka e le ba sokamisa dilo, a tlatsa ka gore fa e le gore ba batla go bereka le ene ba tsholetse dinao. “Ngwaga o o fetileng, ka Motsheganong re ne re le gone fa re thapa ipelegeng, mme e rile go duelwa ga nna le ba ba neng ba sa thapiwa” “Ke ne ka latela mongwe yo e neng e le motsetse ke mmotsa gore ke eng a amogela mme a le mo ntlong e le motsetse” Rre Dikgang o ne a tlhalosa gore go na le dikgang tsa seemo se tse di amang komiti ya dithabololo ta motse kwa mapodising. “Le lona setshaba le molato ka gore bangwe ba lona ba batla go thapiwa kgwedi le kgwedi. O ne a gatelelala gore Green Scorpion ga e theogele,ntswa gotwe ba thapilwe. Mabapi le ditsela o ne a kopa mopalamente gore a ba kopele Tautona go ba etela.
politics
7
Itshireletso ya babereki ba meepo ke konokono – Makgalemele
Batswana ba ba neng ba tshologetse phitlho ya ga Rre Moemedi Mpho ba tlhomamiseditswe fa puso le dikhamphani tsa meepo ka go farologana di tseela kwa godimo itshireletso ya babereki ba meepo. Mafoko a, a builwe ke Mopalamente wa kgaolo ya Shoshong, yo gape eleng mothusa tona mo lephateng la tlhabololo banana, metshameko le kgodiso ngwao, Rre Dikgang Makgalemele kwa tirelong ya phitlho ya ga Rre Mpho kwa Shoshong ka Matlhatso. Rre Mpho o tlhokafetse a le mo tirong kgwedi ya Lwetse e le lesome le boraro kwa toropong ya diteemane ya Orapa. “Ke le tlhomamisetsa gore itshireletso mo mekoting ya rona ke ya seemo se se kwa godimo. Re leka bojotlhe go sireletsa matshelo a rona, mme le fa go ntse jalo boammaruri ke gore mo botshelong go thata go tila dikotsi.” “Tsotlhe tse di diragalang ke taolo ya Modimo, a re amogeleng seemo jaaka se ntse. Ba masika le ditsala le botlhe ba ba neng ba atumalanye le ene, ke eletsa gore Modimo o le thuse le gomotsege, ngwana wa lona o tshidile lobaka le le neng le laotswe ke rara,|” ga tlhalosa Rre Makgalemele. Rre Makgalemele a re ga a na keletso ya gore ope a belaele itshireletso ya mekoti ya Botswana a tlatsa ka gore ditlhotlhomiso tse di tsweletseng di tla ntsha pego go tlhalosa se se bakileng kotsi e gapileng botshelo jwa ga Rre Mpho. Moemedi wa ba masika a moswi, Rre Phokoletso Beleng a re o dumela gore se se diragetseng se itsiwe ke Modimo. “Ke dumela gore lona, badiri ka ene, le na le kutlobotlhoko ee kopanyeng le letshogo, ga le a wela dibete ka tumelo ya gore le tlaa botswa dipotso tse di tla tlhokang dikarabo, ka pelaelo ya gore sengswe ga le a se dira sentle. Re lebogetse tshwaragana ya lona le rona, re dumela gore botshelo jwa ngwana wa rona bo gapilwe ke kotsi e sa dirwang ke motho ka maikaelelo,” ga tlhalosa Rre Beleng. E rile a bua mo boemong jwa bana, Pontsho Mpho, o kaile fa ntsalae e ne ele ngwana yo o kutlo, a dira ditiro tsa mo lwapeng ka lorato, boineelo le botlhaga. “Le fa re amilwe thata ke kafa ntsalaa rona a tsamaileng ka teng, ke dumela gore re tla gomotsega. Robala ka kagiso morwa-Majwana-a-Mabedi. Robala ka kagiso phala.” Moemedi wa Debswana, Rre Moleko Majaha, o lebogetse sebaka se ba neng ba se filwe ke Modimo go dira le Rre Mpho. Rre Majaha o supile fa moswi a ne a dira ka fa tlase ga kompone ya Kalcon kwa Orapa e filweng tiro ke kompone ya Debswana. “Re tlotla le go lemoga seabe sa gagwe se se neng se sa belaetse ka gope mo tirong ya moepo.” Rre Majaha a re le fa borra-Mpho ba le mo kutlobotlhokong le mo pitlaganong ya go latlhegelwa ke ngwana wa bone, se se botlhokwa ke gore ba gomotsege. Rre Onkabetse Radikoro wa kompone ya Kalcon e neng e tlhapile moswi o supile fa le bone ba amilwe thata ke loso la ga Rre Mpho. A re le fa ane a le mosha mo tirong, o ne a le boineelo, a le tlhaga. Rre Radikoro a re ditlhotlhomiso di tsweletse go bona se ba bakileng kotsi e gapileng botshelo jwa moswi. O supile gore ditlhotlhomiso di dirwa ke ba sepodisi sa Botswana, lephata la meepo le bangwe boitseanape ba ba tswang kwa mafatsheng a sele. Mokhanselara Makoko wa kgaolwana ya Shoshong Bokone a rele fa moswi e le monana o nnile le seabe se setona mo phathing ya Domkrag. O sale a nnile leloko a le dingwaga di le lesome le borataro, e ne ele leloko la motia a dira ditiro tsa phathi e seng a ikgantsha ka boloko fela, o nnile se seabe se se tona mo go tlhabololeng lefatshe le, ga tlhalosa mokhanselara Makoko. Rre Moemedi Shakes Isaiyah Mpho o tlhokafetse a le dingwaga tse di masome mabedi le bobedi. O nale dingwaga tse di lesome le botlhano e le leloko la motia la kereke ya African Born Full Gospel Apostolic Church mme yare morago ga kolobetso a apeiswa seaparo le go fiwa leina la Isaiyah. BOKHUTLO
society
9
Banni ba akgola puso
Banni ba Dikgonnye mo kgaolong ya Kgatleng ba lebogile puso go bo e goketse motlakase mo motseng wa bone. Fa a bua mo phuthegong e e neng e buisiwa ke maphata a puso a a farologaneng, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Kgotso Motlhabane o supile fa ba gokeletswe motlakase morago ga gore ba ikuele mo pusong. A re ba lebogela puso go tla ka lenaneo la Tirelo Sechaba ka jaanong ditiro tsa bone di tsamaya sentle gonne ba thusa mo maphateng ka go farologana. Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole se sebotlana sa Dikgonnye, Rre Sebilong Motlhaping o supile fa motlakase kwa sekoleng o tsisitse pharologanyo e ntsi gonne thuto ya segompieno e tlhokana le one. Le fa go ntse jalo, a re o tshwenngwa ke go tlhoka motshine o o ntsifatsang dipampiri. Mme Lydia Keatlholetswe go tswa kwa ofising ya ga molaodi o rotloeditse batho ba ba tshotsweng ka 1966 go tsenelela mmabontle le rabontle e le tsela ya go itumelela go ipusa ga lefatshe leno go ya kwa ngwageng wa 2016 fa Botswana a tlaa bo a le dingwaga tse di masome a matlhano. O supile fa mo kgaisanong eo, mofenyi a tlaa atswiwa ka P5 000, maemo a bobedi e le P3 500 mme wa boraro ene a tlaa itswela ka P1500. A re ba ba tlaa bong ba sa fenya ga ba na go tswa ba iphotlhere ka le bone ba tlaa atswiwa ka P700 mongwe le mongwe. Mme Keatlholetswe o rotloeditse kgaolo nngwe le nngwe go dira kgaisano eo, a tlhalosa fa botlhe ba ba fenyang mo dikgaolong tsa bone ba ya go gaisana le ba dikgaolo tse dingwe. A re kgaisano eo e tlaa dirwa ngwaga le ngwaga ka Lwetse go fitlhela ka 2016. E ntse e le kwa phuthegong eo, Mme Mariam Maseke go tswa kwa lephateng le le itebagantseng le go jesa bana ba dikole tse dipotlana le dikokelo, o supile fa a sa itumedisiwe ke dijo tse di nnang di senyega mo dikoleng le mo dikokelong gonne o tlhalosa fa ba tsisa dijo tse di lekaneng palo ya bana, jalo o ipotsa gore ke eng go nna le tse di senyegang. O tlhalositse fa ngwana yo a fitlhetseng go se na dijo nako ya sekale a na le tetla ya go ya go phaka dijo tseo fa di setse di le teng. E ne ya re ba akgela, banni bolela fa ba sa itumedisiwe ke tsela ya motse wa bone ka e ba senyetsa dikoloi, ka jalo ba kopa molaodi go e tsibogela. Ba boletse fa ba se na koloi mo kokelong mme ba tlhalosa fa ba dirisa tsa bone fa go na le molwetse yo o tshwanetseng go isiwa kwa kokelong. BOKHUTLO
politics
7
Balemi-barui ba Bokaa ba amogana maele
Modulasetilo wa komiti ya balemi kwa Bokaa, Rre Samuel Machailo o rotloeditse balemi-barui go dirisana mmogo go godisa serodumo sa temo mo Botswana. Rre Machailo o ne a bua kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la balemi ba Bokaa a tlhalosa fa thobo e farologana go ya ka dipaka tsa yone. O tlhalositse fa go farologana ga dipaka go dira gore thobo le yone e seka ya tshwana, a tlatsa ka go re fa balemi-barui ba ka nna le tirisano mmogo go ka sologela balemi botlhe molemo ka ba ka amogana se ba nang le sone go rotloetsana go tswelela ka temo. Rre Machailo o tlhalositse fa e se la ntlha ba tshwara moletlo wa sebopego se mme ba amogana dithuto tse di farologaneng ngwaga le ngwaga go lebogela Modimo thobo e ba e boneng. O tlhalositse fa dikgwetlho tsa temo di sa batle go lebagana le motho a le mongwe, ka jalo moletlo o o thusa balemi go ithuta le go amogana boitseanape ka dikgwetlho tse di amang balemi. O boletse fa go na le dikomiti tse di farologaneng go fokoletsa maphata a puso tiro jaaka mokgatlho wa barui ba ba rekang melemo go fokoletsa bakenti tiro. Sebui sa tlotla, Rre Monty Chiepe o kgothaditse balemi go tlhoafalela tiro ka e le yone e ka ba tsisetsang khumo, a tlatsa ka go re bontsi jwa batho ba simolola temo-thuo fa ba tlogela tiro ka bogodi. O tlhalositse fa temo-thuo e tlhokana le batho ba ba itekanetseng mo mmeleng gore ba tle ba kgone go dira ditiro tsa letsatsi tsa kwa merakeng le kwa masimo. Rre Chiepe o kopile batsadi go kgothatsa bana go simolola temo-thuo ba sale banana e seng go ba tlogelela leruo ba re ke boswa ka se se dira gore ba rekise leruo ba dirise madi botlhaswa. O kopile balemi gore ba amogane dikitso go tswelela ka se se ka ba thusa go godisa temo-thuo le go itirela letseno ka ba ka ikokoanya go dira dikgwebo ka boitsenape jo mongwe le mongwe a tlang ka jone. O tlhalositse fa a na le mananeo a leruo kwa polaseng ya gagwe mme a ikaeletse go thusa Batswana ba ba nang le kgatlhego go dira thuo kgwebo. Rre Lucky Masike wa lephata la tsadiso ya leruo o tlhalositse fa barui ba sa supe kgatlhego mo go itseng ka leruo mme ba tshepha badisa go ba tlhokomelela meraka. O ne a tlatsa ka go re go botlhokwa gore leruo le itse mong wa lone le ene a le itse go itsa bogodu. O tlhalositse fa barui ba sa itse ka tlhokomelo ya leruo ka dipaka tsa ngwaga mme a ba gakolola go tsenelela dithuto kwa diofising tsa leruo, a tlatsa ka gore barui ba fa leruo moroko mariga mme go sa siama. Rre Masike o kopile balemi go ithuta ka dijo tsa kgomo gore e tle e kgone go ba busetsa. O tlhalositse fa kgomo e tshwanetse go ja botala ka bo na le dikotla tse dintsi. ENDS
society
9
Mokhanselara o kgothatsa morafe go ikemela ka dinao
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o tlhomameseditse banni ba Shoshong gore puso ga e na maikaelelo a go ikokeletsa lebaka la go busa. Dr Masisi a re go botlhokwa go tlhalosetsa morafe gore lebaka le puso ya gagwe e neng e le filwe go tsamaisa lefatshe le tla kwa bokhutlong, ka jalo go tla nako ya gore setshaba se itlhophele puso e nngwe. E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Shoshong bosheng, Dr Masisi a re setshaba se tsaya karolo ee botlhokwa mo go nosetseng puso ya batho ka batho ka go tlhopha phathi ya sepolotiki e ba dumelang gore e ka diragatsa dikeletso tsa bone. “Bagaetsho nako ya go itlhophela puso e gorogile. E tla re ka kgwedi ya Phalane le bo le fiwa sebaka sa go dira jalo ka tlhopho,” ga tlhalosa jalo Dr Masisi. O lebogetse botlhe ba ba ikwadisetseng ditlhopho, a tlhalosa fa ba lemoga botlhokwa jwa go tsaya karolo mo ditshwetsong tse di nosetsang puso ya batho ka batho. Le fa go ntse jalo, Tautona Dr Masisi o kopile ba ba ikwadisitseng go nna kelelelo gore ba tlhophe sentle ebile ba tlhophe baemedi ba ba nonofetsheng go tsamaisa puso. “Tlhophang sentle, tlhopho le puso ya batho ka batho ke mokwatla wa lefatshe. Re tlotla puso ya batho ka batho ebile re a e obamela ka e mo molaong, ka jalo re tshwanetse ra o sala morago,” ga bua jalo Tautona. O ne a lebogela banni ba Shoshong go nna le seabe mo go nosetseng puso ya batho ka batho. “Re leboga gore le ne la dirisana sentle le rona le sa re swabise. Ledula le kagiso tse di renang mo lefatsheng le, di noseditswe ke lona,” a tlhalosa jalo. Dr Masisi a re kagiso e bopiwa ke morafe, magosi le bo ralekgotla. O supile gape fa go le botlhokwa gore a leboge ba a dirang le bone, ba a dirileng le bone, le bone ba ba ganetsang puso ya gagwe tota. Dr Masisi a re seabe sa kganetso se botlhokwa thata mo go nonotsheng puso ya batho ka batho. O gakolotse banni go ngangatlela kagiso le go itse fa mafoko a kgotla a le mantle otlhe. “Ntwakgolo ke ya molomo, le seka la raelwa ke ope mme la feretlha kagiso e re tshelelang mo go yone,” ga ikuela Dr Masisi. A re fa nako ya puso e tla bokhultong ke tshwanelo ya gore baeteledipele ba boele kwa setshabeng gore se kgone go dira tshwanelo ya sone ka go tlhopha barongwa ba ba batlang go tsamaisa merero ya setshaba. Tuatona Dr Masisi a re diphathi tsa sepolotiki ka go farologana di tsweletse ka ipapatsa. “Ba ba tlang kwa go lona ba reetseng botlhe mme le ba reetse ka tlhwaafalo. Le tlhophe goromente yo tla etelelwang ke tautona yo le mmatlang.” Dr Masisi a re le ntswa puso ya gagwe e tla kwa bokhutlong jwa thomo ya yone, e tsweletse ka tiro ya go direla setshaba.
environment
5
Thuto e tshwanetse go nna boikarabelo jwa batho botlhe
Thuto ke boikarabelo jwa botlhe; bana, batsadi, bogogi jwa motse ga mmogo le dikomiti tsa motse. Mafoko a, a boletswe ke mogolwane wa thuto kwa kgaolo ya Legare, Rre Elijah Motlhabi kwa moletlong wa kabo dimpho wa sekole se sebotlana sa Kgamane kwa Shoshong bosheng. Rre Motlhabi a re go botlhokwa go tshwaraganela thuto ya ngwana gore maduo e nne a a nametsang, ka jalo mongwe le mongwe o nale seabe fela se segolo. A re nako e fitlhile gore batsadi ba seka ba baya fela mo barutabaneng mme ba tshwanetse go tsenya letsogo gammogo le bogogi jwa motse. O tlhalositse fa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse di tshwanetse go tsenya letsogo go bona gore dikole tsa metse di dira jang, a tlatsa ka gore tiro ya bone fa se go tlhabolola motse fela mme ba tshwanetse go bona gore sengwe le sengwe se tsamaya ka thelelo gore ban ne le motlhala yo o bonalang. Rre Motlhabi a re dikomiti tse, di tshwanetse go bereka gape le dikomiti tsa batsadi le barutabana go bona gore go diragalang mo dikoleng. O ne a tlhalosa gore go na le komiti ya lefatshe lotlhe ya batsadi le barutabana e e kopanang ngwaga le ngwaga go bona gore tsamaiso ya dikole e ntse jang e bile e ka tokafatswa jang. O ne a kopa gape dikompone le dikereke go ema ka dinao go bona gore thuto ya bana e a tokafala a tlhalosa gore puso e ka se kgone e le nosi. A re baithuti ba pele le bone ba tshwanetse go nna le seabe mo thutong ya bomonnaabone bone go bona gore bat le ba kgone go tsaya malebele mo go bone. Fa a itibaganya le baithuti, Rre Motlhabi o ne a kopa bana go tsaya thuto ka tlhoafalo el go bona gore a mme thuto e ba e rutiwang k eke yne sentle mme ban ne le seabe ka fa ba batlang go rutiwa ka teng. Le fa go ntse jalo, o ne a ba gakolola gore maitseo namane ya moroba, a re ban aba malatsing a maitseo a bone a a tlhaela k aba inaakantse le nnotagi ga mmogo le diritibatsi ba sale bannye. Rre Motlhabi o ne a ba kopa go ikgapha mo dilong tseo ka ba sale bannye mme ba itebaganye le thuto ya bone gore ba kgone go ipetlela isago e e siameng. O ne a kgothatsa gape le barutabana gore e re le ntswa ba berekela mo dikgwetlhong tse di bokete di tshwana le letlhoko la boroko, didirisiwa gammogo le go tlhoka fa ba rutelang teng, ba itshoke ka puso le yone e dira ka gotlhe go bona gore tshotlhe di apara tshiamo. Rre Motlhabi o ne a kgothatsa gape le batsadi gore dikole tsa ditiro tsa diatla di teng mo lefatsheng, mme fa ngwana a sa kgone dithuto tse dingwe mme a kgona tsa tiro ya diatla ba seka ba mo akgela matsogo mme bam o rotloetse go di sala morago. A re nako e tsile jaanong ya gore bana ba rotloediwe gore dikole tsa ditiro tsa diatla di teng mme e bile ba kgona go ya kwa go tsone, a tlatsa ka gore ba seka ba kgobiwa mme ba rotloediwe ka gongwe b aka tswelela ba felele ba tlhametse ba bangwe ditiro mo dikgwebong tsa bone. E rile a tswa la gagwe, mogokgo Mme Agnes Makwati a tlhalosa fa moono wa letsatsi e le go lemoga go dira ka thata, go ititaya ka thupana le maduo a mantle a ban aba sekole sa bone. O ne a tlhalosa fa sekole sa bone se tsweletse ka go dira ka thata ngwaga le ngwaga mo maduong a bone, a tlatsa ka gore le mo metshamekong le mabelo ba dira ka botswa pelo ka e bile ba tlhola ba felela ba ile kwa dikgaisanong tsa kgaolo. Le ene fela jalo o ne a kopa batsadi gore ka go twe kgetsi ya stie e kgonwa ke go tshwaraganelwa, ba eme ka dinao go ba thusa go bona gore maduo a bana ke a a eletsegang. O ne a tlhalosa gape gore e re le ntswa ba leka ka gotlhe e le barutabana, ba na le dikgwetlho tse dintsi di akaretsa letlhoko la boroko, letlhoko la ofisi a tlatsa ka gore ba dirisa kamoro e e banyanag dithoto, letlhoko la matlwana a boitapoloso gammogo le matlo a borutelo a a agilweng ka mmu a jaanong a jewang ke motlhwa. BOKHUTLO
education
4
Emelang kgaolo ka dinao
Modulasetilo wa Botswana Democratic Party (BDP), Rre Slumber Tsogwane o kopile maloko a phathi eo go lwela thata kgaolwana ya Makalamabedi/Motopi mo ditlhophong tse di tlang. Rre Tsogwane o buile se kwa Makalamabedi fa a supa ntlhopheng wa bokhanselara jwa kgaolwana eo. A re kgaolo e tswa kgakala e tshegeditse serodumo sa BDP mme a kopa banni go baakanya seemo mo ditlhophong tse di tlang. A re maikaelelo a ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi ke go senka methale e e ka nontshang le go isa itsholelo kwa godimo ka go aga botsalano le mafatshe a mangwe. Rre Tsogwane, yo gape e leng Mothusa Tautona wa Botswana, a re puso ya BDP, e na le mananeo a a nonofileng ebile ke ya batho ka batho e e tlhaloganyang gore Batswana ba tlhoka eng. A re puso ya nako eno ke e e nang le morero le Batswana, go buisana le bone ka dilo tse di ba amang jaaka go bulelwa ga letsomo a supa fa ba buile le banni mme letsomo le tlaa boela. Rre Tsogwane a re therisano le banni ba Khumaga le Moreomaoto ka terata e e kgaoganyang diphologolo le leruo e tlaa tswelela mme go santse go sekasekwa diterata ka mefuta kwa mafatsheng a mangwe. A re puso ya BDP ke ee neelang Batswana dithata a supa fa banni ba kgaolo ba tlaa lalediwa go tsena mo dikgwebong tsa makgobokgobo. Rre Tsogwane o supile fa puso e tsweletse ka go dira ditlhabololo mme e le mo lenaneong la go aga sekole se se rutang metshameko. A re kgaolo le yone e gatetse pele mo tlhabololong di akaretsa kokelano kwa Makalamabadi, katoloso ya kokelwana ya Moreomaoto le sekole sa Moreomaoto brigade. O boletse fa tsela ya Makalamadi/Motopi e bonetswe madi mme tsholofelo e le gore e ka simololwa mo bogaufing. Rre Tsogwane a re maiteko a mangwe ke tlhama lekgotla la setshaba kwa kgaolong eo e e reketsweng ditekere tse pedi le didirisiwa tsa tsone. Mothusa Tona wa temo thuo, Rre Konstantinos Markus o tlhalositse fa Tautona a ba romile go bapatsa BDP, ba dira jalo ka botho le maitseo. Rre Markus a re Tautona o tsweletse ka go baakanya dingwe, a rerisana le Batswana jaaka a dirile ka kgang ya ditlou le letsomo a re ba seka ba tsiediwa ke diphathi tsa kganetso ka ditsholofetso tse di senang motlhala. Rre Markus o kaile ntlhopheng wa Makalamabedi / Motopi, Rre Ontiretse Kabalele e le motho yo o boikanyego mo phathing ebile a tswa kgakala le yone. A re Rre Kabalele ke monana yo o nang le bokgoni jwa go nna moeteledipele Rre Markus o kopile maloko a BDP go mo ema nokeng go tseya kgaolo mo diatleng tsa UDC. Fa a tswa la gagwe, Rre Kabalele a re o dumela fa a nonofile go nna mokhanselara wa kgaolo ka a tlhaloganya dilelo tsa banni. Rre Kabalele a re o dumela gore o ka kgona fela ka kemo nokeng le tirisano nabo mme a ba kopa go mo tlhopha gore a kgweetse mananeo a phathi e e busang. BOKHUTLO
politics
7
Baithuti ba baoki ba abela motlhoki
E ne ya re bosheng baithuti ba baoki go tswa kwa sekoleng sa booki sa Serowe ba ba neng ba tsile go tsweledisa dithuto tsa bone kwa kokelwaneng ya Lerala ba abela lelwapa lengwe le le tlhokileng lesego pompo ya metsi kwa motseng oo. Baithuti bao ebong Borre Onalethata Nkari, Kgomotso Gaabetwe, Calvin Kwitshane le Mme Tuduetso Mokgathi e ne ya re fa ba abela Mme Dikeledi Ralobe pompo kwa kgotlaneng ya Mathalagane ba bolela fa se e le nngwe ya ditiro tsa bopelo tlhomogi tse ba dumelang fa go le botlhokwa go di diragatsa mo setshabeng e le badirela puso. Baithuti ba ba tlhalositse fa ba ne ba le mo ithutuntshong ya dikgwedi tse tharo mo kokelwaneng ya Lerala mme ba bona go le matshwanedi gore ba tlogele sekao sa bone e le ba botsogo ka go tsenyetsa Mme Ralobe pompo ya metsi ka ba ne ba itemogetse fa go na le letlhoko mo lwapeng leo. Mo boemong jwa baithuti ka ene, Rre Nkari o tlhalositse fa metsi e le botshelo a na le karolo e tona e a e dirang mo botsogong jwa motho. Ka jalo o boletse fa ba dumela gore mpho e ba e fileng lelwapa la ga Mme Ralobe e tlaa tlhofofatsa matshelo a bone le botsogo jwa bone. Baithuti ba ba ne gape ba tsholetsa selebego sa kokelwana ya Lerala ka go dira mokwalo fa pele ga yone. Ka thuso ya ba ofisi ya mopalamente wa Lerala/Maunatlala baithuti ba boletse fa ba ne ba kgona go kokoanya dimpho di akaretsa dikobo, diaparo le ditlhako tsa bana tsa sekole tse le tsone ba neng ba di abela lelwapa la ga Mme Ralobe. Ba bile ba lebogela thotloetso le kemonokeng e ba e filweg ke Kgosi Ookeditse Shaw kgosi wa Lerala, mokhanselara wa Lerala Botlhaba Rre Kabo Ketshogile le ba koporase ya metsi mo Lerala. Mme Ralobe o ne a amogela dimpho tseo ka lorato a supa fa a na le dingwagangwaga a nna ntleng le pompo ya metsi mo lwapeng la gagwe. Ka jalo o ne a lebogela maiteko a a dirilweng ke bone jo ka go bo ba bone go tshwanela gore ba mo tswe thuso a kgone a tsenyediwe pompo ka bofefo. O ne a ba eleletsa masego le katlego mo dithutong tsa bone a bo a ba rotloetsa gore ba tshware fela jalo le kwa ba tlaa bong ba ya go berekela teng ba nne ba direle setshaba.
society
9
Kwa Botepetepe ba tshogela loruo
Balemi-barui ba Botepetepe kwa Serowe Bokone ba mo letshogong la botsogo jwa bone le dikgomo tsa bone. Ba re phaephe (pipe) ya kgopho ya metsi a a leswe a a tshelwang mo letsibogong le le mo molapong o o fetang mo masimong a bone ga e ba jese diwelang, ka seemo se se baya dikgomo tsa bone mo diphatseng le one matshelo a batho tota. Ba re dikgomo tsa bone ga di a sireletsega mo bolwetseng jwa mabele ‘cattle measles ’ka di e nwa metsi ao. Ba supile se mo phuthegong e e neng e buisiwa ke Mothusa tona wa thuto le tlhabololo dikitso,Rre Kgotla Autlwetse, bosheng. Mongwe wa ba ba supileng letshogo le,Rre Ishmael Matsetse o ne a supa gore metsi a a leswe a a borai ka a ka tsenya dikgomo tsa bone bolwetse jwa mabele. A re ntswa ba agile mantlwana a boiteketso go tila bolwetse jo mme jaanong metsi a a leswe a tshelwa mo molapong wa bone a busetsa maiteko a bone kwa morago. Batsena phuthego bane gape ba tlhalosa fa metsi ao a tshelwa gone fa ba tolang teng ka jalo le bone a ka ba ama. Mo go tse dingwe,balemi barui ba koo bane ba lela ka lenyora,bane gape ba kopa go direlwa motshela kgabo. Fa dikgang di eme jalo,Rre Autlwetse yo ebileng le Mopalamente wa Serowe Bokoni o ne a leboga balemi barui ba Botepetepe ka thomo ya bone ka go mo thopha ka dipalo tse di kwa godimo go gaisa, lefatshe lothe ka bophara. A re dipalo tsa dikete di fera bongwe, makgolo a marataro le lesome le motso(9611) ke kgwetho mo go ene gore a ikiteye ka thupana gore a seka a ba swabisa kgotsa go ikotlhaela thopho ya bone. O ne a ba tshephisa gore otla ba direla ka nata. Mopalemente o ne a tswelela ka go buisa diphutlhego kwa masimong a Hulwane Patwe le Taukome. BOKHUTLO
environment
5
Boikgapho bo ka thusa
Banana ba Otse kwa Kgaolong ya Borwa Botlhaba ba rotloediwa go ikgapha mo diritibatsing le nnotagi ka di ba senyetsa bokamoso. Se se boletswe mo pitsong ya botlhe e e neng e rulagantswe ke komiti ya Men Sector ga mmogo le lekgotla la Motor Vehicle Accidents (MVA) ka fa tlase ga setlhogo sa Ntwa Kgatlhanong le Tiriso Phetelela ya Nnotagi le Diritibatsi bosheng. Maikaelelo magolo a se e ne le go sekaseka ditlamorago tsa tiriso botlhaswa ya diritibatsi le nnotagi le go neela banni ba motse oo sebaka sa go tswa ka megopolo ya gore go ka dirwa eng go lwantsha seemo. Fa a simolola tiro ya letsatsi, moruti wa kereke ya Assemblies of God Ministries, Moruti Otlaadisa Motladiile o ne a tlhalosa fa batho ba bopilwe mo setshwanong sa Modimo, ka jalo go swabisa gore batho ba dire ka fa go sa tshwanelang ka teng. Moruti Motladiile a re motho ke ene a ka itlhophelang se a se batlang mo botshelong a sa laolwe ke sepe mme ga se gore sengwe le sengwe se a thusa. Mothusa Kgosi wa Otse, Kgosi Moreti Tshephe o boletse fa ba lemogile gore banana ba eteleditse nnotagi kwa pele, a tlhalosa fa tota dilo tse di tswa bogologolo, mme bone ba ne ba iphitlha ka ba ne ba supa maitseo fa pele ga batsadi ba bone. A re gompieno ga go rone go fitlhela monana a fapaanela phafana le bagolo, mme ba feletse ba le mo dikgogakgoganong tse gantsi di felelang di baka ntwa. Kgosi o ne a gatelela gore banana ba tsee dithuto ka tlhoafalo ba tle ba kgone go tlotlomatsa lefatshe la bone ba le ise kwa mankalenkaleng. Modulasetilo wa komiti ya Men Sector, Rre Lameck Gabakgorwe o ne a tlhalosa fa bogologolo bojalwa bo ne bo laolwa, bo na le dinako e bile bo dirisiwa e le kalafi. O boletse gore e rile fa bojalwa bo sa tlhole bo laolwa, tiriso botlhaswa ya jone ya ya magoletsa. Rre Gabakgorwe a re dingwe tsa dikai tsa gore motho o dirisa diritibatsi di akaretsa go itlhaola mo bathong, go tlogela tiro le sekole ga mmogo le go utswa. O ne gape a tlhalosa ditlamorago tsa go dirisa nnotagi botlhaswa di akaretsa bolwetse jwa sebete , dikotsi tsa tsela le lehuma
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Bagwebi ba Martins Drift ba tlaa batlelwa lefelo
Tona wa Dipalamo le Ditlhaeletsanyo, Rre Kitso Mokaila a re bomme ba ba gwebang ka dijo kwa molelwaneng wa Martins Drift ba tlaa a batlelwa lefelo le le kgakajana le tsela le bo le tlhabololwa go bo go nna le melao e e le tsamaisang. Rre Mokaila o buile se kwa phuthegong e a neng a e tshwere le bagwebi bao kwa kwa molelwang wa Martins Drift bosheng. A re lefelo leo le tshwanetse le nne phepa e bile le siametse mongwe le mongwe. A re fa seemo sa lefelo leo se ka seke se tsibogelwe e tlaa a nna bothata fa go sena go wetswa borogo jwa Kazungula ka go tlaa a nna le koketsego ya dikoloi tsa megobagoba mo molelwaneng wa Martins Drift mme go ka nna borai gore bomme bao ba bo ba santse ba direla mo lefelong le ba direlang mo go lone gompieno ka dingwe dikoloi tseo di a bo di rwele leokwane. O tsweletse a tlhalosa fa phuthego ya gagwe le bagwebi bao e gwetlhilwe ke makwalo a a neng a a amogela go tswa kwa go boora Van Vurren ba e leng beng ba polase e bagwebi bao, ba direlang mo go yone ba supa ngongorego ka bone. A re ba ne ba supa fa go na le tshenyo e e diragalang mo terateng ya polase ya bone e bile ba tlhalosa gape fa go na le bangwe ba ba rwalelang dikgong mo go yone mo le terata ya polase ya bone e kgaolwa mme tshenyo eo e dirwa ke bangwe ba ba gwebang ka dijo gone fa molelwaneng. O tlhalositse fa lefelo le beng ba polase ba tlaa le ba adimang, le tlaa tsaya palo e e rileng mme go seke go nne le ba ba tlaa letlelelwang go tsena morago ga moo mme yo o tlaa boelang mo lefelong leo a tlaa ntshiwa. A re seemo se tloga se tswa mo taolong fa se ka seke se potlakelwe. Rre Mokaila a re o itemogetse fa bagwebi ba ba direlang fa molelwaneng oo e le bomme mme ba itshetsa ka go rekisa dijo. A re dikgang tsa go rekisetsa fa molelwaneng wa Martins Drift di matswakabele e bile di ama botsogo ka malwetsi a kgabaganya melelwane. A re lefelo leo bapile thata le tsela mme ga go a tshwanela gore go bo go ntse jalo ka go na le melao e e supang gore go ka diragala eng e bile go ka seke go diragale eng fa thoko ga tsela mme e tshwanetse e salwe morago. Kgwetlho e nngwe ya lefelo le bomme bao ba direlang teng ke gore go na le bangwe ba ba direlang teng e se Batswana mme ba itira e kare ke bangwe ba Batswana. Rre Mokaila o lebogile boora Van Vurren go bo ba dumetse go ba adima lefatshe le bagwebi ba tlaa direlang mo go lone. Rre Clinton Van Vurren o ne a supa fa bomme ba ba gwebang kwa Martins Drift ba dirisa polase ya bone mme go sena nako e ba kileng ba buisanya le bone ka seo. A re sekidi se ba direlang mo go sone, ga se a babalesega ka nako tse dingwe bangwe ba nwela majalwa mo go sone. A re go na le kgonagalo ya gore go diragale kotsi mo lefelong leo ka dikoloi tse di rwalang leokwane di ema teng mme gape go gotswa molelo. A re ba tshwenyega thata ka pabalesego ya bagwebi ba. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Molao o tshwanetse wa akaretsa botlhe
Makhanselara a kgaolo ya Ghanzi a kopile gore ka ngwaga wa 2036 merafe yotlhe mo lefatsheng leno e akarediwe mo molao motheong wa lefatshe leno. Makhanselara a ntshitse maikutlo a bone fa pele ga maloko a a romilweng ke Tautona go tsaya megopolo ya tebelopele ya 2036 mo phuthegong ya khansele bosheng. Ba rile lefatshe leno ke la puso ya batho ka batho ka jalo merafe e thwanetse go lekana. Erile Mokhanselara Rre Gaditlhaolwe Sixpence yo o itlhopetsweng, a akgela a kopa gore go nne le pego e e supang gore tebelopele ya 2016 e kgonne eng e bile e supa dikgwetlho tse ba di bonyeng. Mokhanselara Sixpence a re pego eo ke yone fela e e ka ba neelang tsela le boammaaruri jwa gore fa ba ntsha megopolo ya bone ba bo ba bonye gore mo tebelongpele ya 2036 go tlhokafala eng. Mokhanselara wa Kalkfontein, Rre Alec Motlhopele ene o kopile gore ka ngwaga wa 2036 Batswana ba bonwe ele batho ba ba ekemetseng ba itirela sengwe le sengwe se baneng ba sedirelwa ke Puso. Mokhanselara a re Batswana ba tlogele go direlwa ke puso ka gore puso entshitse mananeo a aka kgonang go bantsha mo lehumeng ka jalo ba tshwanetse go ema ka dinao gore ba itirele le gone go tlhabolola lefatshe leno. Mokhanselara Mothopele o kopile gape gore ka ngwaga wa 2036 go akarediwe diteme tsotlhe mo Seromamoweng sa Botswana le mo BTV. A re kwa mafatsheng a a tshwanang le Namibia le Afirika Borwa go dirwa jalo. Mokhanselara wa Grootlagte Rre Ezekiel Kajuu o kopile gore ka ngwaga wa 2036 dikole tsa ithutelo ditiro jaaka tsa go ithuta booki di atumediwe mo dikgaolong gore di kgone go direla banana ba dikgaolo tseo ditiro. Mokhanselara Kajuu gape o kopa gore ka ngwaga wa 2036 molao tsamaiso wa Matlhabelo a lefatshe leno ( BMC) o o letlelelang fela BMC go rekisa nama kwa ntle ga lefatshe leno o phimolwe. A re molao oo fa o ka phimolwa ditlhwatlhwa tsa dikgomo di tsile go nna kwa godimo ka gore mmaraka o tlaa bo o le montsi ka gore Batswana bangwe ba ka rekisa dikgomo tsa bone kwantle ga lefatshe leno. Mokhanselara wa Bosele mo toropong ya Ghanzi, Rre Onalethata Ngati ene o ne a kopa gore ka tebelopele ya 2036 lekgotla le le tsamaisang ditlhopho le la DCEC a ikemele a tswe mo go tsamaisiweng ke puso. Erile mokhanselara Makgetse Modisana yo o itlhopetsweng a ntsha la gagwe, a kopa gore Batswana botlhe ba rotloediwe mo dingwaong tsa bone gore ba kgone go itshetsa ka tsone gape ba bonwe ka yone le go ipelefatsa jaaka morafe wa Baherero. A re morafe oo o somaretse ngwao ya bone sentle. Mokhanselara Modisana ,o ne a kopa gore ditlhabololo tse ditona di tsisiwe mo dikgaolong di seka tsa isiwa fela kwa ditoropong. A re mo kgaolo ya Ghanzi go tlhokafala lebala la mabelo a dipitse la maemo a a kwa godimo. Mokhanselara wa Ncojane, Baduetse Setswalo o kopile gore kgaolo ya Ghanzi e akanyediwe tlhabololo nngwe e e amanang le kgomo ka gore kgaolo ya bone ke ya dikgomo.
economy_business_and_finance
3
Tiego e tshwenya mokhanserala
Mokhanselara wa Gabane Mmankgodi Rre Ofentse Mafoko a re o tshwenyegile thata ka tiego ya lekgotla la kabo ditsha la Kweneng mo go dueleng phimolo dikeledi banni ba Mmankgodi ba ba sailing ba tsetse masimo ke lekgotla leo ka 2004. Erile fa a akgela mo phuthegong ya khansele ya Kweneng e e tsweletseng, Rre Mafoko a re lekgotla la kabo ditsha gape ga le ise le abele batho ditsha tsa bonno jaaka go solofetswe. E re fa go sa ntse go le jalo, mokhanselara wa Ledumadumane Bophirima, Rre Mothusi Kgomotso a re mo kgaolwaneng ya gagwe, batho ga ba ise ba neelwe ditlankana tsa ditsha tse ba neng ba di abelwa fa masimo a sena go tsewa. Rre Kgomotso a re se se tshwenya thata ka gore go kgoreletsa banni go tlhabolola ditsha tsa bone, selo se ba ka se direng fa ba sena ditlankana. O boletse gape gore batho bangwe ba sa ntse ba na le mokgwa wa go latlhela matlakala mo motseng le fa lefelo le go latlhelwang matlakala mo go lone le ntse le le teng. Makhanselara ka bontsi a ne a tswa ka mogopolo wa gore madi a dipaakanyetso boipuso jwa msome matlhano, a Bot 50, a anamisiwe le dikgaolwana tsa motse e seng dikgaolo (constituency) ka gore batho ba na le go tlogela ditoropo mme ba ye go kopana kwa magaeng a bone ka meletlo ya ipelelo boipuso. E re fa go sa ntse go eme jalo, mokhanselara wa Mahetlwe Rre Simon Maroane, o boditse gore a tsela ya mela e mene e e yang Molepolole, e tlaa tsisa tharabololo kana e tsile go oketsa mosuke wa dikoloi mo ditseleng, mme a ntsha mogopolo wa gore gongwe e kare e ise e dirwe, go bo go dirwa ditsela tse dingwe tse dipotlana tse di mo gare ga motse, tsone tse di tsenang mo tseleng e kgolo eo. Le fa go ntse jalo, Rre Maroane o ne a lebogela go nna teng ga lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP, a re o itumelela gore tsela e e mo kgaolong ya gagwe ya Molepolole-Mahetlwe e tlaa tshelwa sekontere, fa mokhanselara wa Gabane Mmankgodi, Rre Ofentse Mafoko ene a ne a itumelela go dirwa ga tsela ya Gabane-Tloaneng, e le yone e leng mo lenaneong la ESP ka go sa ntse go buisanngwa ka yone. BOKHUTLO
society
9
Letsema le bolotse kwa Tati Siding
Morafe wa Tati Siding kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba o boloditse letsema kgwedi eno e le malatsi a le marataro. Mo potsolotsong, Kgosi Simon Nkgageng wa Tati Siding o boletse fa tiro eo e ne tsenwe ke banni ba Tati Siding ba kopane le baruti ba dikereke ka go farologana. Kgosi Nkgageng a re ka lone letsatsi leo, morafe wa Tati Siding o ne wa tsaya ditshwetso dingwe jaaka gore ba seka ba lema ka pula ya sephai mme ba leme ka ya bobedi. A re dingwe tse go dumalanweng ka tsone ke gore go seka ga lengwa ka Labotlhano le gore ope fa a feditse go roba, a seka a tsenya dikgomo tsa gagwe mo tshimong go fitlhelela go rebolwa gore ba dire jalo. E re dikgang di eme jalo, Kgosi Nkgageng o kopile baratani go emisa mokgwa wa go nna mmogo ba sa nyalana, ka go felela go baka dintwa tse di sa tlhokafaleng. Kgosi o ne a ntsha kgalemo eo, morago ga tsheko e mo go yone Rre Edward Makwiwa wa dingwaga tse di masome a mararo le bone, a neng a sekisediwa molato wa go itaya mokapelo wa gagwe ka mabole mme a mo gobatsa mo tlhogong. Tiragalo eo e diragetse kgwedi ya Lwetse e tlhola ga supa mme mokapelo wa gagwe o ne a ya go alafelwa dikgobalo tse di potlana kwa kokelong ya Tati Siding. Rre Makhiwa o ne a pegiwa dithupa tse tlhano morago ga gore lekgotla le tseye tsia boikuelo jwa gagwe jwa gore kgolegelo e ka mmaya ka fa mosing, ka e le ene a tlhokomelang ngwana wa gagwe le mmaagwe. Fa a ntsha katlholo, Kgosi Nkgageng o ne a tlhalosa fa molato o o dirilweng ke Rre Makhiwa o ka mo romela kgolegelong ya lebaka la ngwaga, a re fela o tsere tsia boikuelo jwa gagwe mme a mo fa dithupa tseo gore a seka a tlhola a dira jalo gape. Bokhutlo
politics
7
Lenaneo la ditlhabololo tsa Gaborone le rotswe
Mogolwane wa Khansele ya Gaborone, Rre Nathaniel Maphoto, o roletse makhanselara a Gaborone lenaneo la ditlhabololo tsa Gaborone (Urban Development Plan IV 2017-2023) la dingwaga tse thataro. Fa a rolela Khansele ya Gaborone pego ya lenaneo leo, ka Laboraro, Rre Maphoto o nankotse dikgang tse di amang tlhabolologo ya toropokgolo le gore di tla rarabololwa jang mo lenaneong la ditlhabololo la NDP 11, fa madi a lekane. Rre Maphoto o tlhaloseditse makhanselara a Gaborone gore lenaneo le, le tla akaretsa go ntshafatsa ditsela tsa toropokgolo gammogo le goketsa matlo a bodiredi ba puso. Le fa go ntse jalo, makhanselara mangwe a supile fa ba sa itumelela gore dingwe tsa dikopo tsa bone, tsa ditlhabololo, ga di a akarediwa mo lenaneong. Fa a akgela, Mokhanselara wa Marulamantsi, Rre Sergeant Kgosietsile, o tlhalositse fa a sa jesiwe diwelang ke gore bontsi jwa dikopo tsa bone ga di a akarediwa mo lenaneong la ditlhabololo la NDP 11. “Ditsela, dipone tsa mo mokgwatheng gammogo le matlo a bodiredi ba puso ga di tlamelwe le go baakangwa ka nako. Toropokgolo le yone e ntse lefifi fela, e kare ga se toropokgolo,” ga bua Rre Kgosietsile. Mokhanselara wa Selemela, Rre James Matlhogojane, ene o supile ngongorego ya gore ga ba aka ba fiwa nako gore ba akgele mo lenaneong le pele le ka wediwa. A re ba gakgamadiwa ke go bona fela ba setse ba le rolelwa le wetse. Fa a ntsha la gagwe, Mme Rhoda Sekgororwane, yo e leng mokhanselara wa Tlogatloga, o kgadile a sa kgwe mathe seemo sa ditsela tsa toropokgolo, a re bontsi jwa tsone di tletse dikhutikhuti fela. Mme Sekgororwane a re o tshwenngwa gape ke gore banana ba lebaganwe ke kgwetlho e tona ya letlhoko la ditsha tse ba ka direlang dikgwebo mo go tsone, ntswa goromente a dirile lenaneo le ka lone ba ka thusiwang ka madi a go itshimololela dikgwebo. Le fa go ntse jalo, Mokhanselara wa Tlogatloga o lebogetse gore goromente o ntshitse madi a Bonnington Farm. Mo godimo ga moo, o rotloeditse gore mananeo a nyeletso lehuma a leke go tsenngwa leitlho go netefatsa gore a diragadiwa sentle ka fa go tshwanetseng a re bontsi ba one a saletse ko morago. Mme Batlhalefeng Letlhage, yo e leng Mokhanselara wa Block 6 le Block 7, ene o supile fa a sa itumedisiwe ke gore ba sale ba kopile go agelwa sekole se se botlana mo kgaolong ya gagwe, mme kopo ya bone e tsaya lebaka go diragadiwa. Mme Letlhage o gateletse gape gore batho ba mafelo a Block 6 le Block 7 ba tshelela fela mo lefifing, ka go sena dipone tsa mo mekgwatheng, a tlatsa ka gore kgaolo ya gagwe e tlhokana gape le go agelwa kokelwana. Mokhanselara wa Diphetogo ene, Rre Tshepo Moloko o kgadile mogopolo wa gore barutabana ba ka agelwa matlo a bonno mo mafelong a mo tikologong ya Gaborone, jaaka Mogoditshane le Tlokweng. Rre Moloko a re selo se, se ka kgoba barutabana marapo ka jalo ba ka se kgone go dira tiro ya bone le go thusa bana ba dikole ba phuthulogile ka ba tlaabo ba nna kgakala le dikole tse ba rutang mo go tsone. A re ba agelwe matlo a matlhatlhaganyane mo dikoleng gore ba tle ba kgone go dira tiro ya bone ba phuthulogile. BOKHUTLO
politics
7
Saint Hosana e rotloetsa itlhatlhobelo mogare
E re ka puso e tswa kgakala e kopa dikereke go nna le seabe mo go thuseng go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV, ba Saint Hosana kwa Chadibe ba supile seabe sa bone ka go letlelela ba kokelwana ya Tlhalogang mo Chadibe go tla go ba tlhatlhobela HIV kwa kerekeng E sale beke tse pedi tse di fetileng, ba kokelwana eo ba ntse ba tlhoma tante fa kerekeng Sontaga mongwe le mongwe go tlhatlhobela maloko mogare. Mo potsolotsong le A re fa maloko a itse seemo sa bone go ka thusa gore ba bone dithuso jaaka diARV nako e sale teng le go anywa dithuto tsa gore ba itshware jang fa ba tshwerwe ka mogare le fa ba sena nao. A re tiro e ntle e e dirilweng ke ba kokelwana ya Thalogang e mosola ka ba kgonne go tlhatlhoba palo e ntsi ya batho, e bile se ba se dirileng e le go isa ditlamelo kwa bathong. A re ga se mongwe le mongwe yo o ka kgonang go ya kokelwaneng go itlhatlhoba fa gare ga beke ka ntlha ya ditshwarego tsa botshelo, ka jalo kgang e e thusitse maloko a kereke ya gagwe gore ba bone monyetla wa go itlhatlhobela mogare. Arch-Bishop Olaotse o ne a tlhalosa fa e le ba kereke ya Saint Hosana ba aga ba rerela maloko lefoko la Modimo, ba kgala dilo tse di duleng mo tseleng jaaka go nna le bakapelo ba bantsi le go itlhaganelela tlhakanelo dikobo ga banana. A re dilo di tshwana le kgokgontsho ya bong di tshwanetse go rutwa mo dikerekeng di bapisiwa le lefoko la Modimo, ka le tsone di ka rotloetsa kanamiso ya mogare. A re ba butse dikgoro ka nako tsotlhe, ka jalo ba botsogo ba gololesegile go ka ba tsisetsa mananeo kwa kerekeng mme a rotloetsa dikereke tse dingwe gore le bone ba bulele ba botsogo dikgoro fa ba batla go tsisa ditlamelo gore maloko a akole dithuso le dikgakololo tse tsa mahala. O ne a kgala bangwe baeteledipele ba dikereke ba ba kganelang maloko go tsaya kalafi go balelwa le dipilisi tsa di ARV. A re jaaka mmuso o tlhalositse, ga go na kalafi ya AIDS, ka jalo kgang ya gore baruti le baporofiti bangwe ba kgona go alafa bolwetse jo ke ditsiabadimo fela. E rile a ntsha la gagwe, moeteledipele wa banana ba Saint Hosana Rre Mohumiemang Mothobi le ene o ne a galaletsa maiteko a ba kokelwana ya Thalogang. A re banana ba kgonne go itlhatlhoba ka dipalo tse di kwa godimo, e bile ba amule dithuto tsa badiri ba kokelwana. A re itlhatlhobelo mogare e ne ya ngoka le bangwe ba dikereke tse di gaufi tota, go supa fa e le ruri se e le maiteko a mantle a a dirilweng ke kokelwana. A re ba tsile go tswelela ka go nna ba rutana ka boitsholo jo bontle mo komiting ya banana gore e re ka moso ba bo ba le tšhaba e e itekanetseng. Rre Mothobi o ne a tlhalosa fa keletso ya gagwe e le go bona ba kokelwana e ba tlhatlhobela batho mogare gape kwa ba leng bantsi teng jaaka kwa metshamekong, kwa diphuthegong tsa kgotla jalo le jalo.
health
6
Ba re mananeo ga a salwe morago
Banni ba Rakops kwa kgaolong-potlana ya Boteti ba re go tlhoka go salwa morago ga mananeo a puso ke gone go dirang gore a seka a tswelela sentle. Banni ba buile jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente Slumber Tsogwane bosheng. Banni ba ne ba lela gape ka lebala la difofane le ba reng le sale le tserwe mo go bone, ba kopile gape ofisi ya poso. Rre Tsogwane yo gape e leng tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, o ne a supa fa puso e ntsha madi a mantsi a mananeo ka maikaelelo a go ntsha Batswana mo lehumeng. Tona Tsogwane o ne a tlhalosa fa mathata e le gore bontsi jwa batho ba ba filweng mananeo a ga ba a tlhokomele. A re seemo se se holodisa maikalelo a puso a go ba ntsha mo lehumeng le go tswakanya itsholelo. Mongwe wa banni, Rre Galeitsiwe Kaisara a re letlhoko la ditiro ke lone le dirang gore banana ba amege mo borukutlhing. Rre Gaboitatolwe Jenjele a re puso e na le seabe mo kgannyeng ya gore maduo a bana ga a itumedise ka gore didirisiwa tsa thuto di a tlhaela. Rre Jenjele a re mananeo ga a salwe morago, seemo se areng se dira gore batho bangwe ba a fiwe gabedi. Rre Galemphete Sethapelo ene o supile fa ditlou di na le seabe mo go phutlhamiseng maikaelelo a go thusa setshaba go tswa mo lehumeng ka temo-thuo. Rre Sethapelo a re ba thusitswe ka lenaneo la go agelela masimo a a kopanetsweng, a tlhalosa fa ditlou di kgaotse terata. A re le fa ba leka go baakanya, go tshwana fela ka di boa di e kgaola, a re le fa go ntse jalo ba lephata la diphologolo ga ba tsibogele dipego tsa tshenyo ya diphologolo. Mo dikgannyeng tse dingwe mogolwane wa meepo ya Orapa Letlhakane le Damtshaa, Rre Sethole o ne a rolela Tona bese e potlana ya sekole se sebotlana sa Tsienyana ya madi a P700 000. Rre Sethole o boletse fa bese e e ya ba-na-le bogole e tsentswe didirisiwa tse di dirang gore dikolotsana tsa bone di pagame motlhofo. Rre Sethole a re go ne go kopilwe gore khamphani ya bone e tseye sekole, mme ka ba ne ba setse ba tsere sa Mokobaxane, ba bona go le botlhokwa gore ba ba direle sengwe. E rile a lebogela mpho eo, mogokgo wa sekole se se botlana sa Tsienyane, Rre Geresome Mmusi a supa fa mpho e e le ya seemo se se kwa godimo, e bile e ya go dira pharologanyo mo matshelong a bana ga mmogo le go tsisa monyenyo mo difatlhegong tsa bone. Rre Mmusi a re bangwe ba bana ba, ba ne ba sa kgone go tsena sekole sentle ka lebaka la gore go ne go sena se se ba tsayang ko malwapeng. Bokhutlo
society
9
Palapye o golela pele
Palapye ke mongwe wa metse e godileng thata mo lefatsheng la Botswana mme e bile o supa fa o tla tswelela o gola. Motse o o simologile o le fa seporong sa terena kwa go bidiwang Palapye wa bogologolo tsatsi jeno mme gompieno o aname dintlha tsotlhe. Dipalo tsa batho ba motse o, di tsweletse ka go gola. Palo-batho e e dirilweng bosheng ka ngwaga wa 2011 e supile fa batho ba Palapye ba le 46 000. Le fa go ntse jalo, dipalo tse di tsweletse ka go golela pele ka selekanyo se sekwa godimo, mme potso e ka nna gore, ka goreng? Mothusa kgosi ya Palapye, Kgosi Masego Olebile, o tlhalositse fa bontsi jo bo thologelang mo Palapye bo ngokiwa ke ditlhabololo tse di tsweletseng ka go tla ka mmetela mo motseng wa gagwe. A re Palapye o fetogile fela thata, ga a sa tlhole a lebega jaaka Palapye wa bogologolo yo o neng a itsege ka ‘seteishane’. A re Palapye o tswa kgakala ele makgatlhanela thapong, banni ba motse o ba ne ba itshetsa ka go rekisa dijo, majalwa le tse dingwe fa maemelong a diterena. Bontsi jwa barekisi e ne e le ba ba tswang ntlheng ya Tswapong. Kgosi Olebile a re batho ba metse e gaufi jaaka Serowe ba ne ba lemoga fa kgwebo e le ntsi thata mo Palapye mme ba kgatlhegela go nna teng. E ne yare go ntse go tsweletse, mo dingwageng tsa bo 1930, batho ba ne ba oketsega ka bonya ka bonya mme ba nna le kgosi e ba laolang. Go ne ga ntshiwa moemedi wa kgosi go etelela morafe oo, ebong Kgosi Mokgwane. Kgosi Mokgwane o ne a kgobokanya batho a dira setlhopha se le sengwe. Ka ngwaga wa 1937, Kgosi Olebile a re ga bo go tsisiwa mothusa kgosi a bidiwa Segotso Ngwato, yo o neng a tsile mo thomong ya ga Kgosi Tshekedi. Kgosi Ngwako o ile a tla le bomonnawe ebong Kediretswe Ngwako le Ungwang Ngwako. Ka ngwaga wa 1958, motse wa bo o fuduga kwa Old Palapye go tlolela seporo ntlha e ngwe. Go ne go na le dikgotla di le nne fela ka ngwaga oo. Dikgotla tse e ne e le Boikago, Serorome, Madiba le Lotsane mme di tlhamilwe ke Ngwako le bomonnawe mme tse dingwe jaaka Thomadithotse, Khurumela tsa tla kwa morago motse o ntse o tsweletse ka go gola. E rile ka ngwaga wa 1995 ga tla morwalela o mashetla o ileng wa senya dilo di le dintsi jaaka mantlo le batho ba le bantsi ba latlhegelwa ke matshelo. Morwalela o o ne wa kgaoganya batho wa ba wa kgaoganya le motse, bangwe ba ne ba nna kwa go leng kwa godimo, kwa gompieno re bonang Kgotla ya Khurumela teng. Ka ntlha e, go ile ga tlhamiwa dikgotla tse dingwe gape mme palo ya dikgotla mo Palapye e ne ya oketsegela kwa go lesome le boraro. Ka ngwaga wa 2005, ga nna le bontlha bongwe jwa Palapye jo bo bidiwa di-extension. Di-extension di laolwa ke dikgosi tsa dikgotla tse di farologaneng gone mo Palapye. Extension 6 le 7 di laolwa ke kgotla ya Serorome. Di-extension tsotlhe ka palo di lesome. Ditlhabololo le dikgwebo mo motseng wa Palapye le tsone di ile magoletsa. Palapye mo bogompienong o ikgantsha ka sekole sa mmadikolo wa bobedi o itebagantseng le dithuto tsa maranyane. Dingwe tsa ditlhabololo tse di bonwang mo motseng wa Palapye ke moepo wa magala wa Morupule, madirelo a fetlhang motlakase a magolo mo lefatsheng leno a Morupule B, diofisi tsa mapodise tse di sha, madirelo a diphaephe tsa metsi, le tse dingwe tse di sa ntseng di dirwa di tshwana le madirelo a digalase. Bokhutlo
society
9
Makgotla a Setswana le khansele a tiisa badiri moko
Badiri ba makgotla a Setswana le ba khansele ya Kgalagadi mo Tsabong, e rile bosheng ba tshwara moletlo wa dijo tsa maitseboa le kabo dietsele kwa sekoleng se segolwane sa Tsabong go tiisa badiri moko go tswelela ba ntsha maduo a a kgatlhisang. Fa a bua kwa moletlong o setlhogo sa one e neng e le Thotloetso ya Bodiredi Kgatelo Pele mo Tokafatsong Maduo, mogolwane go tswa mo khanseleng ya Kgalagadi, Rre Joseph Banyatsang o ne a tlhalosa fa modiro wa go nna jalo o faphegile, ka jaana o dirisiwa go lemoga bokgoni jwa badiri ba tlhwatlhwa ba ba ka nowang moro mo ditirong tsa bone tse di farologanyeng. Rre Banyatsang o ne a tshwantshanya go dira ka bonatla ga badiri le peo e e jalwang mo mmung o o nonneng, o kwa phelelong o ntshang maungo a a monate a a eletsegang go ka jewa. Mo godimo ga moo, Rre Banyatsang o kaile fa kabo dietsele e le botlhokwa ka e kgothatsa le go rotloetsa babereki go tsenya marapo dinameng. Mokwaledi wa khansele ya Kgalagadi, Mme Baipelelang Photlokwe ene o ne a bolela fa badiri ba le botlhokwa mo go tlhabololeng le go isa ditirelo tsa maemo a ntlha kwa setshabeng. Mme Photlokwe o ne a tlhalosa fa temogo ya bonatla jwa badiri le go ba atswa ka dietsele go ba rotloetsa go itshekatsheka makoa le bokgoni. A re badiri ba ba kgothetseng ba thusa baeteledipele go tswa ka maele le ditharabololo tsa go thiba diphatlha tse di ka tswang di le teng. A re puso e tseela kwa godimo go ntsha maduo mo ditirong, ka jalo o ne a gwetlha badiri go dira ba le seopo sengwe le go ithuta maitlamo a puso. Mo mafokong a gagwe a kgothatso, Rre Kgomotso Jongman o boletse fa dietsele e le tsela nngwe ya go leboga ba ba dirileng botoka go gaisa ba bangwe. A re ka jalo, badiri ba tshwanentse go fetola ka fa ba dirang ka teng ka seo e le konokono mo go ntsheng maduo a a kgatlhisang mo ditirong tsa bone tsa tsatsi le letsatsi. Mongwe wa badiri yo gape a gaisitseng botlhe go tswa kwa lephateng la makgotla a Setswana, Mme Keletso Diphoko o ne a supa fa tshepo ya gagwe mo go ramasedi, boineelo le boitshoko go direla setshaba e le dilo tse di mo kgontshitseng go tswa mofenyi. BOKHUTLO
society
9
Bulang dipolokelo tsa dibanka
Mogololwane wa polokelo madi a mmuso kwa Mahalapye, Mme Mariah Molefe, o kopile makhanselara a kgaolo potlana ya Mahalapye go rotloetsa banni ba dikgaolwana tsa bone go bula dipolokelo tsa dibanka. Mme Molefe o buile se, fa a ne a buisa makhanselara a kgaolo potlana ya Mahalapye mo phuthegong e e tsweletseng mo Mahalapye bosheng. O ne a tlhalosa gore go botlhokwa fela thata gore banni ba bule dipolokelo ka jaanong puso e simolodistse lenaneo la go duela batho madi e ba tsenyetsa mo dibankeng la GABS. A re lenaneo le le diretswe gore jaanong batho ba tsile go amogela madi a bone mo phefong mme ka jalo go mosola fela thata gore banni ba bo ba nale dipolokelo tsa dibanka. Mme Molefe a re se se tsile go dira tiro motlhofo fela thata ka jaana le batho b aba neng ba kwalelwa dicheke go tsile go nna motlhofo gore ba bone madi a bone. A re selo se, gape se tsile go fokotsa le one mosuke mo di ofising tsa bone ka jaana batho ba tlaa bo ba ya fela kwa dibankeng go ya go tseya madi a bone. A re botlhe go simolola fela ka molemi wa terekere, batsadi b aba Amogelang madi a tlhokomelo ya bana, babereki ba ipelegeng botlhe fela ba gakololwe go bula dipolokelo. O ne a tlhalosa gore ka lenaneo le gape go tsile go fokotsa le bone bogodu ka jaanong ba tlaa bob a tsamaya bas a tshole madi mo dibekeng, atlatsa ka gore neelano e yam o phefong e tsile go dira motlhofo fela thata. Mme Molefe a re neelano e ya maranyane e bonako fela thata e bile motho o kgona go bona madi a gagwe gongwe le gongwe kwa a leng teng. Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosa gore e re le ntswa lenaneo le le motlhofo e bile le fefosa ditirelo, mathata a ba kopanang le one ke go kgaoga ga motlakase le go tlhoka network gantsi. A re maranyane fa gongwe ga a tshepagala ka jalo nako tse dingwe network e a tlhokafala e bo batho ba sa bone dituelo tsa bone ka nako mme e bile se gape se die le tsone ditirelo. E rile ba mo kgwa dikgaba, mokhanselara wa Sefhare Rre Mothusi Sedimo a tlhalosa fa batho ba kgaolo ya gagwe bas a duelwe sentle fa e sale lenaneo le simologa ntateng ya go tlhoka network kana gotwe madi a fedile. Rre Sedimo a re ene o itemogetse fa lenaneo le le bonya fela thata mme a kopa puso go tlhabolola maranyane a lenaneo o gore batho ba seka ba emela dituelo lebaka le le leele. Rre Mogakolodi Bagwasi wa kgotla ya Dilaene ene o ne a re lenaneo le ka tswa le siame mathata ke go tlhoka network mo jaanong bas a itseng gore b aka raya banni ba reng ka ba bona dituelo morago ga lobaka. Mokhanselara Gabautwe Maboka wa Chadibe ene o ne a re mathata a ba kopanang le one ke gore fa e sale lenaneo le le simololwa banni ba kgaolo ya gagwe ba bona dituelo morago ga lebaka le leeele bogolo jang ba lenaneo la LIMID. Rre Maboka a re mathata ke gore madi a kgobokantswe golo go le gongwe fela fa ba dikgaolo tsa bone ba tshwanetse go duelwa gatwe a fedile selo se a re puso e tshwanetse go ela se tlhoko. O ne a tlhalosa gore jaanong le bone ga bas a na tshepo mo lenaneong le ka jaana banni ba leba bone. Mo go tse dingwe makhanselara ba ne ba atla mogopolo wag a Mme Molefe wa go gakolola banni go ka bula dipolokelo tsa dibanka go inaakanya le ditlhabololo tse. BOKHUTLO
politics
7
Mapodisi le barui ba lwantsha bogodu
Ka maiteko a go lwantsha bogodu jwa leruo mo kgaolong ya Shoshong, ramapodisi wa Shoshong, Superintendent Tawana Tawana o boloditse letsholo la go tlhoma dikomiti tsa twantsho borukutlhi mo merakeng e e mo kgalolong. Fa a simolodisa komiti e, e e bopilweng ka barui ba kwa morakeng wa Mosoke bosheng, Rre Tawana o tlhaloseditse baruakgomo gore, gore ntwa kgatlhanong le bogodu ja leruo e nne le katlego, batlhokomedi le beng ba leruo ba tshwanetse go ema ka dinao ba itshwaraganya le ba sepodisi. O ne a tswelea ka go tlhalosa gore bone e le mapodise ba itemogetse fa ba ka se kake ba kgona go fedisa bogodu ntle le kemonokeng ya barui a tlatsa ka gore “kana ke lona le itseng leruo la lona e bile le tlhaloganya le metsamao ya lone mo go rayang gore le mo maemong a a siameng go fa bosupi le go re tswa thuso fa go tlhokegang.” A re bontsi ja nako fa go na le dikgang tsa bogodu ja leruo, le dilalome tsa teng di tshwerwe di lebanwe ke katlholo, di felela di tshololwa ntateng ya letlhoko la bosupi, selo se a reng se na le seabe se segolo mo kgolong ya borukutlhi. Ka jalo he, ramapodisi o ne a kgotlhatsa barui go nna le keletso le lerato la go thusana ka go fa bosupi, a bo a ba sedimosetsa fa puso e sireletsa mongwe le mongwe yo o thusang ka ditlhotlhomiso le go fa bosupi e bile mo godimo ga moo go na le dikatso tse di fiwang ba ba fang bosupi. ENDS
crime_law_and_justice
1
Khansele e tlotla dikomiti tsa ditlhabololo
Balemisi ba kgaolo ya Borwa ba kopa balemi go tla go tsaya peo ya mabele mo mabeelong a bone. Mo potsolosong le O tlhalositse fa go tsaya ba ba neng ba ikwadisa fa ba ba tlang go ikwadisa ba ka dira jalo mo nakong eno ka go ne go emisitswe. O supile fa balemi ba le maoto a tshupa go tla go tsaya dipeo tse di setseng di gorogile le mororo pula e phaitse. Rre Montshiwa o boletse fa peo ya mmidi le dinawa e santse e saletse kwa morago ka ntata ya theko e e neng ya salela morago, mme a re balemi ba seka ba fela pelo ka gore e tlaa goroga mo nakong e e sa fediseng pelo. O rotloeditse balemi go lema mabele le dinawa ka gore ke tsone di ka itshwarelelang mo ngwageng ono ka gore ba tepo lewapi ba supile fa pula e tlaa nna boutsana. A re mabele le dinawa ke tsone di sa batleng metsi a mantsi thata go na le mmidi. Le fa go ntse jalo, Rre Montshiwa o tlhalositse fa bangwe balemi ba masimo a Kanngwe go bapa le Mmathethe ba simolotse go pitikolola, a tlatsa ka go re e rile bosheng, ga na pula ya sefhako e e dirileng gore bangwe balemi ba eme ka dinao. O ba rotloeditse go simolola fela fa dipula di simolola, a tlatsa ka go re kgwedi ya Phalane e maleba go simolola go lema ka tlhoafalo. BOKHUTLO
society
9
Go dira tiro ka matshetla go na le maduo
Go dira tiro nngwe le nngwe ka mashetla go na le maduo a mantle. Mme Keitshepile Maphorisa wa kgotla ya Magapatona kwa Tutume o tshela kamoono oo. Mo potsolotsong le BOPA,Mme Maphorisa yo o dingwaga di masome mararo le bosupa a re o simolotse go rokela batho ditlhako morago ga go rutwa tiro eo ke mme mongwe kwa Francistown. A re e rile a tsena kwa Tutume a seka a re kamoso a simolola go roka a direla kwa lelwapeng la gagwe mme a lemoga fa batho ba sa kgone go mo lemoga sentle gore go na le setswerere sa thoko kwa Tutume. Ke ka moo a neng a bona go tshwanela go batla lefelo kwa marekisetsong a motse go direla teng. O boletse fa koo a ne a atlega ka gore ka letsatsi o ne a kgona go bona palo e ntsinyana ya batho ba ba tsisang ditlhako, ka jalo madi a simolola go tsena mme a kgona go bona sengwe se se ka isiwang kwa maleng. Mme Maphorisa a re kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle e bile o kgonne go aga ntlo ka madi a a a a bonang, le go tsenya bana ba gagwe sekole, a supa fa a kgona go dira P1 500 ka kgwedi. A re o kile a leka go kopa thuso kwa go ba nyeletso lehuma go atolosa kgwebo ya gagwe mme o ne a seka a atlega ka ba boletse fa ene a tsweletse sentle le botshelo jwa gagwe bo le botoka. O ne a bolela fa a kopana le dikgwetlho di tshwana le tsa batho ba ba tsisang ditlhako ba bo ba tsamaela ruri e bo e sala e nna morwalo mo go ene, bangwe ba sa duele gape bangwe ba kgona go boa morago ga ngwaga go batla ditlhako tsa bone. Mo gongwe a re batho ba na le go tsisa ditlhako tse di leswe bogolo jang mo diretheng mme e re a ba gakolola ba omane. O boletse gore nako e nngwe o felela a abela bangwe ba ba tlhokang ditlhako tse di tsayang nako di sa tsewe fa a setse a bona di digela dingwaga tse pedi. Rre Batshani Bakwena yo o rokang ditlhako tsa gagwe kwa ga Mme Maphorisa o ne a galaletsa tiro e e dirwang ke Mme Maphorisa a re pele o ne a sa dumele fa motho wa mme a ka roka ditlhako ka e ne e le tiro e e tlwaelesegileng e dirwa ke borre. Rre Bakwena a re o nna a isa ditlhako go tsenngwa serethe le go rokwa mme ga a ise a belaele sepe e bile thoko ya teng e gaisa le ya banna tota. A re ka ene a direla kwa Tutume mme a nna kwa Nkange, o nna a laela batho go ya go roka kwa ga Mme Maphorisa ka a dumela mo tirong ya gagwe.
economy_business_and_finance
3
Twantsho tshenyetso setshaba e simolola kwa lwapeng
Batsadi ba kopilwe go tsenya letsogo mo go lwantsheng tshenyetso setshaba ka go lebega e simolola mo malwapeng. Seo se builwe ke mokhanselara wa Mahalapye Bogare, Rre Joseph Tjienda morago ga mogwanto wa go kokoanyetsa makgatlho wa Mahalapye Anti-Corruption Club madi. O ne a tswelela kago tlhalosa fa tshenyetso setshaba e simolola mo lwapeng fa ngwana yo go sa itseweng a bereka a ta ka dithoto kana madi mo lwapeng mme motsadi a sa mo tseele epe kgatlo. O ne a kopa batsadi go kgalemela bana ba bone kgatlhanong le go ipha dithoto kana madi ka bokukuntshwane, go le ojwa le sale metsi go ka fokotsa tshenyetso sechaba mo lefatsheng la Botswana. Mokhanselara one a thalosa fa tshenyetso sechaba ele chaka e e magale mabedi e e gopelang itsholelo ya lefatshe ebile e rontsha sechaba ditlamelo kafa e humisa motho ale mongwe hela yo o senyetsang sechaba. Rre Tjienda one a akgola baithaopi ba ba tsereng kaloro mo mogwantong, one gape a ba rotoetsa maloko a mokgatho go ta go thalosetsa makhanselara a kgaolo ya Mahalapye ka moono wa mokgatho wa bone. Fa a ntsha la gagwe mogolwane go tswa lekalaneng le le lwantshang tshenyetso setshaba (Directorate of Corruption and Economic Crimes- DCEC) Mme Esther Mokwenaotsile one a thalosa fa mokgatho wa Mahalapye Anti-Corruption Club o thamilwe ka ngwaga wa 2012 ke bana ba baneng ba fetsa mo dikolong tse di kgolwane bana le maikaelelo ago tswelela ba lwantsha tshenyetso sechaba. One a thalosa fa moono wa mokgatho o ele go tsibosa sechaba ka tshenyetso sechaba. Mogwanto one wa kokoanyetsa mokgatho madi a a kanang ka P2 368.00. BOKHUTLO
crime_law_and_justice
1
Boteti o tsosolosa ngwao
E re le ntswa moletlo wa ngwao ya Boteti o tshwerwe ka kgwedi ya Motsheganong kwa Rakops, ba komiti eo ba tlhalosa fa Mmabontle a tlaa tshwarwa mo kgweding e e tlang morago ga gore a seka a nna teng. Go ya ka morulaganyi wakgaisano e, yo e bileng e le leloko la komiti Rre Kesaobaka Mothanke, kgaisanoe e tshwarwa ngwaga le ngwaga e le karolo nngwe ya go ipelela moletlo wa ngwaoya Boteti. “Re le komiti re kgonne gotshwara kgaisano ya mmabontle wa bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesomele botlhano mme ka mabaka a a rileng, re ne ra seka ra kgona go tshwarakgaisano ya ba bagolwane,” ga tlhalosa Rre Mothanke Kgaolo ya Boteti e dirwa kemerafe e tshwana le ya Bateti, Basarwa, Bakhurutshe, Baherero le Bakalaka mmeRre Mothanke o tlhalosa fa ba dirile kgaisano le moletlo wa go ipelela ngwao kamaikaelelo ago kopanya mmogo merafe e le go ruta Batswana ka ngwao ya kgaolo yaBoteti. O tswelela ka go tlhalosagore mo meletlong ya bone ba laletsa ditlhopha tsa mmino wa setso ka gofarologana go tla go diragatsa le go ruta morafe. Merafe le dingwao tse difarologaneng di kopana mmogo mme go nne le disupiwa tsa dijo tsa setso, kapari,metshameko le poko ka diteme tse di farologaneng. Fa a bua le ba BOPA boshengRre Mothanke o tlhalositse fa ba dirisa kgaisano e go kokoanya madi a moletlomme ba o dirisa gape go rutuntsha banana ka ngwao ya bone. O tsweletse ka go tlhalosagore mo mmabontleng makgarejwana a supa bontle jwa kapari ya setso, babo barutuntshiwa ka mmino wa setso o ba o supang mo seraleng. O tlhalosa gape gorebo mmabontle ba botswa dipotso tse di amanang le ngwao mme se se dire gore banne le kitso ka ngwao ya bone.Go ya ka Rre Mothanke moletlole dikgaisano di mo ngwageng wa bobedi di tshwarwa mme di tsweletse sentle. BOKHUTLO
arts_culture_entertainment_and_media
0
Moruti o abela mogodi koloi
Moruti wa kereke ya The Well of Life kwa Francistown, Moruti Lesley Mogasha o abetse Mme Sarah Sereetsi go tswa Matsiloje mpho ya koloi. Mo potsolotsong le lekana la dikgang la DailyNews ka mosupologo, Moruti Mogasha a re o abetse Mme Sereetsiyo e leng mogodi koloi e le mpho ebile ele sesupo sa lerato. “Ke utlule Modimo a ntshusumela a re thuto e ke e le rutang le le bana ke gore letlhogonolo la lona le mo batsading,” a bolela jalo. Moruti a re thuto mo molaong wa Modimo e e lesome ke gore ba na ba tshwanetse ba tlhompha batsadi gore malatsi a bone a tle a oketsege. Moruti Magosha a re tlhokomelo kana tlhompho ga go tewe fela mo motsading yo o tshotseng motho mme e akaretsa motsadi kana mogolo mongwe le mongwe mo setshabeng. A re o abetse Mme Sereetsi koloi le mororo e se leloko la kereke e a e eteletseng pele ntle le gore o aga a etela kereke eo. Mpho eo go ya ga Moruti Magosha e tlaa thusa Mme Sereetsi go ya go tsaya mosepele fa a dira ditiro tsa lelwapa le go tsamaya dilo di tshwana le bongaka, go ya go amogela madi a bogodi le go tlhola ba masika le ditsala. Kwa ntle ga go abela bagodi dijo, kereke ya The Well of Life ke lwa ntlha e aba koloi fa e sale e bulwa ka 2017. Moruti a re go botlhokwa gore kereke e tshwaragane le puso go tokafatsa matshelo; selo se a reng puso ga e kake ya se kgona e le yosi. Fa a tswa la gagwe, Mme Sarah Sereetsi, yo o dingwaga tse di masome a ferang bobedi le borataro, o tlhalosa fa a itumeletse mpho eo. O boletse ga koloi e tsile go mo thusa go dira ditiro tse di farologanyeng tsa letsatsi le letsatsi. Mme Sereetsi a re mpho eo e ne ya mo garola pelo mme gape ya tsisa boitumelo jo bo seng kanang ka sepe, segolo jang ka a sa tlwaelana le Moruti Magosha.
religion_and_belief
8
Kakaretso ya bana-le-bogole e saletse kwa morago
Kakaretso le kamogelesego ya ba-na-le-bogole e santse e aperwe ke dikgwetlho. Se e ne e le kgang kgolo ya dibui kwa moletlong wa letsatsi la ba-na-le-bogole kwa sekoleng kwa Molepolole bosheng. Fa a simolodisa moletlo semmuso, Kgosi Kgari Sechele 111 o tlhalositse fa mokgwa o setshaba se itsayang ka one mabapi le ba-na-le-bogole e le nngwe ya dilo tse di paledisang kamogelesego ya ba-na-le-bogole. Kgosi o ne a fa sekai gore meletlo le dipitso ka go farologana tse di amang ba-na-le-bogole, ga di tshologelwe ke batho ka bontsi, ka jalo melaetsa le dithuto tse setshaba ka kakaretso ba kabo ba di anywa di sa goroge kwa go bone, ka jalo, o ne a rotloetsa ba ba neng ba tsene moletlo go thusa go gasa molaetsa ka go tshela, go amogelesega le kakaretso ya ba-na-le-bogole. Setlhogo sa moletlo wa ngwaga ono, se ne se itebagantse le dikgang tsa kakaretso ya botlhe: go nonotsha botlhe mo go thuseng go fokotsa le go fedisa dikganedi tsotlhe tse di paledisang ba-na-le-bogole go tsaya karolo mo setŝhabeng ka tekatekano ya botlhe. Moemedi go tswa kwa Beno Society for the disabled, Mme Masego Leepile ene o tlhalositse fa kgethololo e simolola kwa malapeng. A re tumelo kgotsa setho sa go akanyetsa gore mona-le-bogole o ka se kgone ditiro dingwe ka jalo a sa fiwe sebaka sa go leka kgotsa a ithuta go fitlhela a kgona ke dingwe tsa tse di bakang kgethololo le go tlhoka go akarediwa ga bone mo setŝhabeng
society
9
Ba Mopipi ba ntshitse leina
Morago ga phuthego e e tsereng dioura tse thataro le sephato banni ba Mopipi ba ntse ba gogagogana, ba ne ba felela ba dumelana ka bongwefela jwa pelo gore ba roma Rre Benjamin Banyola go nna kgosi wa bone. Se se tla morago ga gore ba bogosi jwa ga Mmangwato ba ba fe tsela gore ba sekaseke motho yo ba ka mo romang go nna kgosi wa bone. Thulaganyo e e tla morago ga go tlhokafala ga kgosi ka Phatwe. Banni ba ne ba ntshitse maina a le matlhano a batho ba ba batlang go ba roma a karetsa borre Maikano Maboane, Galebopege Ntshasang, Benjamin Banyola, Justin Otimilwe le Onobo Othusitswe. Ka jaana go batlega leina le le lengwe ba ne ba tlamega go dira morero o o ka rarabololang kgang ya bone gore kwa bofelong ba tswe ka leina le le lengwefela. E ne e rile go le pele a tlhalosa ka se ba tshwanentseng ba se dira, mongwe wa magosana a motse oo, Rre Ketso Isang a supa fa ba laetswe ke bogogi kwa Serowe gore ba dire morero e seng ditlhopho. Rre Isang o ne a ba kopa gore ba ntshe maina ka boammaaruri ba lebile le bokgoni jwa motho Mongwe wa banana, Rre Showa Shaka o ne a kopa gore banana le bone ba fiwe sebaka go ntsha maikutlo a bone, a tlhalosa fa a batla kgosi wa monana. Rre Victor o ne a supa gore le fa ba nna le dipharologanyo kwa bofelong ba tshwanetse ba dumelana. O ne a ba kopa gore ba tsee tshwetso ya gore ba dire jang go tswa ka leina le le lengwe mo go a matlhano. Kwa bofelong mongwe wa magosana, Rre Kunane Tamapo o ne a lebogela go bo morero o tsamaile sentle ka jaana ba feletse ba dumelana ka leina le le lengwe la motho yo ba batlang go mo roma go nna kgosi wa bone. Rre Tamapo a re kgang ya bogosi e masisi, ka jalo e tlhoka go dirwa ka boikarabelo le neelano, a tlatsa ka go re motse ga o a tshwanela go kaiwa ka dikgogakgogano. Batho ba bane ba maina a a neng a ntshitswe ba ne ba lebogela yo morafe o dumelaneng ka ene go se na ngongorego epe. Rre Banyola o ne a amogela thomo, a supa fa a tlaa e dira ka natla e bile a dirisana sentle le mothusa kgosi yo o ntseng a le mo setilong. A re Ka jaana phatlha e e kajwang e le ya kgosi yo motona, o ne a tlhalosa gore keletso ya gagwe ke gore morafe o kope bogogi gore ba tlhatlose mothusang kgosi maemo mme ene a mo tlhatlhame. BOKHUTLO
society
9
Raboipelego o rotloetsa magolegwa a go dirisa mananeo
Magolegwa a a gaufi le go gololwa ba rotloeditswe go tsaya mananeo a puso go itshetsa. Fa a bua kwa thuto-puisanyong e e neng e tshwerwe kwa kgolegelong ya Selebi Phikwe bosheng, Raboipelego wa kgolegelo eo, Rre Lesole Seikokotelo o ne a re lephata la dikgolegelo ga le a itebaganya fela le tsa itshireletso, mme gape le lebagane le go bopa magolegwa sesha gore e nne batho ba ba nang le boikarabelo le seabe mo go tlhabololeng lefatshe leno. Rre Seikokotelo a re magolegwa a fiwa dithuto tsa ditiro tsa diatla ka go farologana gore ba kgone go di dirisa go itshetsa fa ba setse ba golotswe. Mo godimo ga dikitso tse, a re magolegwa a tshwanelwa ke go itse ka mananeo a puso, gore ba kgone ba tsenye dikopo fa ba sena go gololwa, gore le bone ba a akole go tlhabolola matshelo a bone. O rotloeditse setshaba go amogela magolegwa a pele, gore ba seka ba itlhoboga mme ba tloga ba boelela ba dira melato gape. O rotloeditse magolegwa a a neng a tswa kwa dikgolegelong tsa Serowe, Bainesdrift, Selebi Phikwe le Machaneng go tsaya dithuto tseo ka tlhoafalo, mme a ba rotloetsa gore ba seka ba boelela melato ka gore fa ba ka dira jalo ba ka tloga ba iphitlhela ba boetse kwa kgolegelong. Fa a tswa la gagwe, mogolwane kwa Lephateng la Temo-Thuo le Tokafatso Dijo, Rre Pelaelo Jacob o tlhalositse fa lephata leo le na le lenaneo la LIMID, le ka lone ba thusang Batswana ka dipodi, dinku, dikoko, dikolobe, dinotshi le thuo ya ditlhapi. A re lenaneo leo le fiwa Batswana ba ba senang sepe se ba itshetsang ka sone. O ne a tlhalosa fa ba sa lebelele gore a moikopedi o kile a dira molato kgotsa nnyaa. Rre Julius Modikwa go tswa kwa lephateng la dikgwa ene o tlhalositse fa sekgwa se humile dilo tse dintsi tse Batswana ba ka di dirisang go itshetsa jaaka dikgong, bojang, phane ga mmogo le melemo ya Setswana. A re le fa go ntse jalo, Batswana ba tshwanetse go kopa teseletso pele kwa go ba dikgwa. O tlhalosa fa ba lefisa madi a a kanang ka P52 go ntsha teseletso ya kgwedi. O ba rotloeditse gore ba seka ba dira dikgwebo tse di tshwanang, gore ba kgone go bona dipoelo, mme a ba lemotsha gape le botlhokwa jwa go somarela di-tsa tlholego. Phuthego e ne e tshwerwe ka setlhogo se se reng; Re Gatela Pele.
education
4
A ipabalelo tseleng e simolole kwa moding
Ke maikarabelo a barekisi ba leokwane go bona gore le ojwa le sale metsi ka go isa dithuto le ditlamelo tsa tiriso tsela kwa dikoleng tse dipotlana, e le bontlha bongwe jwa go tshwaraganela kgetsi ya tsie le barutabana, botsadi le bana. Ka jalo, ba VIVO ba tshwaragana le ba Uni-Trans, ba lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng le mapodisi le ba pabalelo matshelo le botsogo jwa batho mo kgaolong-potlana ya Palapye go isa dithuto tsa ipabalelo tseleng kwa baneng ba sekole seo. Fa a tswa la gagwe, molomaganyi wa ditlhaeletsanyo wa Vivo Energy Botswana (VEB) Mme Adelaide Johnson, o ne a re go rutuntsha ka ipabalelo tseleng ke lengwe la boikarabelo jwa bone, morago ga go lemoga fa tiro ya bone ya kanamiso ya leokwane mo lefatsheng leno lotlhe e ba baya fela mo tseleng. Mme Johnson a re ke gone ka moo ba neng ba bona go le molemo go itshwaraganya le makalana a a amegang go isa dithuto kwa baneng. Mo mafokong a gagwe a thutuntsho, mogolwane yo o lebaganeng le tsa thuto ka tsa ipabalelo tseleng, Mme Lorraine Gaolebale, o ne a gasa molaetsa le go ruta bana ka tse ba tshwanetseng go di dira fa ba tlola tsela. Mme Gaolebale o ne gape a ruta ka tiriso makgabaganyo a tsela a re batho ba tshwanetse go itlwaetsa go dirisa go kgabaganya fa go babalesegileng gore dikoloi di ba fe sebaka sa go tlola. Mafoko ao a ne a iteelwa kobo moroko ke mapodisi, ba tlhalosa fa tiro ya bone e se go tshwarela batho go sa diriseng mabante a ipabalelo fa ba kgweetsa. Ba ne ba re ke boikarabelo jwa mokgweetsi go tsenya lebante fa a kgweetsa e seng go ipanta fela fa ba bona mapodisi, ka go dira jalo go ka tsenya botshelo jwa mokgweetsi mo diphatseng fa a ka diragalelwa ke kotsi. Mapodisi ba ne gape ba re bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le bobedi ga ba letlelelwe go kgweetsa dikotsekara tsa ditonki ba le nosi ka ba sale bannye go tsaya boikarabelo mo tseleng, le go ka hema dikotsi. Beng ba koloi ya mogobagoba ya leokwane ya Uni-Trans ba ne ba tsaya sebaka go supegetsa bana gore go le gantsi bakgweetsi ba dikoloi tse ditona ga ba bone se se fetang kwa tlase ka dikoloi tseo di le kwa godimo thata. Mo mafokong a gagwe a tebogo, Mogokgo Keletlhokile Molefi o ne a lebogela dithuto tseo, a re ke tsa bobedi go tla kwa sekoleng sa gagwe. A re ka 2015 di ne tsa isiwa kwa go bone mme tsa dira pharologanyo e ntsi ka bana ba ne ba isa molaetsa kwa botsading ka tiriso ya tsela le ipabalelo tseleng. O ne a re o solofela fa mo nakong eno thuto eo e ya go nna mosola mo baneng ka le bone e le barutabana ba ntse ba e jala mo go bone. O ne a re Moreomabele ke mongwe wa metse e e mo tshekamelong ya tsela e tona ya A1e dikotsi di leng dintsi mo go yone. A re kitso ka tiriso tsela e ka fokotsa dikotsi le go di fema, segolo thata mo baneng fa ba kgabaganya. Bana ba ne ba fiwa gape sebaka sa go dirisa dikolotsana le go beelwa matshwao a tsela a a ba rutang go ema le go emela batsamaya ka dinao fa makgabaganyong. Morago ba VIVO ba ne ba abela bana ba sekole ba le 186 go tswa kwa lekwalong la bananyana go ya kwa go la bosupa dibeke tsa dibuka, dipena le dipensele le dikepese, fa ba lekwalo la bosupa bone ba ne ba abelwa le dipone tsa letsatsi fa godimo gore ba ye go di dirisa go ithuta kwa malapeng.BOKHUTLO
education
4
Kgosi Martin o atla lenaneo
Kgosi Nagano Martin wa Paje mo kgaolong ya Legare o akgoletse puso go simolodisa lenaneo le mo go lone batho ba ba tshelang ka bogole ebile ba sa kgone go itirela sepe mo botshelong ba tla a atswiwang ka makgolo a mararo kgwedi le kgwedi. Kgosi Martin o buile jalo mo potsolosong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng a tlhalosa fa ditshekatsheko go kwadisa ba-na-le bogole ba ba sa itireleng sepe di tsweletse sentle ka tshwaragano ya bone le komiti ya ditlhabololo tsa motse. A re go bo puso e bone go tshwanela go simolodisa lenaneo le ke sesupo sa gore e kgathala ka matshelo a Batswana e bile e le mangwe maiteko a magolo a go gatela pele go fitlhelela maikemisetso a tebelopele ya 2016 a go nna tshaba e e kutlwelo botlhoko. O tlhalositse gape fa seo e le go lemoga boleng teng jwa ba-na-le bogole mo setshabeng ebile se se tlaa ba fa seriti mo botshelong jwa bone. Kgosi Martin o ne a kgala a sa kgwe mathe batho bangwe ba ba nang le mowa o o bosula wa go baya batho ba ba tshelang ka bogole kwa mahure. A re go dira jalo ke go tsuulola ditshwanelo tsa batho ba go nna jalo tsa setho. O bile a kopa ba ba dirang jalo go emisa mokgwa oo a re mo-na-le bogole ga a farologane ka gope le motho mongwe le mongwe. E ne ya re fa a itebaganya le batlhokomedi ba batho ba ba tla thusiwang ka madi ao, a ba kopa go sa dirisa madi ao botlhatswa. A re madi ao a diretswe gore a thuse batho ba go nna jalo go ithusa fa ba neng ba sa kgone teng gore kgabagare matshelo a bone a tokafale. E re dikgang di eme jalo, Kgosi Martin o ne a tlhalosa fa mananeo a mangwe a puso e ikemiseditseng go namola Batswana mo lehumeng a tsweletse ka go dira sentle. O ne a kgothatsa banni go tswelela ba tsenya moko mo nameng go bona gore ditiro tsa bone ga di phutlhame ka jaana go di leseletsa di phuthama e tlaa bo e le go senya madi a puso e a dirisitseng go ba tlodisa dinokana di tletse. Fela Kgosi o ne a kopa banana ba motse wa gagwe go ikitaya ka thupana go akola mananeo a a leng teng. A re dipalo tsa bone di boutsana fela thata go tsaya tsia mananeo ao le ntswa a ka ba tlhatlosa mo botshelong segolo bogolo ka letlhoko la ditiro le amile bone thata.
society
9
Badiri ba supa lerato
Babereki ba lephata la itshireletso, molao le thokgamo ba akaretsa kgotlakgolo ya ditsheko, ofisi ya tsa bosekisi, ofisi ya ga mmakaseterata ba abetse balwetse bangwe dimpho tse di akaretsang maungo, dinotsididi, molora wa legano le tse dingwe kwa kokelong ya Athlone mo Lobatse bosheng. E rile a amogela badiri bao, mogolwane wa baoki, Mme Gadibotsile Motswasele a re dimpho tseo di supa gore tlhokomelo ya balwetse ga se tiro ya ba kokelo gammogo le baoki go ba tlhokomela fela mme le maphata a mangwe a puso a tshwanetse go nna le seabe. Mme Motswasele o ne a tlatsa ka gore dimpho tse di tlaa dira phetogo le pharologanyo e ntsi mo matshelong a balwetse. O ne a kopa maphata ao go tswelela ka go supa lerato leo go ya isagong. E rile fa a tswa la gagwe, mothusa molaodi wa toropo ya Lobatse, Rre Ernest Phiri a akgolela badiri ba maphata a go tsaa karolo mo go abeleng balwetse e le tsela ya nnete go supa fa ba amogetse kopo ya ga Tautona wa lefatshe leno, ya gore setshaba se thuse ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Rre Phiri o ne a tlatsa ka gore se ke tsela ya go lemontsha balwetse gore tiro ya bone ga se ya go sekisa fela mme le ditiro tsa bopelotlhomogi ba tsenya letsogo mo go tsone. Rre Phiri o rotloeditse maphata ao ka go tswelela ka mowa wa lorato. O ne a ba akgolela tshwetso e ba e tsereng ba bona go le maleba gore ba ntshe mo ba nang le gone ka go akanyetsa batho ba ba mo ditlhabing mo kokelong. A re dimpho tseo dingwe tsa tsone di tlaa dira gore ba nonofe mo mebeleng ya bone mme ba fole, gape ba tlaa seke ba kotlomele megopolo ka go bona gore go na le batho ba ba ba fang lorato le mororo e se ba masika a bone. Moemedi go tswa kwa maphateng ao mme Dorothy Mangadi a direla mo kgotleng kgolo ya ditsheko mo Lobatse o rotse molaetsa go tswa kwa bogoging jwa kgotla ya ditsheko ka go tlhalosa fa badiri ba maphata ao ba diragatsa lengwe la matshego a setshaba la tebelopele ya ngwaga wa 2016 la tshaba e e lorato ebile e na le bopelotlhomogi. Mme Mangadi o tlhalositse fa go abelwa dimpho ke mongwe yo e seng wa losika lwa gago, go tsholetsa mowa le tsholofelo mo balwetseng. Ka seo sebaka balwetse ba tlaa kgona go lemoga gore setshaba se kgathala ka matshelo a bone go menagane. Mongwe wa balwetse ba ba amogetseng dimpho mme Thandy Mooki o ne a supa a itumetse fela thata, a bo a tlhalosa fa a ikutlwa a le motlotlo gore go na le batho ba ba kgathalang ka bone le fa e se masika a bone. Mme Mooki a re ba a kgothala gore ba bone Batswana ka bone ba ba gopotse a re ba nna le tsholofelo ya thitibalo ya ditlhabi. Mme Onkemetse Baakanyang ene o ne a re “a mpheletse a le tlhaeng”, a tlhalosa fa a tletse ka boitumelo jo bogolo thata ka dimpho tseo. Mogolwane wa boipelego mme Josephine Ramoshibidu o lebogile maphata a a tsereng karolo mo go abeng dimpho, a re ba bone go le maleba gore ba abele balwetse go na le go aba ko mafelong a mangwe. BOKHUTLO
health
6
Letsema le tsweletse kwa Palapye
Go bolelwa fa balemi ba kgaolo ya Palapye ba ithotlhoeditse mo go tsa temo ka go tshwara bokgola jwa pele ka bangwe ba setse ba simolotse go lema fa bangwe bone ba pitikolola mmu go ipaakanyetsa temo ya monongwaga. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, motshwarelela rabalemisi wa kgaolo ya Palapye, Rre Dialwa Kenatshele a re monongwaga ba ofisi ya temo mo kgaolong ya Palapye ba dirile thulaganyo le bagwebi ba dipeo gore ba tlhophe mafelo a ba ka atameletsang balemi dipeo mo go one go ba kgaolela mosepele wa go ya go di tsaya kwa diofising tsa Palapye. A re seo se ya go thusa gore dipeo di goroge ka nako kwa baleming le gone go ba fokoletsa ditshenyegelo tsa go di latela bokgakaleng. Rre Kenatshele o tsweletse a re ba setse ba amogetse dikgetsi tsa dipeo tsa mmidi, mabele le tsa menontshane tsa temo ya 2014/15. O tsweletse a re puso e duelela go lema ka ditselana le go ega P1 160 tema. O gakolotse balemi segolo jang beng ba ditereke go inaakanya le lenaneo la go adima madi a didirisiwa tsa temo kwa bankeng ya National Development Bank le ba lekalana la CEDA. O akgotse beng ba diterekere ba kgaolo ya Radisele ka ba supa fa ba ya go amogela madi a puso ba sa lope ape a mooketsa mo baleming. Rre Kenatshele o kgothaditse beng ba diterekere go lema mo leotleng le le lengwe pele ba ka fetela kwa go le lengwe go na le go ya kwa le kwa gonne seo se ka ba fokoletsa ditshenyegelo. O supile fa mono ngwaga ba kgonne go rutuntsha balemi le beng ba diterekere ba le 225 mo go tsa go tlhabolola mmu le tiriso ya menontshane mo temong ba bo ba ba rutuntsha gape ka tiriso ya didirisiwa tsa temo gammogo le dichefi. A re monongwaga balemi ba ya go duelwa ka bonako ka gore ba setse ba simolotse go tsenya maina a bone mo dikhompiutareng gore a rurifadiwe go fefosa dituelo. Fa a itebaganya le temo e e fetileng, Rre Kenatshele a re go ne go lemilwe diekere di le 27 653.31 ke balemi ba le 9 956 mme mo diekereng tseo di le 4 579.37 di ne di lemilwe ka ditselana fa 23 073.94 go ne go gasitswe. O tsweletse a supa fa kgaolo ya Palapye e kgonne go duela ditema di le 27 008.19 ka madi a a fetang P14 million mme go setse batho ba le masome mabedi ba ba sa tlang go tsaya dituelo tsa bone le ntswa maiteko a go ba itsise ka dituelo a dirilwe ka ditsela tsotlhe. A re mo bathong bao ba le masome mabedi ga ba ise ba itshwenye le gone go tla go saenela setlankana sa dituelo tsa lenaneo la ISPAAD, a re ba belaela fa bontsi ja bone e le ba baneng ba itemela ka ditonki. Rre Kenatshele a re mo temong ya ngogola ba kgonne go lema ditema tsa mmidi di le 3 741.9, tsa mabele di le 6052.05, tsa lebelebele di le 328.79 mme tsa dinawa tsone di le 1321.43. A re mo ditemeng tseo ba kgonne go bona ditone di le 538.58 tsa mmidi,1173.6 tsa mabele,198.06 fa tsa dinawa ba bone 152.89. O supile fa dipula di kgoreleditse thobo fela thata ka di ne di netse ruri ka jalo di sa fe balemi sebaka sa go ya masimo. A re dijalo dingwe di ne tsa gogolwa ke merwalela fa mabele le lebelebele tsone di ne tsa jewa ke dinonyane. Rre Kenatshele o supile fa go le gantsi ba ikaegile thata ka temo e e tswang mo dikgaolong tsa Tswapong jaaka kwa Maunatlala, Kgagodi, Matolwane le Topise ka e le tsone boremelelo ja temo ya kgaolo ya Palapye. A re dituelo tsa temo e e fetileng di ne tsa diega ka mathata a a neng a bakilwe ke legadima le le neng le sentse dikhompiutara kwa ofising ya bone fela thata mme seo sa ba berekisetsa ka fa tlase ga kgatelelo gore ba emisetse nako eo. A re ke gone fela ba ntseng ba fetsa go duela batho mafelo a Phukwi. BOKHUTLO
society
9
Lephata la tsa mesepele le bong le akgotswe
Bodiredi jwa lephata la merero ya setshaba, boagedi le tsa bong ba kgaolwana potlana ya Palapye (PAA), ba akgoletswe go isa ditirelo kwa setshabeng le go se direla ka botswapelo. Kakgolo e, e dirilwe ke makhanslera a kgaolwana ya PAA fa ba akgela mo dipegong tsa maphata, tse ba neng ba di bewa pele ke mothusa molaodi wa tsa ditlhabololo, Mme Chendzimu Mokgopo mo phuthegong ya khansele-potlana e e tsweletseng. Bontsi jwa makhanselera a PAA ba ne ba supa fa lephata la kwadiso ya matsalo le dintsho le dira tiro ya lone ka botlalo mo kwadisong ya bo Omang, ka go latela batho kwa mafelong a ba mo go one, le gone go ba abela bo Omang. Mo kakgolong eo, mokhanselera wa Mogapi, Rre Tuelo Motsewabeng o ne a re e re le ntswa ba dira tiro ka botlalo, go lebega kwadiso ya makgotla e wetse tlase thata, a botsa gore a seo se dirwa ke gone gore makgotla mangwe jaaka a dikereke ga a kgone go fitlhelela dipalo tse di beilweng ke puso tsa 150. Kgang e nngwe e ne ya nna ya theko le tiriso ya dikotsekara, e mokhanselara wa Lerala Bophirima, Rre Gabagopole Sebele a neng a supa fa go lebega tiriso ya tsone e sa amogelesege kwa mafelong a di isitsweng kwa go one. Mme a re kgang e, ba ne ba e buisanya ka boleele gore ditsamaiso tsotlhe di lebelelwe gore di ya go dirisiwa jang le bone ba ba di dirisang ba ya go duelwa jang. A re nako tse dingwe ga re e le baemedi ba fiwe sebaka sa go itseela ditshwetso go na le go tseelwe ditshwetso ke matona a puso. O ne gape a re a e re go dirwa ditlhabololo mo kgaolong ya bone, go nne le morero, a supa fa go shafadiwa ga ditsela le go ralwa ga tsone go sa dirwa ka fa tshwanelong. Kgang e nngwe, e go neng ga akgelwe ka boleele mo go yone, ke ya lephata la botsogo le boitekanelo, le le neng la supiwa ka monwana gore le palelwa ke go fepa balwetse ka melemo, ba re melemo e tlhaela fela thata mo dikokelwaneng le mo go yone kokelo e tona ya Palapye. Lengwe la makalana a khansele le le neng la supiwa le lone le dira tiro ka botlalo, ke la boipelego, mo go tsenyeng letsogo mo go tlhabololeng matshelo a batho le tirisanyo mmogo e e tlhapileng le baemedi ba dikgaolwana tsa bokhanselera. Makhanselera ba ne ba re go thapiwa ga mo-na-le bogole mo kgaolwaneng-potlana ya PAA, go baakanya dipitsa tsa dikole tse dipotlana, go amogelesega thata, mme ba supa fa lenaneo la nyeletso lehuma le lone le tsweletse ka go tlhabolola matshelo a batho ka ditlhopha le ka bongwe ka bongwe. Makhanselera a ne gape a batla tlhaloso ka madirelo a matlhabelo a dikoko a Serowe/Palapye, a a saleng a eme, gore a ya go simolola go dira leng. Ba ne ba re go dirisitswe madi a mantsi go aga dikago tseo mme nako kgolo ke eno go eme tsi! Mokhanselera wa Maunatlala, Mme Salome Lesole o ne a re go botlhokwa gore fa bodiredi bo dira sentle bo akgolwe ka ditsela tse di ka bo tiisang moko. Mafoko a gagwe a ne a iteelwe kobo moroko ke molaodi wa PAA, Rre Odiseng Moruti. E rile ba akgwa dikgaba makhanselera, bodiredi jwa supa fa bo tshwere phage ka mangwana go lwantsha seemo se tshwana le sa tlhaelo ya melemo kwa dikokelong, le gore go na le madi a ba a fiwang a P1 million mo kgaolong go ba thusa go lwantsha seemo sa tlhaelo ya melemo, ba re seemo seo se thata ka le bone ba ba supang ba ka ba fa melemo ba sa kgone go dira jalo. Ba ne ba ikuela mo bogoging gore bo rotloetse batho go ikatumetsa ba bongaka segolo jang fa ba belaela dikai tsa letshoroma. Ba boletse fa tiriso ya sekasu e wetse tlase, mme sesupo e le dipalo tse di golang tsa baimana le batho ba ba lwalang malwetse a dikobo. Ka kgang ya matlhabelo a dikoko, go ne ga tlhalosiwa fa kago eo e sa agwa sentle, mme go tsweletswe ka go bona gore seemo se busediwa maemong. Ba lephata la thuto go tswa kwa moding ba khansele ba tlhalosa fa ba ne ba kopa megokgo go dirisa madi a ba a neetsweng go rekela bana merogo, maungo le mae, gore ba kgone go okelediwa ngwaga o o tlang. BOKHUTLO
politics
7
Bomme ba Mafetsakgang ke megaka
Go tsofala yo o ratang….Batho ba le bantsi fa ba tsena mo dingwageng tse di fetang masome a a robang bobedi ba a itlhoboga mme mo go bomme ba Mafetsakgang bogodi ga se sekgoreletsi. Mophato o, o o nang le bomme ba ka nna masome a mararo, o bopilwe ka bomme ba dingwaga tse di fa gare ga masome a supa le masome a roba-bongwe. Se se kgethegileng thata ka mophato o, ke gore ga o kake wa ba tlhoka gope mo meletlong e metona mo motseng wa Serowe, ka ba opela ba letsa marapo. Seane sa maano ga a site se itebagantse le bone, ka ruri e rile bogolologo go sena ditlamelo kgotsa didirisiwa ba dirisa sengwe le sengwe se ba se bonang go ka itlosa bodutu. Mophato wa Mafetsakgang o tlwaelesegile ka mmino wa marapo. Marapo fela a kgomo, bomme ba ba dirisa one ele diletso tsa bone go opela. Fa a tlhalosa ka mophato wa bone, Mme Sebitsanyo Ramaphane yo gape eleng moopedisi, a tlhalosa fa mophato o simologile ka 1988. Mme Ramaphane o ne a tlhalosa gore ka nako tsa fa go santse go iwa mophatong go ne go tsamaya borre fela, mme ka jalo ba seka ba nna fela ele bomme. A re ba ne ba ikgobakanya mme ba ya kwa go Mme Naledi Khama yo eleng rakgadie Tautona go mo tlhalosetsa fa le bone ba batla mophato. O ne a tlhalosa gore Mme Khama o ne a ya kwa kgosing go mo tlhalosetsa fa go nale setlhopha sa bomme se le sone se batlang go alosiwa. Mme Ramaphane a re e rile Kgosi go utlwa se a itumela mme a ba bitsa leina Mafetsakgang fela jaaka borre baba neng ba tswa mophatong ka nako eo, e bile gape ke ka moo ba bidiwang mophato wa ga Naledi Khama kgotsa dinonyane tse di tshweu tsa ga Naledi. A re bogologolo ditiro mo motseng di ne di tsamaisiwa ke mephato, dikgotlana di ikemela mme di berekelwa ke batho ba tsone. “Serowe o motona mme ngwanaka fa o bona a tlhabologile jaana ke mephato, le rona Mafetsakgang re le mo teng, re dira re sare re duelwe jaaka lona bana ba sesha". Mosadimogolo Ramaphane o ikgantsha gore bone ele bomme ba Mafetsakgang ke bone batho ba ntlha go akanya gore go ka dirwa sefikantswe sa ga Tautona wa ntlha Sir Seretse Khama. Fa a tlhalosa ka marapo Mme Ramaphane o bua ka boitumelo jo bogolo e le ruri, gore fa ba fatlhoga ba fitlhetse bommangwaneabone ba Mophato wa Makgasa ba a letsa mme bone ba ithuta mo go ba Malekantwa. “Mophato wa Malekantwa yo re o sa lang morago ke one y re itutileng go letsa marapo mo go bone,”… O ne a tlhalosa gore batho ba le bantsi bogolo jang ba ba tswang kwa mafelong a mangwe ban a le go ba makalela, gore ba dirisa marapo jaaka diletso. A re marapo a ga ba tlhoke sepe fela se setona sa bone ke go kopa borre bogolo jang fa go nale mediro go ba beela marapo gore batle ba a dirisi. A re marapo a dikgomo tse di nonneng ke one a a siameng ka le modumo wa one fa o setse o tlhagelela mo pineng wa utlwala.Se se re itumedisang ke gore marapo a, a kgona go tsaya dingwaga re ntse re a dirisa, ga a senyege ka a bo a apeilwe ka mafura gore a tie. Mme Ramaphane o tlhalositse fa a tsaletswe kopelo, e bile a kaya fa ele yone botshelo ja gagwe. ‘ Nna ke motho wa kopelo ngwanake, le bomme ba a kitse fa ke re 3 measure step……(o bua jaana a tsenya marapo fa gare ga menwana a supa), ba a itse gore ka reng….. A re dipina tsa bone ba ditlhama ba lebile gore ba laleditswe moletlo wa eng, dipina tsa rona di akaretsa bo Botsalo jwa ga Seretse, Ngwao boswa, le pina ya bone ya Mophato wa Mafetsakgang. O tsweletse ka go supa fa bone ba ikgantsha gore ele basadi bagolo ba mo Serowe jaana ba kile ba bo ba opelela Tautona wa pele wa lefatshe la South Africa nako e a neng a etetse mono. E rile a tswa la gagwe modulasetilo wa Mophato Mme Tshenyo Motsokono a tlhalosa fa mophato ele lerato, kopelo le kagiso. Mme Motsokono fela jaaka Mme Ramaphane o tlhalositse fa ba ne ba ipopa ele bomme gore le bone ba batla go nna mophato gore batle ba kgone go direla motse wa bone sentle. A re ba ka tswa ba itsege thata ka go letsa marapo mme ba nale ditiro dingwe tse ba di dirang mo motseng wa Serowe le kgaolo ka bophara. Mme Motsokono o supile fa ngwao boswa, mathata ke gore ba tlhoka bao ba ba ka barutang go letsa marapo. A re thuto ya go letsa ka marapo e fleets mo go bone, fa e se bao le bao fela mme bone ba eletsa gore b aka etela kwa dikoleng ya go ruta bana ngwao. O tlhalositse gore bogodi bo itseetse tshwetso jaanong, le go bona ga bas a bona mme ba kopa setshaba bogolo jang ba Kgaolo ya legare go ikopanya le bone gore b aba fe thuto e. Mme Motsokono o ne a tlhalosa gore ele ba Mafetsakang ba kopana laboraro mongwe le mongwe go ikgakolola le go buisana ka mophato yo wa bone. Bokhutlo
society
9
Banana ba kgothadiwa go itshepha
Mokgothatsi wa monana kwa Selebi Phikwe, Rre Oteng Moilwa, o rotloeditse banana ba toropo eo go fetola maikutlo a bone. O buile jalo kwa thutapuisanong e e neng e tshwerwe kwa holong ya Selebi Phikwe bosheng. A re banana ba tshwanetse go itshepha, go dumela mo go ene a ba a dirisa mafoko a ga Tautona wa America a a supang gore motho mongwe le mongwe o ka kgona se a eletsang go se dira. Mooki kwa kokelong ya Selebi Phikwe, Rre Toitoi Toito a re banana ba tshwanetse go ikatametsa fa kokelong ka bofefo fa ba sa tsoga sentle. Rre Toitoi a re go ngomola pelo go bona motho a ile kokelong go setse go se na thuso epe e ba ka mo thusang ka yone. Mooki wa kokelwana ya Sesame, Rre Seipato Nkape a re go ima ga banana go ile magoletsa. O tlhalositse fa dingwaga tse di siametseng gore motho wa mme a nne le ngwana wa ntlha e le tse di masome a mabedi le boraro ka gore ke gone jaaka mebele ya bone e tlaa bo e godile sentle gape go ka ba fema gore ba se ka ba nna le diphatsa tsa pelegi ya loaro. Mothusa mookamela mapodisi Rre Gogang Pule, o tlhalositse fa dipalo di supa fa kgokgontsho e ile kwa godimo bogolo thata mo bakapelong ba banana. O kopile banana gore ba itse go ikemela ka dinao. A re banana ke batho ba ba ratang go itshokela botlhoko mo ba felelang ba bolaane. O ba kopile gape go ikatametsa kwa go mmakaseterata le mo go bone ba sepodisi fa ba tlhagelwa ke mathata a.
education
4
Banni ba kopa go fetolwa ga molao
Banni ba kgotla ya Tsopeng kwa Lobatse ba kopile makhanselara a toropo eo go dira tshutiso ya gore melao ya pereko e fetolwe ka jaana ya gompieno e baa babereki ka fa mosing. Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mmatoropo, Mme Malebogo Kruger kwa kgotleng ya Woodhall bosheng. Ba re ba lebogela tshologelo ya babeeletsi go tswa kwa mafatsheng a sele ka jaana ba thusa go bula diphatlha tsa mebereko mme sebe sa phiri ke gore dituelo tsa bone di kwa tlase fela thata go ka tlhabolola matshelo a bone. Ba ne ba ngongoregela dikhamphani dingwe tse di sa saleng melao ya phiro le pereko morago sentle ba supa fa bangwe ba thapa batswakwa ba ba senang diteseletso tsa go direla mo lefatsheng leno. Ba tswelela ba supa fa baeteledipele bangwe ba na le mokgwa wa go solofetsa batho diphatlha tsa mebereko fa ba ka tlhakanela dikobo le bone. Ba ne gape ba lela ka dinako tsa pereko tse ba supileng di le ditelele ntswa dikatso di le kwa tlase mme e bile le diaparo tsa itshireletso ba sa di neelwe ntswa ba direla mo mafelong a a tlhokanang le kapari e e faphegileng. Ba ne ba tlatsa ka gore ba bona dituelo morago ga nako e telele mme se se ba tlhokise kutlwisisano le beng ba matlo a phiriso le gone go nna lobaka ba sa obe lebogo. Banni ba ne ba tswelela ba supa fa se, se baya baithuti ka fa mosing ka jaana bana ba ya dikoleng ba sa tsenya sepe mo maleng gape le yone kapari e se mo seemong se se itumedisang mme se se feletse se kgoreletsa go ithuta sentle ga baithuti ka jalo go feletsa go nna le kwelo tlase ya maduo mo dikoleng. Ba ne ba gwetlha baeteledipele ba toropo go etela dikompone ka go farologana mo toropong go sekaseka gore a melao ya phiro le pereko di salwa morago fa go sa nna jalo ba tseelwe dikgato tse di maleba go itsa go tlhorontsha babereki mo isagong. Fa a ba kwa dikgaba, Mme Kruger o ne a ba tlhalosetsa fa boeteledipele jwa khansele ya toropo ya Lobatse bo itlamile go tsenya leitlho le le tseneletseng thata go netefatsa gore melao ya phiro le pereko e salwa morago mme ka maswabi ga ba na thata ya go ba tseela dikgato fa ba ka fitlhela dilo dingwe di sokame. O supile fa bone e le khansele ba bofeletswe matsogo ka fa morago ka jaana go na le ofisi e e maleba ya tsa pereko e e itebagantseng le gone go tseela dikompone dingwe dikgato fa go na le dilo dingwe tse ba sa di obameleng. O ne a supa fa ba tlaa tsibogela kgang ya gore babereki mo dikomponeng ga ba abelwe kapari ya itshireletso ka jaana eo yone ba na le tetla ya go ka tsereganya kgang ya teng. Mo go tse dingwe o ne a rotloetsa bomme go dirisa mananeo a puso e a intshitseng go tlhabolola matshelo a bone go ba ntsha mo manokonokong a lehuma go tshela matshelo a a eletsegang. Mananeo a tshwana le la Gender Affairs le le itebagantseng le go thusa bomme go ka itshimololela dikgwebo gammogo le la SHHA go ka ikagela bonno jo bo eletsegang. O ne a tlhalosa gore fa ba ka tlhwaafalela dikgwebo tsa bone ba ka kgona go tlhama diphatlha tsa mebereko mme se se ka thusa go fokotsa letlhoko la ditiro mo kgaolong ka ponyo ya leitlho. Mme Kruger o supile gape gore e le mmatoropo le makhanselara a gagwe, ba itlamile go direla setshaba sa toropo ya bone ka botswapelo ka jalo ba itshegetse dielo go bona gore ba isa ditirelo kwa setshabeng le gone go itseela ka tsebe matshwenyego le dikeletso tsa bone go bona gore ba ka atolosa ditirelo tsa bone ka tsela e e faphegileng ba setse dikeletso tsa morafe morago. Fa a fa malebo, mokhanselara wa kgotla ya Tsopeng Bokone, Rre Gofaone Kedise o ne a iteela kobo moroko mafoko a banni gore melao ya tsa phiro le pereko e setse e siilwe ke nako ka jalo e tshwanetse go fetolwa. O kopile mmatoropo go laletsa mopalamete wa kgaolo gore ba tle ba mo neele mofago wa go isa tshutiso eo kwa palamenteng ka jaana bone ba sena thata ya go fetola melao e e tlhomilweng ke palamente.
politics
7
Setshaba se kopiwa go aba madi a mmele
Morotloetsi wa go aba madi a mmele kwa lekalaneng la National Blood Transfusion Service, Mme Tumelo Ramalebang, o kopile setshaba go nna le mowa wa go aba madi a mmele go boloka matshelo. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Ramalebang o supile gore nako eno ya mafelo a ngwaga tiriso ya madi a mmele e ya magoletsa ka mabaka a a farologanyeng. “Fa ngwaga o fela jaana, bontsi bo tsaya mesepele go ya mafelong a a farologanyeng, ka jalo dikotsi tsa dikoloi di oketsege mme madi a mmele a felele a tlhokega go boloka matshelo a batho ba ba amegileng.” Mme Ramalebang o tshwaetse jalo e bile a kaya gore madi a mmele a dirisiwa gape fa go dirwa loaro ga mmogo le mo peleging le fela fa batho ba lwala. A re lephata le lebaganwe ke kgwetlho e tona ya tlhaelo ya madi a mmele bogolo jang mo nakong eno ya fa dikole di tswetswe le jaaka baithuti ba ne ba kwala ditlhatlhobo. O boletse gore lephata le tsaya selekanyo sa madi sa diperesente di le masome a marataro kwa dikoleng ka jalo fa go tswalwa, ba nna le kwelo tlase. O bile a kopa setshaba go tla ka makatlanamane go tla go aba madi a mmele. A re lefatshe le tlhoka selekanyo sa madi sa dipaente di le 40 000 mo ngwageng mme lephata le kgona go bona fela dikete tse 22 000. Mme Ramalebang o gwetlhile setshaba go dira kabo ya madi a mmele, mokgwa wa go tshela kana ngwao ka gore ga go duelelwe. A re, e re ntswa ba na le kgwetlho go anama lefatshe ka bophara, lephata le na le makalana kwa mafelong a tshwana le Mahalapye, Serowe, Maun, Molepolole, Gaborone le Francistown, kwa batho ba ka abang madi a mmele teng. O tlhalositse gore madi a a tlhatlhobiwa pele a ka tshelwa mo balwetseng. A re batho ba ba ka abang madi ke ba dingwaga tse 16 go ya go tse 65. Borre ba aba makgetho a mane fa bomme ba aba makgetho a le mararo fela.
health
6
Lenaneo le thusa Mojombe go tshela toro ya gagwe
Mme Queen Mojombe wa Kisa kwa kgaolong ya Kgalagadi ke mongwe wa Batswana ba ba sa iponang tsapa go tsaya lenaneo la nyeletso lehuma ka maikaelelo a go tokafatsa botshelo jwa gagwe. E re ka dithunya di le gaufi thata le pelo ya gagwe, o supile fa a ne a seka a tsietsega go kgetha tshingwana ya dithunya gareng ga tse dingwe tse di leng teng mo lenaneong la nyeletso lehuma. Fa a bua mo potsolotsong le bosheng, o tlhalositse fa go goleng ga gagwe a ne a rata dithunya bobe, mo a neng a seke a tlhoka go di lema fa pele ga ntlo le gone go dikologa lelwapa la gagwe. “Ga go na sepe se se itumedisang jaaka go phakelela monko o o monate le go itemogela monyenyo wa dithunya fa di utlwa marang a letsatsi mo mosong,” go tlhalosa jalo Mme Mojombe. Lerato le le kalo la dithunya le ne la gola ngwaga go ya ngwageng go ya ka Mme Mojombe, a tlatsa ka gore puso e mo thusitse go fitlhelela toro ya gagwe ya go ipona a tshela fa go leng mebala e e farologaneng botshelo jwa gagwe jotlhe. A re ka a ne a tshela a sa itshwarele sepe ka diatla e rile a utlwalela lenaneo la nyeletso lehuma a seka a akanya gabedi a ya go kopa go thusiwa ka tshingwana ya dithunya ka ngwaga wa 2013. O kaile fa ka lesego e rile ngogola a bo a agelwa tshingwana, a tlhomelwa tanka ya metsi a bo a isiwa dithutong tsa temo le tlhokomelo ya dithunya gammogo le thekiso ya tsone. Mme yo o dingwaga tse di masome a mane le boferabongwe yo a re o thusitswe ka mefutafuta ya dithunya tse di kgatlhisang leitlho. Mme Mojombe a re o ipona a segofetse go bo a bone tiro e a tlaa itshetsang ka yone go tokafatsa botshelo kwa gagwe. A supile fa o solofetse go le gontsi mo tshingwaneng ya gagwe, mme e bile a tlaa leka bojotlhe gore a seka a bo a kgojwa marapo ke sepe. “Botshelo jwa me bo fetogile, ke itumedisiwa ke gore lorato lwa dithunya lo nkisitse tseleng ya tsholofelo,” go tlhalositse jalo Mojombe. O tsweletse ka gore lenaneo la nyeletso lehuma le mosola thata ka le inola Batswana mo lehumeng, le ba fa seriti e bile le tsweletse ka go tlodisa ba le bantsi melatswana. Mme Mojombe a re o rotloetsa Batswana go diragatsa ditoro tsa bone, ba lese go inyatsa mme e bile ba kope dithuso fa ba tlhaetseng teng. O tsweletse ka gore o itemogetse fa go le bonolo thata go bereka kgotsa go inaakanya le se se gaufi le pelo ya gagwe, a re o rata thata e bile ga a ipone a dira sepe gape ko ntle ga go tlhokomela dithunya. Mme Mojombe o rekisa dithunya tsa gagwe tse di farologaneng kwa motseng wa Kisa le e e dikologileng mme a re o dumela fa a bona theko e e botoka kwa motseng wa Tsabong. O kaile fa dithunya tsa gagwe a di rekisa go simolola ka madi a a kana ka dipula di le lesome mme tlhwatlhwa e tsamaya ka selekanyo sa kgolo ya semela. A re mo dingwageng tse tlhano tse di tlang, o bona kgwebo ya gagwe e dira sentle fela thata, a re o eletsa go reka koloi e e tla mo tlhofofaletsang go tsamaya a rekisa motse le motsana. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Dipaakanyetso tsa go goroga ga molelo di tsweletse
E re ka dipaakanyo tsa kgorogo ya molelo wa kgolagano mo motseng wa Molepolole di ile magoletsa, Bakwena ba supile fa ba ikiteile sehuba go o amogela ka maatlametlo a magolo. Molelo o o sa tswang go goroga kwa motseng wa Kgope mo kgaolong ya Kweneng kgwedi ya Phukwi e le masome a mararo o tswa kwa kgaolong ya Kgatleng, o solofetswe go goroga mo motseng wa Molepolole kgwedi eno e le lesome le bobedi mme go solofetswe fa o tlaa tsaya malatsi a le mane mo motseng oo. E ne ya re bosheng Kgosikgolo Kgari wa boraro wa Bakwena, a rolela komiti e e baakanyetsang kgorogo eo ya molelo le meletlo ya boipuso,maina a dikgotlana tse ditona di le nne tse e leng tsone dimapo tsa motse wa Molepolole tse molelo o tla yang kwa go tsone pele o fetela kwa Letlhakeng. Maina a dikgotla tse di boletsweng tseo ke kgotla ya Mokgalo, Tshosa, Maunatlala le gooNtloe dibe. Le fa go ntse jalo, dithulaganyo tse di dirilweng ke gore molelo o gape o isiwe ko mafelong a mangwe a a nang le ditso tsa Bakwena jaaka kwa Logageng lwa ga Kobokwe, kwa Ntsweng kwa gone go nang le mabitla a dikgosi tsa Bakwena le mafelo a mangwe a a humileng kana a na le bokao ja ditso tsa morafe wa Bakwena. E re go ntse jalo tsholofelo ke gore kwa dikgotlaneng tseo le mafelo a a boletsweng go tlaa nna le borara ja motse jo bo itseng ditso tsa morafe wa Bakwena go tlhalosa ka botlalo. Modulasetilo wa komiti eo, Rre Aaron Mhiko a re komiti le setshaba ka kakaretso di tshwere ka natla go dira dipaakanyo tse di tlaa kgatlhang leitlho bogolo jang mo dikgorong tsotlhe tse di tsenang ka motse wa Molepolole. Komiti eo gape e rulagantse gore e tlaa re kgwedi eno e le lesome le bongwe letsatsi pele ga kgorogo ya molelo go nne le motseletsele wa dikoloi go ralala motse wa Molepolole maikaelelo a seo e le go oka setshaba go tla go ipela le go gorosa molelo.
society
9
Boradinama ba falotse ka tshoba la mogodu
Banna bangwe ba le bane ba falotse molato wa bogodu jwa leruo o o neng o ba lebane kwa Shashemooke morago ga gore mongongoregi wa kgang a e tsholole. Banna ba ke Justice Botsie wa dingwaga tse 37, MacDonald Mokgothu yo o 47, Goitsemodimo Sebetela yo o 22, ga mmogo le Modise Sebetela yo o dingwaga di 22. E ne ya re bosheng ba fitlhelwa ka dinama tsa dikgomo tse tharo ke mapodisi a Gerald kwa Francistown ka makuku a naka tsa kgomo. Kgang e ne ya begwa semmuso kwa lekgotleng la Setswana kwa Shashemooke, mme ditlhotlhomiso tsa tswelela. Mo ditlhotlhomisong tsa tiragalo e go ne ga lemosega fa dikgomo tseo tsa tshipi ya C K B Y tsa mebala e khunwana, e tshunyana le e tlhabana di ne di senyakilwe matshwao e le tsa ga Rre Senatla Oneile wa Shashemooke yo a neng a le mo patlong ya tsone kwa merakeng ya Mooke. E ne ya re tsheko e tshwanetse go tsena kgwedi eno e le lesome le botlhano, basekisiwa ba lopa gore ba fiwe sebaka go ya go buisana le mongongoregi. Ka jalo lekgotla la sekegela tsebe topo ya basekisiwa mme ba nna le sebaka go kopana go buisana kwa bothokong. E ne ya re fa tsheko e e tsena gape kgwedi eno e tlhola masome a mabedi le motso, mongongoregi a tlhalosa fa pele ga lekgotla gore jaaka basekisiwa ba ne ba lopile go nna le dipuisano le ene, ba ne ba itshwarelana mme ba tshephisana fa jaanong ba tlaa agisana. “E re le ntswa go utswiwa le go bolawa ga dikgomo tsa me go ntlogetse ke gamaregile ke bohutsana, ke kgonne go buisana le basekisiwa mme e bile ke dumalane le bone gore ke a ba itshwarela ke tsholola kgang,” a bua jalo. O ne a tlatsa ka go re basekisiwa ba mo tshephisitse fa ba tlaa dirisanya le ene sentle jaaka baagisanyi mme e bile ba tlaa mo thusa le go batla dikgomo tse dingwe tse le tsone di saleng di nyeletse. Rre Oneile o ne a tlhalosetsa lekgotla gore ga a kitla ka lepe letsatsi a supasupana le basekisiwa ka monwana mabapi le kgang e. Kgosi David Adam wa Shashemooke o ne a tlhalosa gore o amogela ka oo mabedi tshwaragano le kagisano ya bone mabapi le kgang e, mme ka jalo tsheko e tlaa tshololwa. Fela mme kgosi o ne a supa fa a sa itumedisiwe ke mokgwa o wa go tshololwa ga dikgang, segolo bogolo tsa mofuta o ke. A re dikgang tsa bogodu kgotsa borukutlhi bope fela ke dingwe tsa dikgang tse di masisi mme e bile di tsweletse ka go tshwenya. Ka jalo a gatelela fa dikgang di tshwana le tse di tlhokana le go tseelwa dikgato tse di gagametseng gore kgabagare di nyelele nyeledi. BOKHUTLO
crime_law_and_justice
1
Mme o gatetse pele ka lenaneo
Lenaneo la nyeletso lehuma le tsweletse ka go ntsha Batswana mo seretseng. Kwa Mahalapye, motlhala wa lone o setse o itshupa mo banning ba akaretsang Mme Kgalalelo Shoshong. Fa a bua mo potsolotsong, Mme Shoshong, yo o dingwaga di masome mararo wa kgotla ya Tidimalo, o tlhalositse fa a na le kgwebo ya go roka paka ya sekole le ya kereke, masire a lenyalo le diaparo dingwe le dingwe tse bareki ba di batlang. O kaile fa a ithutetse go roka kwa Borolong Vocational Training Centre kwa Pitsane ngwagatlola. Morago ga go fetsa dithuto o ne a ya go berekela moroki mongwe, seo e le tsela nngwe ya go ithuta gore kgwebo e tsamaisiwa jang. Gape o ne a reka didirisiwa tse a tlaa di dirisang mo kgwebong ya gagwe. O boletse fa a ne a thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma ngogola ka didirisiwa tse di rokang mme kgwebo ya gagwe ya simolola ka Seetebosigo. O tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e tsamaya sentle. A re bareki ke batsadi ba ba rekang paka ya sekole, maloko a dikereke, batho ba ba nang le manyalo le ba ba tlang ka matsela ba batla go rokelwa diaparo tse di faphegileng. O kaile fa kgwebo e dira sentle ngwaga o simolola fa dikole di bulwa le dikgwedi tsa bofelo tsa ngwaga fa manyalo a bulelwa, mme kgwebo e wela tlase mariga. Mme Shoshong o boletse gore kgwetlho e tona e a kopanang le yone ke gore Batswana bangwe ga ba mo rotloetse ba itlhophela go rokelwa ke batswakwa. O tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e mo thusitse mo a kgonang go jesa bana le go ba isa sekoleng. Le fa kgwebo e simolotse ngogola, Mme Shoshong o boletse fa a setse a kgonne go ikagela ntlo e bile a e goketse motlakase le ntlwana e e dirisang metsi. O tlhalositse fa a eletsa go ipona a na le madirelo a matona a go roka a thapile banana ba bangwe, bogolo jang ka gore ga go na madirelo kwa Mahalapye. Mme Shoshong o ne a gakolola banana gore ba seka ba itsapela kgwebo. O tlhalositse gore le fa kgwebo e sa dire sentle e tshwanetse go itshokelwa.
economy_business_and_finance
3
Inaakanyeng le makgotla a dikoporase
Mopalamente wa Kgaolo ya Shoshong Rre Phillip Makgalemele o kopile banni ba motse wa Bonwapitse go simolola dikgwebo tsa dikoporase ka e le tsone tse di ka tlhabololang matshelo a bone le go bulela banana ba motse oo diphatlha tsa mebereko. Rre Makgalemele o boletse se mo phuthegong ya kgotla kwa Bonwapitse gore e le banni ba motse oo, ba ka ipopa ditlhopha tse ka tsone ba ka adimang madi kwa bankeng ya ditlhabololo tsa setshaba go simolola dikgwebo tsa dikoporase di tshwana mabogodika,,baji-bareki le theko le thekiso. A re, e re ka itsholelo ya lefatshe leno e ikaegile ka temo-thuo, o rotloetsa batlhophi ba kgaolo ya gagwe go simolola dikgwebo tsa dikoporase tse di ka itebaganyang le go rekisa di dirisiwa tsa temo,melemo ya leruo,dijo tsa dikgomo le go reka diterekere tse ba ka di dirisang go lemela Batswana ka lenaneo la ISPAAD. Mopalamente o tsweletse ka go kgala a menne phatla Batswana bangwe ba go bolelwang ba tsweletse ka go rekisa ditsha tse ba di abetsweng ke makgotlana a kabo-ditsha, mme morago ba ye go kopa ditsha tse dingwe ntswa lefatshe lone le sa gole. Rre Makgalemele yo a neng a araba selelo sa ga Kgosi Tlotswana Tshegang yo a neng a supa matshwenyego ka batho ba ba rekisang ditsha tsa bonno phetelela,,o tlhalositse fa Tona wa lephata la Ditsha le Matlo Rre Lebonaamang Mokalake a tlhomile lekoko le le sekasekang dikgang tsa go tlhoka go abiwa sentle ga lefatshe. A re maikaelelo ke go dira molao o tla kgoreletsang batho ba ba rekisitseng ditsha tsa bone go abelwa ditsha tse dingwe ka jaana go lemogilwe fa batho bangwe ba gweba ka go rekisetsa batswakwa lefatshe ntswa gona le Batswana ba ba santseng ba tlhoka lefatshe la bonno. Mo phuthegong eo banni ba Bonwapitse ba iteetse barutabana ba sekole se se botlana sa motse oo legofi go bo ba dirile sentle mo ditlhatlhobong tsa lokwalo la bosupa ngogola, mme ba re ba ka leboga go menagane fa ba ka tswelela ka go dira jalo le mo dingwageng tse di tlang. Le fa ba itumeletse ditlhabololo tse di dirilweng ka lenaneo la Ipelegeng mo motseng wa bone,ba kopile go agelwa ntlwana ya poso, go gokelelwa motlakase mo dikagong tsa puso di tshwana sekole se se botlana,kokelwana, ofisi ya kgotla gammogo le go okeletswa dipompo tsa metsi ka jaana motse wa Bonwapitse o gola tsatsi le letsatsi.
economy_business_and_finance
3
Mapodisi a kopa thuso
Sechaba se kopiwa go batlisa mapodisi a Moshupa, Mme Botlhe Malalawesi wa dingwaga tse di masome a mabedi wa kgotla ya Mmaseetsele kwa Moshupa. O bonwe la bofelo kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi a le lesome le boferabongwe ka nako ya lesome le bobedi motshegare. O dule mo lwapeng a sa laela ope kwa a yang teng. Mme Malalawesi o itekanetse sentle mo tlhaloganyong. Go kaiwa faa dule mo lwapeng a apere sekete se sentsho se le sekhutshwane le sekipara se sentsho se kwadilwe Love mo sehubeng, le ditlhako tse dintsho. O mmala wa thupa tsa maretlwa. Yo o ka mmonang o ka ikgolaganya le ba sepodisi sa Moshupa ko mogaleng wa 5449222, 5449268, 5449578 kana a leletsa mapodisi a a gaufi ko mogaleng wa 999. BOKHUTLO
crime_law_and_justice
1
Batho ba ba fetang 6 000 ba tlodile kwa Ramokgwebana
Matshwititshwiti a ne a tshologela kwa molelwane wa Ramokgwebana go simolola Moranang a tlhola malatsi a le mabedi mo motshegareng go fitlhela letsatsi le le latelang. Mo potsolotsong, mogolwane wa molelwane oo Rre Boikaego Bosele wa lephata la tsa taolo mesepele a re Batswana ba tloletse kwa Zimbabwe ka dipalo tse dintsi go ya go keteka letsatsi la paseka. Rre Bosele o tlhalositse fa tirisanyo fa gare ga bone le batho e le ya maemo a ntlha mme o ne a supa fa a itumelela tirisano mmogo, a bolela fa ba kgaogantse mafelo gore go thusa batho go nne bofefo. A re matshwenyego a ba kopaneng le one, ke a bangwe Batswana ba ba tsamayang le bana ba tlogetse ditlankana tsa bone tsa matsalo kwa morago. A re mangwe a matshwenyego ke a Batswana ba ba etang ka bana ba masika le ditsala, mme ba sa tshwara dipampiri tse di supang teseletso ya go tsamaya le bana bao. Rre Bosele a re go na le batho bangwe ba morafe wa Zimbabwe ba ba supileng fa ba sa itse kwa ba ya teng mo lefatsheng leno. O supile fa ba ba tseneng mo lefatsheng leno ba le 2 946 mme ba ba duleng ba le 6 222, a tlatsa ka gore dipalo tseo di ya go oketsega, ka ba ne amogela dikwalo go tswa kwa baemeding ba dikereke go supa loeto lwa bone. Mogolwane wa molelwane wa Matsiloje, Mme Goitsemodimo Matshidiso a re ba dirisana sentle fela ba ba tlolang molelwane, ebile bone ga gona le fa e le mosuke. O tlhalositse fa gantsi mosuke o nna teng fa batho ba setse ba boa, ka ba dirisa molelwane wa Matsiloje thata. Mme Matshidiso a re matshwenyego a ba itemogetseng ke a batho ba ba tsenang mo lefatsheng leno e se ka fa molaong. A re ba setse ba tshwere batho ba le masome a mabedi le bongwe, a tlatsa ka gore ba le lesome le bosupa ba duetse melato, fa ba le bane ba filwe mapodisi a Zimbabwe. O supile fa batho ba ba tseneng mo lefatsheng leno ba le 176 mme ba ba duleng ba le 776 go simolola ka Labone go fitlhela ka Labotlhano mo motshegareng.
religion_and_belief
8
Ba Maitengwe ba akgola ditirelo tsa puso
Banni bangwe ba motse wa Maitengwe mo kgaolong potlana ya Tutume bogolo thata bagodi ba ba amogelang madi a bagodi ba supa fa ba itumelela thuso e ba e fiwang kwa posong ya motse oo. Mo potsolotsong le BOPA bosheng, jaaka ba ne ba phuthagane kwa posong go tla go tsaya lemme la bone, ba supile fa puso e ba direla tiro motlhofo. Rre Jeremiah Bonyongo ke mongwe wa bagodi ba ba tlhalosang fa poso e le botlhokwa, a re ntle le gore ga a tsamaye sekgele se se kalo go ka bona madi a bone, poso e ba thusa thata go ka boloka bontlha bongwe jwa lemme leo. Rre Bonyongo o supile gape gore gone kwa posong o nna le sebaka sa go ka reka motlakase gape go ka romela madi go tswa kwa ntle ga motse wa Maitengwe. Mme Dambe Bulayani le ene o tshwaetse fa poso e ba bolokela nako ya go nna ba ya kwa metseng e mengwe go bona dithuso tse di farologaneng tsa poso, a re ene se se mo kgatlhisang ka ditirelo tsa puso ke gore ditirelo tsa botlhokwa di akaretsa go reka motlakase le gone go duela metsi di gone fela foo. Bontsi jwa bagolo ba re le ntswa poso tse dintle ba santse ba le bête se molangwana ka letlhoko la matlo a boiteketso gone fa posong. Fa a tswa la gagwe Mme Mompoloki Gaafiwe yo o okametseng poso eo , o tlhalosa fa ditirelo tsa poso eo di akaretsa go duela madi a bagodi,go romela le go amogela madi, go duela badiri ba Ipelegeng, go rekisa ditempe, go romela dikwalo kwa mafelong a sele ga mmogo le go amogela tse di tsenang. Mme Gaafiwe a re tirelo e nngwe e poso e e fang sechaba ke gone go ba fa sebaka sa go romela madi kwa lefatsheng la Zimbabwe ka western union le gone go amogela madi go tswa lefatsheng leo. Mme Gaafiwe o supile fa tirisano mmogo fa gare ga banni ba motse le badiri ba poso e kgatlhisa, a re ba ete ba itemogele dikgwetlho di akaretsa go dira ka bonya ga maranyane a entanete, fa gongwe ba felelwe ke madi ba santse ba tsweletse ba amogedisa. Le fa go ntse jalo a re diemo tse ga di ke di dira ba ba tsileng go amogela dithuso go kokega maikutlo, ka jaana fa ba tlhalosetswa ka bothata jo bo tlhagogileng ba a tlhaloganya ntle le dikgogakgogano.
society
9
Josiah ke sekai sa go ipelega
Monana yo o ipuletseng kgwebo ya go apaya borotho, Mme Lucia Josiah, wa kgotla ya goora Moabi kwa Kanye o rotloeditse banana go itlhamela diphatlha tsa mebereko ka go ipulela dikgwebo. Mme Josiah o buile jalo mo potsolosong bosheng. A re ene ke sekai sa gore go itlhamela mmereko go motlhofo ka e erile morago ga go nna lebaka a sa bereke gope a bo a ipulela kgwebo ya go apaya borotho. Mme Josiah a re o butse kgwebo eo ka madi a a neng a a kgobokanya ka semausu se a neng a itshetsa ka sone. Mme Josiah a re o ne a aga ntlwana e e nang le magotsetso a molelo a a apeelang borotho,mme o apaya magwinya, mapakiwa le mefuta e mengwe fela jalo. E rile morago ga go bona gore kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle, a bo a simolola go ipapatsa ntlwana le ntlwana.Mme o feletse a nna le bareki ba bantsi ka ba bangwe ba rekela go ya go rekisa. Mo nakong ya gompieno, o apeela meletlo ka go farologana jaaka manyalo le e mengwe, a re se ke sekai sa gore o dira tiro e e tsepameng. “Ke batla go rotloetsa banana go nna pelotelele mo dikgwebong tsa bone ka go se motlhofo go bona dipoelo ka bonako ka malatsi a mangwe kgwebo e nna kwa tlase fa a mangwe e ntsha maduo a a bonalang. Fa kgwebo e ntsha dipoelo ga wa tshwanela go isa dipoelo tseo ganong mme o tshwanetse wa boloka dipoelo tseo go tsamaisa kgwebo ya gago fa o feletswe ke didirisiwa’’, a tlhalosa. Mme Josiah a re banana ba lese go itsapela mananeo a puso a go bula dikgwebo ka a diretswe bone gore ba itshetse ka e se botlhe ba ba ka berekang. Le fa go ntse jalo, Mme Josiah a re dikgwetlho tse a kopanang le tsone ke gore marekisetso a gagwe a mannye e bile a tlhaela ka ditlamelo di le dintsi, mme o sale a ikopetse go thusiwa ka madi a banana mme mo nakong ya gompieno ga a ise a bone thuso ka lenaneo leo. A re keletso ya gagwe ke go bona a godile a na le madirelo a a atologileng gore a kgone go apaya mefuta e mengwe ya borotho. A re o eletsa gore fa marekisetso a gagwe a godile a nne le sebaka sa go bulela ba bangwe diphatlha tsa mebereko. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Banni ba lela ka seemo sa holo
Banni ba Tsabong mo Kgaolong ya Borwa ba tshwenyegile ka seemo sa ntlo lehalahala ya motse wa bone. Mme Lebogang Itumeleng o boletse mo potsolotsong gore ntlo lehalahala eo e na le dingwaga e sa baakanngwe. A re e le ba setlhopha sa Tsabong Promotions ba dirisa ntlo lehalahala go dira maitiso ba kgobokanya madi maikaelelo ele go thusa mongwe yo o kobo dikhutswane go mo agela ntlwana ya boitiketso,ka ba diragatsa lengwe la matshego a tebelopele la 2016 la “ tshaba e e lorato ebile ele kutlwelo botlhokole” le gore gape ba itshetsa ka matsana a teng ka ba sa bereke gope. Mme Itumeleng o tlhalositse fa matlhaba phefo a ntlo lehalahala eo bontsi jwa one a thubegile mo ka fa ba dirile maitiso go tshwana le fa ba eme mo labatleng, a re mangwe a tsone a thibilwe ka disenke mo go leng diphatsa a supa fa go le thata mo badirising ba ntlo eo. O ne a tsweletse ka go tlhalosa fa ntlo lehalahala ya motse oo, e le nnye ka e sa lekane. A re dingwe tsa ditshenyo tse di mo ntlo lehalahala eo di akaretsa go thubega ga matlhabaphefo, matlo a boiteketso aa sa berekeng ebile a sena metsi le gore ga ana mabati. O kopile gore dinako tsa diteseletso di okediwe gore di tshwane le ya di night club ka di ka banana mo ditirong tse di makgaphile tsa bogodu ka ba tlaa bo ba diilwe ke maitiso. A re gape banana ba ka e dirisa go itshetsa le go itlosa bodutu ka kgaolo e sena mafelo a itloso bodutu. Monnasetilo wa komiti ya motse ya VDC Mme Malebogo Tebele are seemo sa ntlo eo ba tlhaloganya e beile ba itse ka sone. O kaile fa e sale a tsena mo komiting e ka 2010 ba fitlhetse ntlo lehalahala e onetse. Mme Tebele are madi a ba e hirisetsang batho ka one ba ntse ba leka go e baakanya mme ga ba kgone ka letlole le kolota koporasi ya metsi madi a kanang P25 000 yo ba lekang go mo kgaola kgwedi le kgwedi. O tlhalositse fa ngwaga le ngwaga ba begela morafe kwa kgotleng ka seemo sa motse. O tlhalositse fa ba nna ba kopa gore ntlo lehalahala e okediwe gape e nne le ntlo ya dipuisanyo (conference room) gore e tsamaelane le dipaka tsa segompieno mme fa madi a ditlhabololo a tswa ntlo lehalahala ga e nne mo teng go dirwa tse dingwe.
society
9
Mokgatlho wa Shegotja Molelo o reka koloi
E rile bosheng maloko a mokgatlo wa bomme wa Shegotja Molelo kwa Letlhakeng ba phuthegela kwa kgotleng ya Molehele go supa koloi ya mokgatlho. Fa a tlhalosa tsamao ya go reka koloi ya mokgatlho oo, modulasetilo wa lekalana la Molepolole la Shegotja Molelo, Mme Gaotsholwe Mosesane o ne a kaya fa madi a ba rekileng koloi ka one, a ne a kolekwa ke maloko. maloko. Mme Mosesane o ne a tlhalosa fa ba ne ba bonye go le botoka gore ba reke koloi ya mokgatlho e tlaa nnang e dirisiwa ke ba ofisi e tona ya Shegotja Molelo go lekola makalana a Shegotja Molelo a a mo mafelong a mangwe a a kgakala le ofisi e tona. A re fa go na le koloi go bofefo thata fa koloi e le teng a tlhalosa fa gape koloi eo e tlaa supa fa ba itsaya ka tlhwaafalo e le mokgatlho wa bomme. Fa a ntsha la gagwe,Tautona wa Mokgatlho oo, Mme Goleba Mokwena o ne a kaya fa maloko a mokgatlho wa gagwe a itsaya ka tlhwaafalo thata ka jalo a ba gwetlha go tswelela ba tshwara mowa o montle oo. O ne a tswelela a tlhalosa fa a itumelela gape go bo ba na le bagokolodi ba banana mo mokgatlhong wa bone. O ne a tswelela a tlhalosa fa mokgatlho wa bone o rile ka ngwaga wa 2013 fa o tlhomamisiwa semmuso ka mokete kwa Letlhakeng, ba ne ba abela mme mongwe wa leloko la bone semausu a lemoga le tirisanyo mmogo ya bone le banka ya Botswana Building Society. Mme Mokwena o ne a tlhalosa fa mokgatlho wa bone o tsweletse ka go gola ka jalo ba le bantsi ba eletsa go tsena mo mokgatlhong o.
economy_business_and_finance
3
Koporase ya metsi e diegela ba Tswapong
Tiego ya ba Koporase ya metsi (water utilities) ga e itumedise banni ba Mokungwane, Matlhakola, Lecheng le Malaka kwa kgaolong ya Tswapong Bokone. Banni ba boleletse Mopalamente wa kgaolo, Rre Prince Maele mo diphuthegong tsa kgotla fa ele dingwaga koporase ya metsi e ba solofeditse go ba tsenyetsa dipompo tsa metsi mo malwapeng.Bangwe ba bone ba boletse gore ba sale ba episitswe mesele ke ba lephata la water affairs ebile mesele e setse e kategetse. Fa a ba araba, mogolwane wa Water Utilities kwa Palapye Rre Vincent Zuze o tlhalositse fa koporase ya bone e santse e tsweletse le go leka go busetsa seemo fa se tshwanetseng. A re erile ba tsaya mo go ba water affairs ba fitlhetse go na le mathata one a go tsaya sebaka go sa tsenyediwe batho dipompo, bangwe e le ba ba duetseng mme ba sa tsenyediwa fa bangwe ba episitswe mesele ya bo e nna foo. A re segwe sa dilo tse di neng di diya go ba tsenyetsa metsi ke letlhoko la didirisiwa le tlhaelo ya madi mme gompieno ba setse ba simolotse go tsenya kwa metseng mengwe. Banni ba ne ba kopa Mopalamente gore tsela e e tshwaraganyang metse ya Lecheng, Mokungwane, Matlhakola le Goo Sekgweng e tshelwe sekontere. Rre Maele o ne a re kgang ya letlhoko la metsi ke kgwetlho e e batlang go rarabololwa ke bagolo ba koporase ya metsi ka e lebega e batla go tsewa ka tlhowafalo, mme o tlaa ba e thusa. Ya go tsenya tsela sekontere a re ga e kake ya tshelwa ka ba ka dirisa tsela ya sekontere e e yang kwa Sherwood a re bogolo tsela e ba buwang ka yone e ka kopelwa gore e gopiwe. Mo go tse dingwe o tlhalositse fa kopo ya kgokelo motlakase kwa Mokungwane e le mo tafoleng kwa go ba ba tshwanetseng mme a solofela fa e tla akarediwa mo dikopong tse dingwe fa madi a le teng. Kwa motseng wa Lecheng, Rre Maele o tlhalositse fa kopo ya go tsenya motshelakgabo e tshwanetse ya lebagangwa le mokhanselara ka go re ditsela tse di mo motseng di wela ka fa khanseleng.
society
9
A re se thanye le le tsebeng –Siele
Molwela ditshwanelo tsa bana wa lekgotla la ditshaba le le itebagantseng le tlhokomelo le kgodiso ya bana la UNICEF, Rre Peter Siele a re fa Batswana go ka seka ga engwa kgatlhanong le tiriso botlhaswa ya bana go santse go na le nako, lefatshe leno le ka iphitlhela le duba thankga. Rre Siele a re fa Batswana ba ka seka ba ikela tlhoka,bokamoso jwa baeteledipele ba ka moso bo ka ba tswa ka diphatlha tsa menwana, kgabagare lefatshe la lalthegelwa ke dikitso tsa go tsamaisa itsholelo ka ntata ya gore bokamoso jwa lefatshe e leng bana ga ba a sirelediwa. A re batsadi ba tshwanetse go sireletsa bana gore ba tshware dingwaga tsa go direla le go etelela lefatshe pele, e seng jalo lefatshe leno e tlaa re ka moso le bo le tsaya dikitso kwa mafatsheng a sele.” O buile jaana kwa phuthegong ya kgotla e maikalelo a yone e neng e le go phatlalatsa letsholo la ntwa kgatlhanong le tiriso botlhaswa ya bana la ‘Eseng Mo Ngwaneng’ kwa Ghanzi ka Labobedi. Rre Siele a re mo nakong e e fitileng, kgodiso ya ngwana e ne e dirwa ka tsela e e faphegileng gore a tshware dingwaga tse di lekaneng gore o ka nna motsadi, a tlhalosa gore gompieno bana ba nna batsadi pele e nna bagolo. O supile gore bana ba godisiwa botlhaswa, e bile ba dirisiwa mo ditirong tsa tlhakanelo dikobo. Rre Siele o supile fa go na le banna ba ba robalang le bana ba bannye ba re ba itlhatswa madi, “Ga ke ise ke utlwe gope go twe ngaka e kile ya re fa motho madi a gagwe a le leswe o ka a tlhatswa ka go robala le ngwana, mme ke berekile le dingaka,” a tlatsa. O supile fa dipatlisiso tsa ba thuto e potlana di supa fa bana ba bannye ba amega mo ditirong tsa tlhakanelo dikobo go tswa ka ngwaga tse some e bile dipatlisiso tse di supa gore bana ba tlogela dikole ka ntata ya boimana. Rre Siele a re go supagetse fa tlhakanelo dikobo e, e diragala fa gare ga bana le batho ba bagolwane mo go bone. A re fa ba sena go ba senyetsa bokamoso ga ba ba tlhokomele, ba inaya naga mme maina a bone a sirelediwe go sa sirelediwe ngwana yo o senyegetsweng ke bokamoso. A re dipego tsa dikgang di kile tsa umaka bangwe mo maemong a sepoloki mo ditirong tsa go dirisa bana botlhaswa. O ne a gakolola batsena phuthego gore lefatshe la Botswana le na le kgolagano le mafatshe a mangwe go bona gore a bana ba tshwarwa sentle ebile ba beile ditsamaiso tseo monwana. Rre Siele a re ke gone ka moo e rileng ngwaga o o fetileng mohumagadi wa ga Tautuna Mme Neo Masisi a simolodisa letsholo la ‘Eseng mo Ngwaneng’ semmuso. A re molao wa bana o tshwnetse go obamelwa e bile go tshwanetse ga nna le dikomiti tse di tlhokomelang matshelo a bana mo metseng le mo metsaneng, go itebanganya le go lwantsha tiriso botlhaswa ya bana. Mongwe wa banni ba Ghanzi, Rre Bota Setima o ne a supa bomme ka nonwana gore fa borre ba re ba kgalemela bana, ba ema le bana. A re fa seemo se se ka tswelela se ka baya bana ka fa mosing, ka jalo a kopa bomme le borre go kopanela kgodiso le go kgalemela bana. Mme Kabo Stoffel ene o ne a supa fa dikgang tsa kgokgontsho kgotsa tiriso botlhaswa ya bana di tsaya lebaka go sekwa. Mme Stoffel o tlhalositse fa batsadi bangwe ba tsogela mo majalweng, ba tlhole koo, mme ngwana a gole a itse gore bojalwa ke dijo. O ne a kopa gore ba ba isang bana kwa marekisetso a bojalwa le ditagi kgotsa ba ba rekisetsang bana majalwa le ditagi ba gagamalediwe setoropo. O ne gape a supa fa borre ba oka bana ka madi le go ba rekela megala ya letheka. A re batho ba mofuta o ba tshwanetse go ya go disa poo gore bana ba fatlhoge. E rile a ntsha la gagwe, Rre Ombara Meroro o tlhalositse gore go a tshwenya go bona bana ba etela marekisetso a bojalwa. Rre Andrew Molatole o ne a kopa gore go simolodisiwe letsholo la ‘ngwana khumo’ fela le le tshwanang le la KgomoKhumo a re le ka ntsha maduo. Fa a tsibogela mafoko a banni, Rre Siele o ne a supa gore go le gantsi bana ba ba tswang setlhabelo mo tirisong botlhaswa ba tswa mo malwapeng a a tlhakatlhakaneng a batsadi ba ba tsogelang kwa majalweng ga mmogo le malwapa a go nang le dintwa fa gare ga bakapelo kana banyalani. O ne a dumalana gore letsholo la ngwana khumo le ka tswa ka maduo. A re o solofela gore go tlaa nna le letsholo la mofuta oo, ka ba kile ba buisana le palamente mo malatsing a a fetileng. Rre Siele o supile gore batho ba ba betelelang bana ba na le mathata. “Batho bao ba a lwala, setshaba ga se lemoge ga mmogo le bone ga ba itemoge.” O ne a tlatsa ka go re petelelo e kgona go diragalela batho ba batona ba ba aparang sentle e bile e le bagolo. Mo godimo ga moo, Rre Silele o ne a re kwa matshitshing a mawatle batho ba apara kapari e e supang mebele ya bone mme dikgang tsa petelelo ga di yo koo. “Ga ke dumele gore ke ka fa go aparwang ka teng, batho ba ba na le mathata mo ditlhaloganyong tsa bone,” Rre Siele a tlhalosa
crime_law_and_justice
1
Thupa e ritibatsa botlhokatsebe
Mothusa kgosi kwa Lobatse, Mme Tshegofatso Setumo o akgoletse banana bangwe kwa Peleng go bo ba tokafaditse boitshwaro jwa bone. A re ngogola ba amogetse dikgang tsa melato e e farologanyeng e le makgolo mabedi le lesome, mo go yone e le masome a mararo le boraro e le ya go utswa mo mabentleleng. A re botlhokatsebe bo akaretsa bogodu jwa dithoto bo fokotsegile fela thata mo toropong; selo se a dumelang se kgonagetse ka ntata ya thupa. Ka jalo, Mme Setumo o boletse fa bangwe ba banana ba go nna jalo ba sa tlhole ba dira melato. O tlhalositse fa kwa lekgotleng la gagwe basimane ba belegisiwa dithupa tse di sa feteng borataro fa basetsana ba lefisiwa madi fa ba bonwa molato wa bogodu. Mme Setumo a re se, se tsisitse phetogo e tona mo maitsholong a banana mo jaanong bangwe ba simolotseng go tsenya matsogo mo mananeong a puso go itshetsa. Le fa go ntse jalo, Mme Setumo o tshwenyegile ka batsadi bangwe ba a reng ga ba supe boikarabelo ka go bua le bana go ba tsenya mo tseleng. O kopile batsadi ba go nna jalo go tsisa dikgang tsa botlhokatsebe kwa lekgotleng kwa di tlaa alafiwang teng. O ne a kopa banana go tlogela mekgwa e e maswe mme ba inaakanye le mekgatlho le mananeo a a ka ba rutang ka tsa botshelo. BOPA
crime_law_and_justice
1
Geniet Met Ons ga e na molekane
Go ne go sha logong go sala molora jaaka ditlhopha di le masome a mabedi le boferabobedi go tswa kwa dikgaolong tse di farologaneng tsa mmino wa Polka di ne di iteisana borathana go ipatlela phatlha go ya kwa dikgaisanong tsa makgaolakgang mo malatsing a ga Tautona kwa toropong kgolo Gaborone tse di tlaa tshwarwang kgwedi e e tlang ya Phukwi. Ditlhopha di le masome a mabedi le boferabobedi go tswa mo dikgaolong tse di farologaneng mo lefatsheng leno di akaretsa Ngamiland, Borwa, Kweneng, Ghanzi, Bokone Botlhaba, Borwa Botlha, Kgalagadi, Legare le tse dingwe tsa mmino wa Polka di ne di thulanye ka Matlhatso beke e e fetileng mo Tsabong. Setlhopha sa Geniet Met Ons go tswa kwa Gakhibana se ne sa supegetsa ditlhopha tse dingwe gore mmino oo wa Polka ke wa Kgalagadi ka go feta ka tse di tsididi go ikgapela maemo a ntlha ka masome a robabobedi le bone mo lekgolong. Ba ne ba longwa serota ke setlhopha sa Remmogo go tswa Ghanzi ka masome a robabobedi, mo lekgolong, maemo a boraro a ne a gapiwa ke ba Kalahari Dancers ka masome a supa le borobabongwe mo lekgolong go tswa Struizendam mme setlhopha sa Gareng ga dithota sa Khawa sa ikgapela maemo a bone ka masome a supa le borobabobedi mo lekgolong. Mo molaetseng wa gagwe wa kgothatso, mothusa mokwaledi mo lephateng la kgaso le dikitsiso Rre Mogomotsi Kaboeamodimo o kaile fa mmino wa Polka o o simologileng mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa o kopantse merafe ee farologaneng mo lefatsheng leno ka go o kgatlhegela go o ithuta go o bina. Rre Kaboeamodimo o buile se ka Matlhatso mo letsatsing la dikgaisano tsa mmino oo tsa go ipatlela phatlha go ya dikgaisanong tsa bofelo kgwedi e e tlang ya Phukwi kwa Gaborone. Rre Kaboeamodimo yo e neng e le sebui sa tlotla sa letsatsi leo o boletse fa mmino wa Polka o tsamaelana le molelo wa kgolagano ka go tshwaraganya le go kopanya tshaba ya lefatshe leno gore e bopagane. A re mmino oo wa Polka ka go melediwa mathe ke Batswana ba bangwe, o nyeleditse bokgakala jwa kgaolo ya Kgalagadi ka batho bangwe ba ne ba akanya gore go kgakala mo ba ka sekeng ba kgona go goroga teng, a kaya fa papisa e ya “o moleele jaaka tsela ya Kgalagadi” gape e ne e rurifatsa seo. Mothusa mokwaledi mo lephateng la kgaso le dikitsiso o ne a kaya fa Batswana ba tshwanelwa ke go rolela hutshe Tautona wa lefatshe leno ka maiteko a go tlotlomatsa ngwao, go e sireletsa, go e tlhabolola, go e tshegetsa le go e diragatsa gore e seka ya nyelela mo merafeng e e farologaneng mo lefatsheng leno. A re mafelo a a okang bajanala a a tshwanang le Camel Park, Khawa Dune Challenge, Polka Festival mo kgaolong ya Kgalagadi borwa a simolodisitswe ke Tautona wa lefatshe Lt Gen. Dr Ian Khama Seretse Khama ka go tseela kwa godimo mmimo wa Polka le go tsholetsa serodumo sa one mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa. O ne a gakolola ditlhopha tsa mmino oo go tla ka maikaelelo a go tla go ithuta le go kopa mmino o e leng wa nnete e seng fela go tla go lwela go fenya, a tlatsa ka go ba kgothatsa go dirisa madi a ba atswiwang ka one ka fa go tshwanetseng ka teng ka go tlhabolola ditlhopha tsa bone ka go di rekela tsa kapari le didirisiwa tse dingwe. Rre Kaboemodimo o ne a gatelela thata ka go rotloetsa ditlhopha go ikwadisa mo lekgotleng la Botswana Music Union (BOMU) ba itshwaragantse le ba diofisi tsa ga molaodi le tsa lephata la banana metshameko le ngwao tse di mo dikgaolong tsa bone ka seo se ka ba solegela molemo ka go oba letsogo fa di letswa mo seromamoweng le thelebeshine ya Botswana. Fa a tswa la gagwe molomaganya ditiro mo lephateng la banana metshameko le ngwao Mme Malebogo Mosala, o ne a bolela fa mmino wa Polka o o tumileng mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa o gola ngwaga le ngwaga. A re ngwaga ono ditlhopha di le masome a mabedi le boferabobedi di ne iteisana borathana, a kaya fa mme o simologile ka ditlhopha di supa fela tsa Kgalagadi Borwa. Mme Mosala o ne a tlhalosa fa ngwaga ono madi a ditlhopha tse nne a di atswiwang ka one tse di tlaa fenyang kwa legatong la bofelo a okeditswe ka P30 000 maemo a ntlha, maemo a bobedi ke P25 000, P22 500 a boraro fa sa bone sone se tlaa neelwa P20 000. Fa a leboga, mokhanselara wa Tsabong bokone, Rre Mmuso Kgannyeng o ne a gakolola ditlhopha tse dingwe tse di tla retelelwang ke go fetela kwa pele go ema nokeng ka go tlotla le go gakolola ditlhopha tse di tlaa fenyang ka seo se ka thusa thata mo go godiseng mmino oo go ya pele.
arts_culture_entertainment_and_media
0
Ditlhwatlhwa tsa go gokela metsi le motlakase di oketsegile
Ditlhwatlhwa tsa go gokela metsi le motlakase e le lantlha di tlaa oketsega. Se se builwe ke mokhanselara wa Etsha 13/Jao, Rre Dikoro Ngunga fa a ne a buisa phuthego ya kgotla e mo go yone a neng a lekodisa morafe wa kgaolo ya gagwe ka dikgang tse di builweng mo khanseleng e e fetileng le go tsaya megopolo go e isa kwa khanseleng e e tlang. A re ba koparase ya motlakse ba okeditse ditlhwatlhwa morago ga gore ba tseye tshwetso ya gore jaanong ke bone ba tlaa dirang ditiro tsotlhe tsa go gokela motlakase go tswa fela ka go reka didirisiwa tsa motlakase, go tsenya megala le dipone tsa motlakase ga mmogo le go gokela. A re ba BPC ba tlhalositse fa se e le ka mabaka a gore baitseanape bangwe ba ba atleng ba akarediwe mo go tsenyeng megala ya motlakase mo malwapeng e se ba boleng jo bo kalo, mme ka jalo gangwe le gape go bake dikotsi tsa motlakase. Mokhanselara Ngunga o rile tsamaiso e kgologolo e mo go yone baikopedi ba neng ba ithekela didirisiwa tsa go gokela motlakase e boetswe morago, ka jalo se ke sone se bakileng koketsego ya ditlhwatlhwa. O ne gape a lekodisa morafe ka kgokelo ya metsi e le yone e fetogileng. A re ba koporase ya metsi le bone ba tlaa tsaya boikarabelo jwa go reka didirisiwa tsotlhe tse di tlhokegang go gokelela metsi e seng jaaka go ne go dirwa pele. O ne a tlhalosa gore go bo WUC e tsere marapo a go dira ditirelo tsotlhe, go tlaa fefosa go gokelwa ga dipompo mo malwapeng. E rile banni ba botsa ka go gokelelwa metsi kwa ditsheng tse disha mo Etsha 13 e e sa bolong go diegelwa, mokhanselara Ngunga a tlhalosa gore ka nako e go bonweng moitseanape yo o tlaa tlang go tsenya pompo e e dirisang dikarata. A re WUC e tsere tshwetso ya go siela batho metsi mahala, ka jalo tiriso ya dikarata e tlaa fokotsa tiriso botlhatswa ya metsi. Rre Ngunga o ne a kopa morafe go agelela dipompo go itsa go senngwa ke loruo le le gobeyang mo motseng. A re se se ka fokotsa manokonoko a ditshenyegelo tsa metsi. O ne gape a kopa morafe go nna mapodisi a ba bangwe go itepatepanya le seemo sa go utswiwa ga kopore mo go bakang kgaogo ya motlakase mo kgaolong ya bone. BOKHUTLO
society
9
Ba Werda ba kopiwa go tlhopha UDC
Banni ba Werda kwa kgaolong ya Kgalagadi ba kopilwe mo phuthegong ya phatlhalatsa e e neng e buisiwa ke ntlhopheng wa bopamalente wa UDC, Rre John Toto go nna seopo sengwe mo ditlhopong tsa setshaba tse di tla tshwarwang kgwedi eno eya fifing mme ba tlhope baemedi ba phathi ya Umbrella for Democratic Change. Mafoko a, a builwe ke dibui ka go farologana mo ipapatsong ya phathi eo e moono wa yone e neng ele go bapatsa ntlhopheng wa bokhanselara, Rre Hendry Louw. Fa ema batsena phuthego eo ka lefoko, Rre Toto o tlhalositse fa phathi ya UDC e kgathala ka Batswana ka e batla go bona ba dule mo lehumeng ka jalo ba tshwanetse go netefatsa gore ba e neela sebaka sa go busa. A re ba tshwanetse go tlhopha Rre Louw ka jaana ele ngwana wa bone yoo goletseng mo motseng wa Werda mme seo se raya gore o itse mathata a bone. Rre Hendry Louw ene o tlhalositse fa a bone a patelesega go emela ditlhopo ka gore mokhanselara wa nako eno yo o ka fa tlase ga phathi e busang ya Domkrag o paletswe ke go buelela kgaolo. O tsweletse ka go tlhalosa fa a tshwanetse go tlhophiwa ka gore otswa kgakala a direla motse oo, a tlatsa ka gore puso ya nako eno ga e kgathale ka bone mme ka jalo ba tshwanetse go e tlhopholola. O boletse fa phathi ya UDC e kgathala ka batlhophi mme e tlaa netefatsa gore e baya dikeletso tsa bone kwa pele. A re faba tsaya puso ba ya go oketsa madi a bagodi le gone go tlhama ditiro tota. O tlhalositse gore ka fa tlase ga puso ya bone, batlhophi ba tsile go nna le sebaka sa go ikgethela mananeo a ba a batlang. Rre Louw a re ba tsile go netefatsa gore ba tokafatsa seemo sa thuto gore ere fa dialogane di fetsa di kgone go bona ditiro ka bonako. BOKHUTLO
politics
7
Mogodi o ipelela matsalo
E re ntswa go bolelwa fa dingwaga tsa go tshela di ile kwa tlase mo lefatsheng leno, go sa ntse go na le bangwe ba ba fitlhelelang dingwaga tse dintsi tsa botshelo. Mongwe wa bone ke lebutswapele la motse wa Lerala, Rre Baingotli Makono. Fa o bona Rre Makono o ka tsaya fela gore dingwaga tsa gagwe ga di kalo ntswa a tshedile dilemo di le mmalwa ka o sa ntse a itekanetse. Mo potsolosong kwa moletlong wa go ipelela matsalo a gagwe bosheng, Rre Makono yo o nang le dingwaga di le lekgolo o boletse fa a tshotswe ka kgwedi ya Hirikgong e tlhola gangwe ka ngwaga wa 1914. A re ke ngwana wa ntlha wa ga Mme Mmampa le Rre Makono mme o ne a tshotswe le bokgaitsadie ba ferabongwe mme ba setse fela ba le barataro ka ba le bararo ba iketse badimong. Rre Makono, yo o boletseng fa ene le mohumagadi wa gagwe yo o saleng a tlhokafala ka ngwaga wa 1964, ba ne ba segofaditswe ka bana ba ferabongwe mme go setse ba le bararo fela. A re o na le dikokomane di ferabobedi. O boletse fa ka nako ya fa a ntse a tlhalefa motse wa Lerala o ne o le fa gare ga dithaba tse di bapileng le one mme fa nako e tsamaya motse wa fudugela fa o leng teng mo bogompienong. A re ditlhabololo tse di mo Lerala di tshwana le dikole, kokelwana le sekole sa ithutelo tiro ya diatla di agetswe mo matlhong a gagwe. O kaile fa mo go goleng ga gagwe a ise a ko a tsene sekole mme a ne a ithuta go kwala a ile ntweng, a bolela fa e ne e le mongwe wa masole a a neng a ya ntweng ya bobedi ya lefatshe. Rre Makono a re ke modumedi yo mogolo wa kereke ya Revelation Blessed mme tumelo ya gagwe e nnile le seabe se segolo mo botsogong jwa gagwe. A re ntlha e nngwe e e botlhokwa ke gore ga a ise a ko a lekeletse motsoko mme o kile a nwa nnotagi morago a kgaogana le yone. O boletse fa bojalwa le motsoko di koafatsa mmele, a supa fa a na le tumelo e e tletseng ya gore go tlogela bojalwa le go sa gogeng motsoko ke tsone tse di mo thusitseng gore a fitlhe dingwaga tse a leng mo go tsone. Rre Makono o tlhalositse fa a utlwalela malwetsi a a tshwenyang bagodi jaaka sukiri le madi a matona mme a seyo mo go ene. A re pono ya gagwe ke yone e nyelelang ka bonya ka bonya mme a dumela fa seo se dirwa ke go gola. Rre Makono o boletse fa go mo itumedisa thata go bona bana ba gagwe ba mo diretse moletlo wa matsalo ka go bonala fa ba kgathala ka ene. Rre Kirby Baingotli, yo e leng ngwana wa ga Rre Makono o boletse fa batho ba ba tshelang dingwaga tse di tshedilweng ke rre rraagwe ba balwa mme ba ne ba dira moletlo oo go supa lerato mo go ene le go leboga Modimo go bo a mo babaletse dingwaga tse di kalo. Mongwe wa dibui kwa moletlong oo, Rre Kaisara Modikwa, o boletse fa Rre Makono e le motho yo o ratang batho mme ebile a tshedile thata ka temo-thuo. A re o ithutile go le gontsi mo go Rre Makono ka jalo go a tshwanela go ipelela dingwaga tsa gagwe. A re ke ka thata ya Modimo go bo Rre Makono a fitlheletse dingwaga tse di lekgolo tse bontsi jwa batho ba sa fitlheng mo go tsone. Bokhutlo
society
9
Go kabakanya kgwebo go busetsa Mogaetsho
Monni wa Dimajwe kwa kgaolong ya Legare, Rre Japelo Mogaetsho, o ikiteile sehuba gore ga a kitla a nna ka diatla tsa gagwe. Mo nakong e, o gweba ka dilo tse di farologaneng jaaka ditena, semausu le go rekisa diaparo. A re o simolotse dikgwebo tse a sena go tlogela tiro ya go aga, mme ka a ne a nna kwa Serowe, a fudugela kwa Dimajwe go dupa dupa gore o ka simolola kgwebo efe. A re o ne a kgona go reka setsha kwa Dimajwe. Rre Mogaetsho, wa dingwaga tse di masome a mane le borataro, a re dikgwebo tsa gagwe di mo direla bontle ka a di kabakantse. O boletse fa a ne a lemoga fa kgwebo, bogolo jang ya ditena, e seyo kwa Dimajwe, mme a lemoga fa a tla a nna le bareki bogolo jang ba meraka le masimo ka gangwe le gape ba aga matlo. A re kgwebo e nngwe e a neng a e akanya ke ya semausu, a supa fa a ne a tsaya tshwetso ya gore a rekise dijo tse di farologaneng, tse a itseng gore banni ba ka di tlhoka, mme a ba kgaolele mosepele wa go ya kwa Serowe. A re e ne ya re a ntse a tsweletse, a tlatsa ka kgwebo ya go rekisa diaparo. A re kgwebo ya diaparo le yone e mo direla go le gontle ka a rekisa diaparo le ditlhako tsa bagolo le bana. A re diaparo tseo o di reka kwa Francistown, mme ba ba di rekang ba a di itumelela. Rre Mogaetsho a re le ntswa a sa ngongorege ka fa dikgwebo tsa gagwe di dirang ka teng, o na le dikgwetlho. A re seemo se se kileng sa nna teng sa kiletso mesepele, se ne sa ama dikgwebo tsa gagwe mme ka a ikiteile sehuba a seka a itlhoboga. A re kgwebo ya semausu e ne ya mo thusa fela thata ka e ne e dira le fa tse dingwe di ne di sa dire, mme a lemoga botlhokwa jwa gore a bo a gweba ka tse di farologaneng. Rre Mogaetsho a re Dimajwe ke motse o monnye fela thata, ebile o beile thata mo ba bereking ba Ipelegeng, ba ba rekang thata mo go ene. A re o tla a tswelela a itepatepantse le seemo sengwe le sengwe se se tla a tlang gore a kgone go itshetsa ka dikgwebo tsa gagwe tse a supang fa a na le lerato mo go tsone.
economy_business_and_finance
3
James o itshetsa ka matlalo
Mme Maria James ke mongwe wa Batswana ba ba dumelang gore mokodue go tsosiwa o o itekang. Se se supilwe ke tshwetso e a ileng a e tsaya fa a lebanwe ke lehuma. Mme James o tlhalositse fa a tsene sekole go ema ka mophato wa bobedi. A re o ne a nna fela go sena sepe se a se dirang sa itshetso. O simolotse tiro ya go roka matlalo ka ngwaga wa 2000 a sena go ikwadisa le mopalamente wa kgaolo ya gagwe gore o kopa thuso. O tlhalositse gape gore mo ngwageng one oo, ka thuso ya mopalamente, o ne a kgona go isiwa sekoleng sa go ithutela tiriso ya matlalo kwa Rural Industries Innovation Centre (RIIC). Mme James o tlhalositse fa e rile a tswa kwa sekoleng, a simolola go bereka a roka ka matsogo ka a ne a sena metshine. A re o ne a seka a ipona tsapa mme a dira tiro ya gagwe ka manontlhotlho le boineelo. O ne a tlatsa ka gore go rata tiro ya gagwe ke gone mo go mo kgontshitseng go tswelela pele. Ka thuso ya ba lephata la bong, Mme James a re ne a fiwa motshine o o rokang gammogo le didirisiwa tse dingwe jaaka ditafole ka ngwaga wa 2012. A re se, se ne sa dira gore tiro ya gagwe e tswelele sentle e bo e tlhofofale. Nngwe ya dilo tse Mme James a di dirang o tlhalositse fa e le kapari ya Setswana, dibeke le ditlhako. A re gape o baakanya ditilo tsa dikoloi le tsa mo ntlong ka go di apesa matlalo. O ne a tlatsa gape ka gore o kgona go baakanya le sepe fela se se dirilweng ka letlalo. Mme James a re kgwebo e ya go roka ka matlalo e mo thusitse fela thata mo botshelong jwa gagwe. A re ka kgwebo e, o kgonne go tsenya bana ba gagwe dikole, e bile o nnile le ditsha tse pedi ka yone. Mme James a re batho ba supa kgatlhego mo tirong ya gagwe mme e bile ba supa seo ka go reka dilwana tse a di dirileng. O boile gape a re dilwana tsa gagwe di a tle di tsenelele dikgaisano jaaka ko ditshupong tsa Serowe le ko Gaborone mme di dire sentle fela thata. Mme James o ne a leboga puso ka dithuso tse e ba di fang e le Batswana. A re o solofela fa kgwebo ya gagwe e tlaa tswelela ka go gola. A re o solofela se ka o simolotse a roka ka letsogo mme jaanong o na le mochine o a o dirisang. O ne a tlatsa ka gore keletso ya gagwe ke go bona a thapile ba bangwe mo kgwebong ya gagwe gore le bone ba kgone go itshetsa. A re o ikaelela gape go amogana dikitso le ba ba ka dirang nae. Le fa go ntse jalo Mme James a re kgwebo ya gagwe e lebanwe ke dikgwetlho. A re dikgwetlho tse di akaretsa go tlhoka kwa a ka rekisang dilwana tse a di dirileng teng. A re kgwetlho e nngwe ke gore o reka matlalo boturu mme seo se dire gore a tsholetse tlhwatlhwa ya dilwana tse a di dirang. O boletse fa bareki ba ngogorega thata fa ditlhwatlha di le kwa godimo.
economy_business_and_finance
3
Bagolo ba kuketsa boitaolo jwa bana
E re le ntswa banana ba amega mo borukutlhing jo bo diragalang mo kgotleng ya Sefoke, bagolo ke bone ba bakang se, ka gore ke bone ba ba rekisetsang majalwa, ke bone beng ba madirelo a dibara gape ke bone ba rekisetsang majalwa mo malwapeng. Mafoko a, a boletswe ke mogolwane wa mapodise a Tlokweng, Superintendent Lebalang Maniki, fa a ntsha tekodiso ka seemo sa borukutlhi kwa kgotleng ya Sefoke ka Matlhatso. Superintendent Maniki o boletse fa bagolo e le bone ba rekisetsang banana ditagi, mme kwa morago banana e nne bone ba ba bolaanang fa ba sena go nwa le go goga ditagi. Le fa go ntse jalo, superintendent Maniki o boletse fa a tshwenngwa ke bakgweetsi ba ba kgweeetsang ka lebelo le le feteletseng mo tseleng ya Tlokweng/Zeerust, le batho ba ba kgweetsang ba nole bojalwa. O kopile bakgweetsi go elatlhoko bagolo le bana ba ba emang fa thoko ga tsela, mme a ba kopa go fokotsa lebelo fa ba bona batho ba, ka ba ka tsena mo tseleng ba sena kelelelo. O boletse fa ba tshwenngwa ke melato ya bomme ba ba betswang tsatsi le letsatsi, mme o supile fa melato e mengwe e fokotsegile mo ngwageng e e fetileng. Superintendent Maniki o boletse fa ba na le molato o le mongwe, wa motho yo a bolailweng mo kgotleng ya Sefoke. O boletse fa melato ya go thujwa ga matlo bosigo le motshegare, dikotsi tse di gapang matshelo a batho, go thujwa ga madirelo le diofisi di fokotsegile. Superintendent o ikuetse mo baaging ba kgotla ya Sefoke go tsena diphuthego tsa kgotla tse ba di bitsang, a supa fa se, e le nngwe tsela ya go fokotsa borukutlhi mo kgotleng eo. Bokhutlo
crime_law_and_justice
1
Bagologolo ba agile motheo wa popota
Dikgosi tsa metse ya Gojwane, Serule le Damochojenaa di kopile banana go sala morago motheo o o tlhamilweng ke bagologolo ka ke one o o dirileng gore lefatshe la Botswana le bo le ipelafatsa ka setho le thokgamo e e renang mono. Dikgosi di ne di bua se fa di ne di amogela molelo wa kgolagano kwa metseng ya tsone bosheng. Kgosi Oletile Modisa wa Serule o ne a tlhalosa fa bagologolo ba ne ba dira ka diatla ba ithaopa kwa ntle ga dituelo dipe. Kgosi Modisa a re ba ne ba sa tsena dikole mme ba kgonne go tlhabolola lefatshe. Kgosi Oletile a re mo nakong ya gompieno go ka seka ga nna bokete go gatela pele ka lefatshe le setse le ntshitse barutegi ba ba ka dirang go feta batsadi ba bogologolo. Kgosi Oagile Ketlhaetse wa Gojwane o tlhalositse fa go simolola nako e lefatshe la Botswana le tsereng boipuso go fitlha mo nakong ya gompieno ga go ise go nne le tshololo ya madi. A re se se thomamisiwa ke molelo wa kgolagano o o supang popagano le kagiso go ralala lefatshe go sa kgathalesege gore ba kgakala go le kae le ditlamelo. Kgosi Ketlhaetse a re banana ba tshwanetse go tsaya malebela mo batsading ba bone ka go tswelela ba supa lerato le Batswana ba itsegeng ka lone. Kwa motseng wa Damochojenaa Kgosi Motsholetsi Kebalepile a re banana ba tshwanetse go ithuta ditso tsa metse ya bone mo bagolong ba bone ba ise ba tlhokafale. Kgosi Kebalepile a re ba tshwanetse go tlotla dikgosi tsa bone ka ke bone ba ba dirileng gore lefatshe la Botswana le bo le le fa le leng teng, a re botlhoka tsebe ga bo na maduo ape a mantle. Mongwe wa banana go tswa kwa motseng wa Gojwane, Rre Moses Modise a re e le banana ba metse eo, ba itlamile go tswelela ba dira ka natla go lwantsha botlhoka tsebe jo bo dirwang ke banana bangwe. Rre Modise a re ba itlamile go bopa bana ba ba sa ntseng ba le kwa tlase ka dingwaga ba itsheegile ka matshego a tebelopele e e rulaganngwang ya 2036. O tlhalositse fa ba itlamile go itlhamela ditiro le go thusa ba ba senang ditiro. Rre Modise a re tsholofelo ya bone ke gore ka ngwaga wa 2036 go bo go sena monana yo o lalang ka tlala mme ba ka kgona se ka go bereka mmogo.
arts_culture_entertainment_and_media
0
Mananeo a tshegeditse Mokobeng
Batswana bangwe ba ikaegile ka lenaneo la Ipelegeng go itshetsa le go tlhabolola dikgaolo tsa bone. E rile a bua mo potsolotsong bosheng,modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Mokobeng kwa Tswapong, Mme Dorothy Podisoa re itsholelo ya Mokobeng e a phophoma ka ntlha ya Ipelegeng le lenaneo la nyeletso lehuma. A re ba dirisaIpelegenggo tlhabolola motse jaaka go aga matlo a komiti ya ditlhabololo tsa motse a ba a hirisetsang badirelapuso. A re le ntswa lenaneo le e se la sennelaruri, le thusa banni ka lemmenyana gape le thusa go phepafatsa motse ga mmogo le go ntshafatsa dikago tsa puso O ne a tlhalosa fa go na le batho ba le babedi ba ba apeelang babereki ba Ipelegeng, a supa fa ba reka dijo tsa teng mo mabetleleng le dimausu tsa motse, ka jalo se se dira gore madi a amoganwe fela mo motseng. Le fa go ntse jalo Mme Podiso a re o tshwenngwa ke dipalo tse dintsi tsa banana ba ba berekang Ipelegeng, a re o ipotsa gore ke eng ba sa kope mananeo a mangwe a nyeletso lehuma kana lenaneo la banana la go itshimololela kgwebo ba tlogelela bagolo Ipelegeng. Tsamaiso ya Ipelegeng ya motse wa bone ke gore batlhoki ba berekele ruri ka se se ka ba fokoletsa manokonoko a lehuma. Mme Podiso a re ba na le batlhoki ba le bararo ba ba berekelang ruri e bile ba dumalane le batlhoki bao gore kgwedi le kgwedi go tsewe makgolo a mabedi a dipula mo dituelong tsa bone gore ba rekelwe semente gore le bone ba tle ba nne le matlo a a botoka. O ne a lebogela lenaneo la Tirelo Setshaba a re le lone le na le seabe mo itsholelong ya motse. Le thapile banana ba le masome mabedi mme ba direla kwa kokelwaneng, kgotla, ofisi ya molemisi le dikole tsa Mokobeng ka bobedi.
society
9
Seemo sa thobo ga se nametse
Moanamisa mafoko kwa lephateng la temo thuo kwa kgaolong ya legare, Rre Clifas Kemiso, a re monongwaga thobo e tlaa nna kwa tlase ka balemi ba lebanywe ke dikgwetlho di le mmalwa. Mo potsolosong bosheng, Rre Kemiso a re temo kwa kgaolong eo, ga e a tsamaya jaaka go ne go solofetswe ka ntata ya pula e neleng morago ga nako. A re le ntswa bangwe ba ne ba tshwara bokgola, morago go ne ga tla sefako se se neng sa senya dijwalo. Rre Kemiso a re palo ya balemi ngwaga ono, e oketsegile fela thata fa ba tshwantshanya le ya ngwaga o o fetileng, sebe sa phiri ya nna dikgoreletsi tse le tsone di leng di ntsi. A re monongwaga, balemi ba le 5 022 ba lemile diekere tse 15 797,81 fa mo ngwageng o o fetileng balemi ba le 1 837 ba ne ba lemile 6345,41. Moanamisa mafoko o ne a a tlhalosa fa temo ya gompieno e okeditswe ke gore lephata le ne le abela balemi dipeo go sa tshwane le ngogola fa ba ne ba fiwa dikhupone go phaka dipeo kwa mafelong mangwe a a neng a kgethilwe. O supile fa monongwaga, lephata le ne la tshwanelwa ke go oketsa nako ya temo ka beke go fa balemi sebaka sa go lema. “Temo ya rona e nna e tswalelwa ka di 15 tsa ga Tlhakole, mme gompieno re feletse re e tswala ka di 22, go fa balemi sebaka sa go lema,” ga bua Rre Kemiso. A re dikgaolo tsa Tutume, Mahalapye, Palapye, Tonota le Machaneng, e nnile tsone tsa ntlha go lema, mme ebile e le tsone tse temo ya tsone e neng e nametsa, fa dingwe tsa dikgaolo tseo di ne tsa tlhaselwa ke pula ya sefako e e bakileng tshenyo fela e e kwa godimo. Kgaolo ya Palapye e nnile yone e amegileng thata ka dihekere tse 222,75, fa ya Machaneng go amegile 75, Mahalapye di le lesome. O supile fa tirafalo eo, e ne ya tlogela dijwalo mo seemong se se kwa tlase. Rre Kemiso a supa fa ntlha e nngwe e nnile bothata jwa ditlou tse di sentseng masimo kwa dikgaolong tsa Gweta, Nkange, Maitenge, Phikwe le Boteti. A re ditlou tseo di tlogetse balemi ba iphothere fela ka di bakile tshenyo e e kwa godimo. Moanamisa mafoko o ne a re mo bogompienong, go ka bo go setse go jewa letlhafula, mme a supa go ise go nne jalo ka dijwalo di santse di gola lebaka e le bokgola jo bo kwa tlase le letsatsi le le kwa godimo. Rre Kemiso a re ntswa dijwalo tse di le mo seemong se se tlhobaetsang se, fa pula e ka na, dingwe tsa tsone di ka tsoga mme tsa phimola balemi dikeledi. Kwa ntle ga letlhoko la pula, Rre Kemiso o supile fa seboko se se bitswang ‘fall army worm’ le sone se tshwenya balemi thata mo kgaolong ya legare. O ne a kgothatsa balemi gore fa ba itse metlhale mengwe ya go thibela diji mo dijwalong tsa bone, ba e dirise, a ba a konotelela ka go gakolola balemi, go dira dijo tsa leruo ka dijwalo tse di sa golang sentle kana tse di suleng. Mo potsolotsong, mongwe wa balemi ba masimo a Shashane, Rre Mosweu Ntwayagae o supile fa pula e tsere lebaka go na kwa masimong a bone, mme se sa baka gore ba leme morago. O tlhalositse fa morago ga temo, pula e ne ya tsaya nako gape go kolobetsa bolema, a re bontsi jwa dijwalo tsa gagwe di santse di ise di gole, tse dingwe di korobetse, fa mmidi le ntshe tsone di sa ntse di feletse mo mmung. “Re beile tshepho fela mo go Ramasedi gore pula e ne dijwalo tsa rona di tsoge,” ga tswalela Rre Ntwayagae.
society
9
Ngaka o tlhalosa kgobalo ya monyetsane
Kgobalo ya monyetsane e tlwaelesegile thata fa motho a amegile mo kotsing e tshwana le ya koloi kgotsa kotsi epe fela e e masisi. Se se boletswe ke ngaka ya kokelo e e ikemetseng ya Riverside Private Hospital kwa Francistown, Dr Ishmael Mudari mo potsolotsong le Dr Mudari o tlhalositse fa monyetsane e le karolo e e laolang go tsamaya ga melaetsa fa gare ga mmele le boboko mme ebile ditshikanyana tse di tsamaisang melaetsa go tswa kwa bobokong go ya kwa mmeleng le go boa di tshwaragane le monyetsane. A boletse fa go na le mefuta e le mebedi ya kgobalo ya monyetsane, e leng kgobalo ya molala e e diragalang fa monyetsane o amegile ka fa morago ga molala, mme yo o amegileng a nne le bothata jwa go hema, go ijesa, go ithoma, go tsamaisa maoto le tse dingwe. Dr Mudari a re mofuta wa bobedi ke kgobalo mo magetleng, selo se a reng se ama go dira ga mafatlha le maoto, go palelwa ke go laola motlhapo le go ithoma. A re kgobalo ya monyetsane e ka baka bogole jwa sennela ruri mme se se ame botshelo jwa yo o gobetseng ka a ka palelwa ke go itirela ditiro tsa letsatsi le letsatsi jaaka go tsamaya, go ijesa, go itlhapisa le tse dingwe. A re godimo ga moo, kgobalo ya monyetsane e ka baka ditlamorago di tshwana le dintho tse di dirwang ke go babalelwa ke go nna kana go robalela ruri ka motho a sa kgone go iphetsola, ga mmogo le malwetse a mafatlha le a setlha mme se, se bake loso. Dr Mudari o tlhalositse fa dikotsi tsa tsela e le tsone tshoso e rweleng mo go bakeng dikgobalo tsa monyetsane. A re dilo tse dingwe tse di bakang kgobalo ya monyetsane ke go wa mo dilong tse di kwa godimo jaaka dipale, ditlhare, metshameko, go tlhajwa ka dilo tse di bogale le malwetse a a tshwanang le kgotlholo e tona le kankere a a amang monyetsane. O kaile fa kgobalo ya monyetsane e ka thibelwa ka go hema dikotsi tsa tsela ka go sala morago melawana yotlhe ya ipabalelo tseleng go balelwa le go dirisa lebante la itshireletso ka dinako tsotlhe, go kgweetsa ka lebelo le le lekanetseng le go pega bana mo setilong sa itshireletso. A re gape go botlhokwa go dirisa mabante a itshireletso nako le nako fa motho a palama dilo tse di kwa godimo. Dr Mudari o kaile fa batho ba ba gobetseng ba tshwanetse go tshwarwa ke baitseanape ba ba rutetsweng tiro eo kana fa go sa kgonegeng teng, ba tshwarwe ka matsetseleko ba bo ba bewe sentle go fitlhelela ba bona thuso ya bongaka. O tlhalositse fa kgobalo ya monyetsane e sena kalafi mme ba ba gobetseng ba ka tlamelwa ke ba bongaka go fokotsa manokonoko a a lerilweng ke kgobalo jaaka go ba ruta gore ba itlhokomele jang mo seemong se ba leng mo go sone.
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Go betla go tswa goo Lowe
Go betla ke tiro ya diatla e e tswang bogologolo thata e ntse e dirwa. Ntswa tiro e ekare e a nyelela, Batswana bangwe ba santse ba e tshwere e bile ba ipela ka yone. Bangwe ba a betla ba bo ba rekisa fa bangwe ba betla fela go dirisa tse ba di betlileng mo malwapeng. Go betla ga go motlhofo jaaka motho a ka akanya mme go tlhokana le go nna kelotlhoko le go nna motho a itlhokotsa kgapetsakgapetsa gore a kgone go betla tse di elediwang ke batho. Rre Keledi Ntwaagae wa Mmashoro yo o dingwaga di 64 ke mongwe wa Batswana ba ba tswang kgakala ba itsege ka go betla e bile ba itshetsa ka gone. Fa o tsena mo Mmashoro ga gona monni yo o sa mo itseng ka tse a di betlang di tshwana le dikika, metshe, dintshwana, diphetlho le mehinyana. Rre Ntwaagae a re tiro e ya go betla o e ithutile mo go ntsalae ka a ne a nna le ene a santse a le monana. A re gore motho a kgone go betla ga a tlhokane le didirisiwa tse dintsi mme o tlhokana le petlwana le setlhare se se omeletseng se tshwana le sa mokoba, morula le motswere mme o tshwanetse a itse gore setlhare sefe se dira eng. O ne a tlhalosa fa go betla go dirwa mariga ditlhare di omeletse. A re morula go dirisiwa o o sa ungweng mme o dirisiwa go betla dikika. A re o kgona gape go dirisa motswere go betla dikika. Rre Ntwaagae o ne a tlhalosa fa mokoba o o metsi o kgona go betla metshe. A re tiro ya go betla ga e dirwe ke mongwe le mongwe ka motho yo o betlang a tshwanetse a betle se se elediwang ke batho e bile se lebega. A re dikika le metshe ke dingwe tsa tse a di rekisang thata ka banni ba Mmashoro ba rata go setla mabele. Ntswa Rre Ntwaagae a rata go betla, o ne a ngongorega ka go re tiro ya go betla ga e na madi a mantsi, a bolela fa motshe e le P50 mme kika e nnye e e kgonang go setlela digwapa e le P100. A re kika e tona o e rekisa ka diphoisane tsa mabele di le pedi. O ne a supa fa a rekelwa thata ke banni ba motse wa gagwe le maphata a puso. A re ba ba rekang mo go ene ba kgona go mmolelela gore ba batla eng mme a bo a se dira. Rre Ntwaagae o ne a supa matshwenyego ka ditlhare dingwe di tshwana le sa mokoba se a bolelang fa a sa se bone thata ka se rengwa thata e bile bangwe ba ba agelelang dipolase ba se dirisa thata. A re bangwe ba ne ba fiwa dipolase fa setlhare seo se leng sentsi teng mme ba felela ba se ageletse mo dipolaseng tsa bone jaanong ga go motlhofo go se bona.
society
9
Bagolo kwa Bobonong ba leboga modiri wa poso
Rre Kefilwe Mphotho o kailwe fa e le modirelapuso wa tlhwatlhwa e bile a dira tiro ya gagwe ka botswapelo. Fa a bua kwa moletlong wa tsamaya sentle o o neng o rulagantswe ke bagolo ba kgaolo ya Bobonong bophirima le maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Bobonong ka Labotlhano, mongwe wa bagolo, Mme Babonyi Dipholo o tlhalositse fa ba bone go le maleba go kokoanya madi go rekela Rre Mphotho yo e leng mogolwane wa poso mo Bobonong dimpho. Mme Dipholo a re ba ne ba koleka dipula tse di lesome mongwe le mongwe wa bone. A re ba kgonne go reka sethuthafatsa dijo (microwave), sejana se se bidisang metsi (kettle) le dipitsa. Mme Dipholo yo gape e leng leloko la komiti ya ditlhabololo tsa Bobonong bophirima, a re Rre Mphotho o tshwanetswe ke go lebogiwa ka a ne a dirisana sentle le bone fa ba ile go amogela madi a bogodi. O tsweletse a tlhalosa fa Rre Mphotho a ne a ba neela lerato ka dinako tsotlhe. A re Rre Mphotho o pelo telele gape o botho. Fa a latlhela la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Bobonong bophirima, Rre Boitumelo Kgosietsile, o tlhalositse fa Rre Mphotho e le motho yo o botlhokwa e bile a dira tiro ya gagwe ka botswerere. A re fa motho a dirile sentle o tshwanetswe ke go direlwa sengwe fa a fuduga. Rre Boitumelo o supile fa dimpho tse ba di neetseng Rre Mphotho di tlaa mo godisa le go nna segopotso mo go ene. O tsweletse a supa fa dimpho tseo di tlaa mo dira gore a ye go tshwara ka thata kwa a yang go direla teng. Fa tswa la gagwe, Rre Mphotho o tlhalositse fa batho ba Bobonong ba na le lerato le botho. O tsweletse a supa fa a ka se ke a lebale banni ba motse wa Bobonong le kwa a yang go direla teng. Rre Mphotho o supile fa a simolotse go direla mo Bobonong ka ngwaga wa 2013.
politics
7
Boile o rotloetsa banana go tsaya tiro ya diatla ka tlhoafalo
Banana ba rotloeditswe go tsaya tiro ya diatla ka tlhoafalo, bogolo jang mo nakong ya gompieno e seemo sa letlhoko la ditiro se ileng magoletsa. Mme Juliana Boile wa kgotla ya Borakalalo kwa Molepolole, o tlhalosa fa se se ka thusa go fokotsa go ntsha banana mo mebileng. Mme Boile, yo o itshetsang ka go loga, o supile fa go ithuta tiro eo go le motlhofo ka jaana go tlhokana fela le go nna leitlho le le bogale go ithuta mo go ba ba itseng. O kaile fa a itshetsa ka go kgabisa dilwana tse di tshwanang le dibeke tsa bomme le mesese le mekgabisa ka go farologana. Tiro e, o simolotse ka 2001 morago ga go ithuta mo go nkukuagwe. O ne a supa fa go na le tswelelopele mo kgwebong ya gagwe, e bile batho ba e kgatlhegela ka e na le boleng jo bo kwa godimo. A re sebe sa phiri ke gore batho ba rata go rekisediwa dilo tsa boleng jo bo kwa godimo ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase. O ne a supa fa e ne ya re ka 2014 a tlhama mokgatlho o o bidiwang Tlang Moriting Support Group mo kgotleng ya Borakalalo, o o akaretsang bomme ba ba tshelang ka mogare wa HIV, ga mmogo le ba masika kana ditsala tsa bone. Mme Boile o supile fa maikaelelo a mokgatlho e le go kokoanya madi ka go rekisa tse ba di itirelang ka diatla gore ba thusane mo go tshetseng ba malwapa a bone. Mme Boile o ne a ntsha selelo sa letlhoko la barotloetsi. A re seo se paledisa dikgwebo tsa bone go itshetlela. O ne a tlatsa ka go re ba tsweletse ka go iteka lesego mo go tsenyeng dikopo mo mananeong a puso. O ne gape a tlhalosa fa nngwe ya dikgwetlho e le letlhoko la dibaga tsa boleng mo Botswana, ka jalo a patelesega go reka dibaga mo mafatsheng a a mabapi jaaka la Zambia. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Tshwaragano ke phenyo
Batsadi ba bana ba ba tsenang kwa sekolong se se botlana sa Khudumelapye mo kgaolong ya Kweneng, ba gakolotswe go tshwaragana le barutabana go ntsha maduo a a botoka. Mafoko a, a builwe ke mogokgo wa sekole seo, Mme Nancy Mukuwa kwa phuthegong ya batsadi le barutabana bosheng. Mme Mukuwa o kopile batsadi go kgothatsa bana ba bone go tsaya thuto ya bone tsia, a tlatsa ka gore batsadi le bone ba tshwanetse go tshwenyega fa ba bona ngwana a sa ya sekolong. Mogokgo o kgothaditse batsadi go etela sekolo go bona gore bana ba dira jang, a tlhalosa fa ba butse dikgoro gore fa batsadi ba ngongorega ka sepe fela, ba ba itsise ka gore ba ka kgona fela fa ba tshwaragane mmogo. E rile a latlhela la gagwe mongwe wa batsena phuthego Rre Mafoko Dingaka a ngongorega ka go tlhoka seabe ga batsadi mo thutong ya bana ba bone. Rre Dingaka o gakolotse batsadi go lemoga bokgoni ja bana le go ba rotloetsa go bo tsaya tsia ka go ka ba tshetsa fela jaaka ba bodiragatsi ba itshetsa ka go dirisa bokgoni ja bone ja go diragatsa. BOKHUTLO
education
4
Mokwadi o tla a simolodisa buka ya Ba ga Mmanaana
Rre Moffat Herry wa dingwaga tse masome mane le bofera bobedi wa Thamaga o tlaa simolodisa buka e a e kwadileng ka ditso tsa Bakgatla ba ga Mmananaana kgwedi e e tlang. Fa a bua mo potsolotsong kwa moletlong wa ngwao bosheng kwa Thamaga, Rre Herry yo e leng mogwebi o tlhalositse gore buka e e bidiwang Rre Herry a re o kwadile buka e a sena go gwetlhiwa ke go lemoga gore ngwao e a nyelela, a tlhalosa fa se se dirwa ke gore ga go sa tlhole go na le maitiso a ka one bagolo ba neng ba tle ba lotlegele banana ka ditso tsa bone ka jalo go nna le kamogano ya ngwao mme a re banana ba nna ko ditoropong le batsadi ba bone ba malatsi a sesha. A re bonyenyane jo bo teng bo buiwa mo ditlotlong ka ditso ga bo a lekana go fetisetsa ditso ko bananeng, ka jalo a re buka e e tlaa solegela Batswana ka kakaretso le Bakgatla ba ga Mmanaana molemo. A re go lemoga fa thuto e tlhaela ka ditso tsa Batswana bogolo thata ka morafe wa Bakgatla ba ga Mmanaana o ikaelela go kwala ditso tse go tla bana ba ba tswang kwa tlase ba di itse, ka jalo a re o ne a simolola letsholo la go epolola ditso tse mo bathong ba ba farologaneng, a okomela le se bakwadi ba bangwe ba se kwadileng ka Batswana mmogo le mekwalo ya ditso mo metlobong. Rre Herry o tlhalositse gore bontlha bongwe jwa buka e bo bua ka merafe ya Botswana, gore ba tlholegile kae, go kgaogana ka mafelo ga merafe, mme ko bofelong a remelela mo ditsong tsa Bakgatla ba ga Mmanaana. A re ntswa Bakgatla ba le ditlhopha tse tlhano, morafe wa Bakgatla ba ga Mmanaana ke one o tsileng pele mo Botswana o tlholega ko lefatsheng la Aferika Borwa, mme ba goroga mo Botswana ka 1853. O tlhalositse gore buka e o setse a simolotse go e bapatsa mme a re e tlaa bo e le teng mo marekisetsong a dibuka, mo metlobong, mme a re le batho ba ka e reka.
education
4
Bogodu jwa diphologolo bo a kekela kwa Khawa
Bo rre bangwe ba ferabobedi go tswa kwa motseng wa Khawa ba thusa mapodisi ka ditlhotlhomiso morago ga go belaesega mo molatong wa go bolaya diphologolo mo lefelong le le sireleditsweng la diphologolo la KD-15. Mo puisanong le ba BOPA bosheng, Mookamela mapodise a Middlepits Assistant Superintendent Kebadire Mmopi are go lebega melato ya go nna jaana e golela kwa godimo a supa fa mo kgweding e le nngwe ba setse ba gatisitse dikgetsi tse mo go tsone go bolailweng dikukama tse tlhano le dikgokong tse pedi go sena teseletso. A re mo tiragalong ya ntlha, ba ne ba tshwara babelaelwa ba le barataro ba dingwaga tse di lesome le boferabongwe go ya kwa go tse di masome a mane le borataro. A re bo rre bao, ba fitlhetswe ka dinama le matlalo a dikukama tse go belaesegang fa ba ne ba di bolaile gaufi le lefelo le le sireleditsweng la diphologolo. Mo tiragalong ya bobedi, Rre Mmopi o ne a tlhalosa fa kgwedi e e fetileng e le masome a mabedi le borataro ba ne ba tshwara bo rre ba bangwe ba le babedi ba ba fitlhetsweng ba bolaile kukama le kgokong kwa lefelong le le sireleditsweng la diphologolo. Le fa go ntse jalo, Asst Superintendent Mmopi, o tlhalositse fa mo nakong ya gompieno borre bao, ba letetse tsheko kwa ntle fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di sa ntse di tsweletse. Rre Mmopi o boletse fa babelaelwa bao, fa ba ka bonwa molato ba tla lebisiwa molato wa bogodu jwa diphologolo mme ba ka atlholwa madi a sa feteng P5 000 mongwe le mongwe kana kgolegelo ya dingwaga tse di sa feteng botlhano kana ba lebanwa ke katlholo ka bobedi. A re e ntse e le kwa Khawa, mo kgweding e e fetileng e le masome a mabedi le boferabobedi ba ne ba tshwara banna ba le bane mabapi le go fitlhelwa ka digwapa le nama e e metsi e go belaesegang e le ya kgokong kwa morakeng mongwe gaufi le lefelo le le sireleditsweng la diphologolo. One a tsibosa setshaba go iphapa mo mokgweng wa go bolaya diphologolo go sena teseletso are go tlhabisa dithong ka badira melato ba di latela kwa mafelong a babalesegileng. A re go dira jalo, go na le ditlamorago tse di ka phuthamisang itsholelo ya lefatshe.
crime_law_and_justice
1
Baithaopi ba tlhoka thotloetso
Mogolwane wa khamphane ya Botswana Railways a re go botlhokwa gore baithaopi ba lenaneo la twantsho borukutlhi ba thatafadiwe ka go okelediwa ditlamelo. Rre Kenneth Tamasiga o buile jalo bosheng kwa moletlong wa go leboga baithaopi ka go ba abela dietsele le ditlankana kwa Mahalapye. A re borukuthi ke kgwetlho e e tshwanetseng go lwantshiwa ke botlhe. O tlhalositse fa Botswana Railways e tshwenngwa ke bogodu jwa dithoto tse di dirilweng ka kopore le go thujwa ga dikago, seemo se a reng se kgoreletsa tiro ya khamphane. A re bogodu jwa megala ya kopore e e tsamaisang motlakase, bo kgoreletsa tiro ya bone ya go laola mesepele ya diterena. Le fa go ntse jalo, Rre Tamasiga o akgoletse baithaopi ba twantsho borukutlhi go tswelela ba dira ka natla go lwantsha borukutlhi. A re go botlhokwa gore ba nonotshiwe gore ba kgone go lepalepana le dirukutlhi tse di dirisang maranyane a re mongwe le mongwe a nne le seabe mo go lwantsheng borukutlhi. Kgosi wa Mahalapye, Rre Duncan Segotsi, a re le fa baithaopi ba dira tiro e e botlhokwa ya go sireletsa matshelo le dithoto tsa setshaba, go utlwisa botlhoko go bona ba nyadiwa ke bangwe. Kgosi Segotsi a re go ithaopa go direla setshaba ke tiro e e botlhokwa, e e tlhokang go galalediwa. A re ofisi ya sepodisi e tsweletse ka go lemoga seabe sa morafe mo go tshwaraganeng le mapodisi go lwantsha borukuthi. Mogolwane wa mapodisi kwa kgaolong ya borwa jwa legare, Rre Christopher Mbulawa a re ba tshwentswe thata ke seemo sa borukutlhi. Rre Mbulawa a re go betelela le go kgokgontsha bomme ke dingwe tse di sa jeseng setshaba diwelang mo kgaolong ya gagwe. A re ka ngwaga, bomme ba le 2 000 ba ne ba amega mo ditiragalong tsa mofuta o. Rre Mbulawa a re mapodisi a tlaa tswelela a dira ka natla go lwantsha methale yotlhe ya borukutlhi. Le fa go sa lekana, a re ditshekatsheko di supa fa Botswana a dira ka natla go lwantsha borukutlhi ka jalo mafatshe a mangwe a tsweletse ka go etela mono go tla go ithuta ka methale e e dirisiwang go lwantsha borukuthi. O gateletse botlhokwa jwa seabe sa morafe mo go lwantsheng borukuthi. Rre Mbulawa a re borukuthi bo ka senya thitibalo e e renang mo lefatsheng, a tlatsa ka gore ba sepodisi ba ka kgona go bo lwantsha ka thuso ya baithaopi. Mokhanselara wa Mahalapye Bokone, Mme Julia Miranda o kopile puso go oketsa tshireletsego ya mapodisi le baithaopi gore ba kgone go sireletsa matshelo a bone mo dirukutlhing tse di borai. Mme Maranda o akgotse baithaopi a bo a ba rotloetsa go tswelela ba dira ka natla.
crime_law_and_justice
1
Banana ba Khekhenye ba maoto a tshupa
Kgosi Sekelere Kgope wa Khekhenye kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng a re o tshwentswe ke go bona banana bangwe ba goga dinao go ithusa ka mananeoa puso. Fa a bua mo puisanong bosheng, Kgosi Kgope a re lemororo puso e tshwere phage ka mangana go leka go tokafatsa matshelo a bananasegolo jang ba metse e e kgakala le ditlamelo, bangwe kwa motseng wa gagwe basantse ba goga dinao go itlhabolola ka mananeo a. A re go lebega bontsi jwa banana ba na le kakanyo ya gore kgang ya go tlhamaditiro mo lefatsheng ke boikarabelo jwa puso fela, selo se a kayang se dira Kgosi Kgope a re puso e tsweletse ka go tlhama mananeo a le mmalwa a a itebagantsengle banana fela, ka maiteko a gore ba itshimololele dikgwebo tse di ka batlhamelang ditiro, mme go botlhokwa gore le bone ba ipotse gore seabe sa boneke eng mo go tlhabololeng matshelo a bone le metse e ba tswang kwa go yone. O ba gakolotse go dirisa sebaka se go tlhabolola matshelo a bone, e sere gongwemo isagong ba sala ba lelela kgama le mogogoro mananeo a a sena kwa a ka bonwang teng. A re mo malobeng go ne go na le mananeo a tshwana le FinancialAssistance Policykana tlhatlosomadirelo mme mo bogompienong ga a sa tlhole a le teng. O supile fa banana bangwe ba supa fa go tlhaela kitso ka mananeo a a leng teng ele lebaka le le ba paledisang go inaakanya le one, mme a nyatsa seipato seo a kaya fa badirelapuso ba a tsisitse le go etela motse oo kgapetsakgapetsa golemotsha banana ka bomosola jwa go tsaya mananeo a puso. KgosiKgope a re gangwe le gape dikgwebo tsa banana tse di atlegang mo motseng wagagwe ke tse beng ba tsone ba ikiteileng sehuba gore ba batla go tswelela mobotshelong ebile ba simolotse dikgwebo tseo ka maikarabelo le lorato. O kopile ba ba santseng ba iketile go itharabologelwa le go nna majato mo goemeleng matshelo a bone ka dinao ka go dirisa mananeo a a leng teng, ka jaanaba le mo kgaolong e e aparetsweng thata ke lehuma le letlhoko la ditiro. A re fa Batswana ba ka ikemela ka dinao ba tlhagafalela dithuso tse ba diabetsweng ba ka tlhabolola le go tokafatsa matshelo a bone mme ba inoga mo Go ntse go le foo, o ne a supa fa seabe sa batsadi se lebotlhokwa fela thata mo go rotloetseng banana go ikopela mananeo a puso le go atlhagafalela fa ba setse ba a abetswe, mme a kopa batsadi go ema banana nokengdi nako tsotlhe. Mo go tse dingwe, Kgosi Kgope o ne a lela ka tlhaelo e e ko godimo ya boroko jwabodiredi jwa puso, mme a ikuela mo go ba ba maleba go tsibogela seemo se. BOKHUTLO
society
9
Ipabalelo tseleng e botlhokwa mo baneng
Mogolwane wa thibelo dikgobalo wa Motor Vehicle Accident Fund (MVA) Mme Kwenantle Otukile o kgothaditse bagokgo ba dikole tsa Boteti go simolodisa mekgatlho ya ipabalelo tseleng mo dikoleng. Mme Otukile o dirile kgothatso e kwa thutopuisanong ya go simolodisa mekgatlho ya ipabalelo tseleng ya dikole tsa Boteti kwa Letlhakane ka Labotlhano, a supa fa mekgatlho e ele botlhokwa ka e ruta bana ka ipabalelo tseleng. Mme Otukile a re se ba se dirang ke go itebaganya le motho ka jaana koloi ka nosi e se na motho mo teng e ka seka ya dira kotsi. Are maikaelelo a bone ke go itepatepanya le seemo sa go hema dikotsi tsa tsela, a re dikgwetlho tsa dikotsi le kgobalo di dintsi. Mme Otukile o tlhalositse fa lengwe la mananeo a bone ele go thusa ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela, are ba na le lenaneo la go simolodisa mekgatlho ya ipabalelo tseleng mo dikoleng ka jaana ba lemogile gore bana ba tlhaela kitso ka ipabalelo tseleng, mme e bile e le bone ba angwang thata ke dikotsi seemo se a reng se a tlhobaetsa. Mme Otukile o ne a leboga bagokgo ba Boteti go bo ba batla go simolola mekgatlho e, are se se supa fa ba kgathala ka bana, ebile ele ba tsaya karolo mo ipabalelo tseleng ,o bile are o solofela gore batla ya go diragatsa lenaneo le, le e tla reng morago ba bone mosola wa lone. O ne a ba kgothatsa go tlhopha setlhopha sa ba na le seabe ba ba akaretsang batsadi, barutabana,mapodisi ba lephata la ipabalelo tseleng le bana ba le babedi ele ba ba tsamaisang mekgatlho e. One a ba kopa go inaakanya le komiti ya ipabalelo tseleng ya Boteti go ithuta le go tsaya malebela mo go yone gore batle ba kgone go atlega ,a tlatsa ka gore ba tshwanetse ba dira lenaneo la megopolo ya e baikaelelang go e diragatsa. Mogokgo wa sekole se segolwane sa Motsumi, Rre Mathumo Sechele o supile gore le bone ba tshwentswe ke dikotsi tsa tsela tse di amang bana mo kgaolong ya Boteti , selo se a reng ke sone se ba gwetlhileng go kopa thuso kwa MVA. Bokhutlo
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Ramaphatle ke motse
Banni ba Ramaphate gaufi le Thamaga ba boleletswe fa lefelo leo jaanong le tlhomamisitswe go nna motse. E rile a lekodisa phuthego ya kgotla bosheng, modulasetilo wa komiti ya boeteledipele jwa kgaolo ya Kweneng, Rre Motlhophi Leo a tlhomamisa fa puso e tsere tshwetso go netefatsa fa Ramaphate jaanong a le mo seemong sa go nna motse. Rre Leo, yo gape eleng modula setilo wa khansele ya Kweneng, o tlhalositse fa Ramaphate e le one motse fela o tlhomamisitsweng go nna motse fa mafelo a mangwe ale lesome le bone a kgaolo eo a tsentswe ka fa tlase ga metse e megolwane e e mabapi go nna dikgotlana tsa yone. Mafelo ao ke Ramankhung, Nhwi, Mmakanke, Gamononyane, Sasakwe, Maratswane, Mmasebele, Motlabaki, Kikeng, Kgesake, Matlagatshe, Mmaothate, Suping, le Mmamhiko Modulasetilo Leo o kopetse puso maitshwarelo ka se go kaegileng e ne ele go tlhoka morero mo lobakeng le le fetileng mo go tlhalositsweng ke Kgosi Letlole Thobega mo mafokong a kamogelo. Kgosi o tlhalositse fa go ne ga felela go thubiwa matlo a batho bangwe ka go ne gotwe ba ne ba ipeile. Mo mafokong a kamogelo kgosi wa motse wa Mmankgodi Rre Letlole Thobega o nyaditse le go kgala thulaganyo ya go diegela go tlhomamisiwa ga motse wa Ramaphate le go ngongoregela se a kaileng ele go tshwarwa ka molema ga batho ba lefelo leo. Kgosi o ngongoregetse go tlhoka morero ka dikgang tse di neng di ama motse wa Ramaphate di akaretsa tshwetsho ya go thubela ba ba neng ba kailwe ele bo maipaafela. A re go gogagoga batho ba lefelo leo go amile thata tlhabololo ya matshelo a bone ka jaana ba ne ba kgaphetswe ntle mo dithulaganyong tsa mananeo a puso ka jaana dipeo tsa bone di sa tlhomamisiwe mme ba fetiwa ke mananeo otlhe a a tlhabololang matshelo a Batswana ka bontsi. Banni ba Ramaphate mo go bone go le Rre Charles Pilediwa ba iteetse legofi tshwetso ya go tlhomamisa lefelo leo go nna motse, ba akgola segolo bogolo kgosi Rre Thobega le mokhanselara wa kgaolo Rre Duke Mafhoko go bo ba nnile le seabe se segolo mo go netefatseng gore Ramaphate o rurifadiwa go nna motse. Rre Pilediwa o supile ba kabo ditsha ka monwana gore ba diretse kgaolo eo phoso ka go tsaya ditshwetso tse di sokameng e bile di tlhaela boammaruri. E re ntswa lekgotla la kabo ditsha go lebega le ya go itshwarela bangwe ba batho ba ba amegileng mo go ipeeng ditsha ka gore jaanong ba tla a tlhomamisediwa dipeo, batho ba tlhagisiwa le go gakololwa go tlogela go tswelela ba ipaya ditsha kwa Ramaphate. E rile a leboga, mokhanselara Rre Mafhoko a akgola tshwetso ya go tlhomamisa Ramaphate le go kopa lekgotla la kabo ditsha go fefogela dipeo ka ele tsone di ka thusang morafe go bona ditlamelo di akaretsa motlakase, kgokelo ya metsi le mananeo a mangwe a a tokafatsang matshelo a Batswana. Bokhutlo
society
9
Go lema ka ditselana ke mmammane
Balemi ba tshwanetse ba reetsa dikgakololo tsa puso tsa gore ba leme ka ditselana gore ba itirele dijo tse di lekaneng. Go buile jalo mothusa tona wa lephata la temo thuo, Rre Oreeditse Molebatsi mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa metseng ya Tswapong Borwa bosheng. O ne a kopa balemi go tswa mo dikakanyong tsa gore temo ya go gasa ke ngwao ntswa e sa ntshe thobo e e nametsang. Rre Molebatsi, yo e bileng e le mopalamente wa Tswapong Borwa, a re balemi mo mafelong mangwe a lefatshe leno ba gatetse pele ka go lema ka ditselana ka jalo ba ntsha thobo e e nametsang. O boletse fa temo ya ditselana e sa tlhokane le go lema ditema tse dintsi ka molemi a kgona go bona dikgetsi di feta masome a matlhano mo temeng e le nngwe fela. O tsweletse a bolelela banni fa a sa itumelele thobo ya bone mme a ba kopa gore ba lekeletse temo ya ditselana mo ngwageng ono wa temo. A re bontsi jwa dipego tsa komiti ya balemi di supa fa balemi ba ne ba lema ba gasa, a bolela fa balemi bao ba sa roba mo go nametsang ka jalo seo se supa fa go gasa go sa busetse sepe. Rre Molebatsi o kopile boraditerekere go reka didirisiwa tsa temo di akaretsa megoma, diege le dipolantere ka e le tsone tse di tla a ba kgontshang go lemela batho ka ditselana. O boletse fa mo ngwageng ono wa temo puso e tla a bo e sa duelele balemi ba ba tla a lemang ba gasa mme go tla thusiwa fela ba ba tla a lemang ka ditselana. A re puso e sale e kopile balemi go lema ka ditselana mme boraditerekere ba nna ba ikopela go lemela batho ba gasa ka ba ne ba bolela fa ba sena didirisiwa tsa temo, ka jalo mo nakong eno tsholofelo ke gore boraditerekere ba na le didirisiwa tsotlhe tsa temo. Rre Molebatsi o tlhalositse fa puso e dirisa madi a selekanyo sa P40 000 mo moleming a le mongwe mme balemi ba sa nne le dipoelo dipe. O rotloeditse balemi go ikwadisetsa dipeo, menontshane le tshefi e e bolayang mhero pele ga kgwedi ya Seetebosigo e fela, a supa fa seo se tla a thusa puso go reka dipeo nako e santse e le teng. Le fa go ntse jalo, banni ba ne ba bolela fa mo temong e e sa tswang go feta go nnile bokete ka boraditerekere ba ne ba lopa madi mangwe pele ba ka ba lemela ntswa puso e ba duela. Ba ikuetse mo pusong go buisana le boraditerekere go emisa go lopa madi mo go bone. Banni gape ba ne ba bolela fa ba sa gane go lema ka ditselana mme bothata e le letlhoko la diterekere le didirisiwa tsa go lema ka ditselana Fa a tsibogela dikakgelo tsa bone, Rre Molebatsi o boletse fa puso e tla a rulaganya diterekere go tswa mo mafelong mangwe fa go lemogwa fa balemi ba tsenngwa dingalo ke boraditerekere bangwe. Bokhutlo
economy_business_and_finance
3
Mapodisi a mo ditlhotlhomisong
Mapodisi a Moshupa a tshegeditse monna mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabobedi wa Bikwe go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le loso lwa monna mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano wa Manyana. Se se tlhalositswe ke mogolwane wa mapodisi a Moshupa Suprintendent Oteng Ngada mo potsolotsong le BOPA bosheng. A re tiragalo eo e diragetse ka Matlhatso, a re bobedi joo bone bo le ko maitisong a nnotagi mo maitseboeng nako e ka nna ya borataro mme ba felela banna le tlhokakutwisisanyo. Supt Ngada o tlhalositse gore mmelaelwa o ka tswa a dirisitse sengwe se se bogale go tlhaba rre yoo ka jaana a ne ragosediwa kwa kokelong ya Thamaga kwa e rileng a goroga teng ba bongaka ba tlhomamisa fa a tlhokafetse. A re mmelaelwa o mo diatleng tsa mapodisi go ba thusa ka ditlhotlhomiso. O tlhalositse gore e e rile maabane mmelaelwa a isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata kwa Kanye go arabela molato wa polao ya motho. A re moswi o beilwe kwa kokelong ya Thamaga go letela go tlhatlhojwa ke ngaka. Mo go tse dingwe, mothusa mogolwane wa mapodisi a Kanye Assistant Suprintendent Mogogi Mathaba o tlhalositse fa mapodisi a Kanye a ntse a batla ba ga bone rre mongwe yo o neng a begwa ke bafeti ka tsela mono Kanye go lebega a gobaditswe mo a neng a sa kgone go bua mme a ragosediwa kwa kokelong ya Sabata mo Kanye kwa a feletseng a fitisediwa kwa go ya Marina kwa Gaborone. Assistant Supt Mathaba o tlhalositse fa tiragalo eo e le ya Seetebosigo e tlhola malatsi a le masome mabedi le borataro. A re mme ka lesego e rile maabane ga bonwa batsadi ba gagwe, a tlhalosa fa rre yoo a santse a le kwa kokelong mme a sidilega. O tlhalositse fa rre yoo a le dingwaga di masome mararo le botlhano, a tlholega kwa motsing wa Selokolela mme go utlwala a ne a hirilwe e le modisa kwa morakeng wa Mmamosetswane mo kgaolong ya a Maokane. A re e ntse e le ka mafelo a beke go nnile le kgang ya thubetso, a re mme mongwe wa kgotla ya Kebuang mono Kanye wa dingwaga tse di masome a mabedi le motso o ne a thubediwa ke banna bangwe ba le babedi ba a sa ba itseng mme go lebega ba le magaring ga dingwaga tse di masome mabedi le bobedi go ya kwa go tse di masome mabedi le boratao. A re tiragalo eo ke ya makuku a letsatsi la Tshipi a tlhalosa fa batho bao ba ne ba tswa maitisong a nnotagi mme e bile mme yoo le ene go lebega a ne a le mo sediding sa nnotagi. O tlhalositse fa mme yoo a thubeditswe mo mafelong a a farologaneng, a re ga go a tshwarwa ope mabapi le tiragalo eo fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse. BOKHUTLO
crime_law_and_justice
1
Banni ba kgothaditswe go phepafatsa tikologo ya bone
Banni ba motse wa Taung ba kgothaditswe go nna mo tikologong e phepa ka nako tsotlhe go fenya malwetsi. Fa a bua mo bokopanong jwa phepafatso tikologo mo motseng wa Taung bosheng, Kgosi Lebogang Masie o ne a supa boitumelo gore morafe wa gagwe o ne wa bona sebaka sa gore o kopane go sela matlakala mo motseng. Kgosi Masie o ne a supa fa go le botlhokwa gore e le banni ba Taung ba kopane go phepafatsa motse wa bone gore o lebege sentle. O ne a supa fa thulaganyo ya go sela matlakala e ne e ka itumedisa fa e ka dirwa gangwe fela mo kgweding. Le fa go ntse jalo, kgosi o ne a ngongorega ka matlakala a mantsi mo motseng a metseto ya bana, a supa fa se se leswafatsa tikologo. O ne a tswelela a supa fa a tshwenngwa ke ditsha tse di dikgwa ebile di sa tlhabololwa, a re di ka baka borukutlhi mo motseng. Kgosi Masie o ne gakola banni gore motse ke wa bone, ka jalo ba tshwanetse go ikemela ka dinao go phepafatsa le go tshwaragana gore sengwe le sengwe se tsamaye sentle. O ne a akgola ba komiti ya ditlhabololo tsa motse, go bo ba nnile le seabe sa go aga motho le go tla ka methale yotlhe ya go bona gore ditlhabololo di a nna mo motseng. Fa a tswa la gagwe, mothusa mokwaledi wa khansele ya kgaolo potlana ya Borwa Botlhaba Borwa, Mme Ekannamang Mokgweetsi o ne a tlhalosa fa matlakala a tshwenya ka a tletse mo motseng. Mme Mokgweetsi o ne a supa fa banni ba tshwanetse go tlhokomela malwapa a bone go bona gore a nna phepa ka nako tsotlhe. O ne a supa fa matlakala a felela a baka malwetsi a mantsi, mme seo se dire gore botsogo bo nne jo bo sa siamang. O ne a tlhalosa fa bangwe ba kgona go dirisa matlakala go a tsenya mo tirisong gore ba bone letseno ka one. Mme Mokgweetsi o ne a rotloetsa banni go tswelela ba phepafatsa tikologo ya bone ka nako tsotlhe. Letsatsi la phepafatso tikologo le ne le rulagantswe ke ba komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Taung, mme gape go ne go na le dithuto ka tsa phepafatso tikologo le gone go itshidila mmele.
environment
5
Banni ba Okavango ba kopa sekole
Banni ba kgaolo ya Okavango ba kopile mmuso go aga sekole sa ithutelo bojanala mo kgaolong ya bone. Banni ba metse ya Shakawe le Seronga ba boleletse lekoko le le baakanyetsang tebelopele ya 2036 mo diphuthegong tsa kgotla gore go botlhokwa gore go nne le sekole sa go nna jalo mo kgaolong eo, go tsamaelana le meamuso e e fitlhelwang mo Okavango. Ba re seo se ka nonotsha mohama wa bojanala le go neela banni ba kgaolo eo sebaka sa go anywa dithuto tsa go tsamaisa bojanala go na le jaaka go diragala mo nakong eno fa bontsi jwa dikgwebo tsa bojanala bo tsamaisiwa ke batswakwa. Ba re Batswana ba ba hirilweng ke dikgwebo tsa bojanala mo kgaolong ya bone ba a ba tsiediwa ka go timiwa dikitso gore e nne bone fela ba ba akolang meamuso ya Botswana ka jaana ba itse fa beng gae ba sena kitso. Rre Moqaho Ramphisi a re fa mmuso o ka diragatsa kopo ya bone, go ka isa Motswana go ya pele mo tebelopeleng ya 2036 k. Ba gwetlhile mmuso go isetsa batho ditlamelo ka go lekalekana eseng go di isa ntlha e le nngwe. Mabapi le tikologo, ba kopile makgotla le maphata a a lebaganeng go neela Batswana dithuto tse di tseneletseng go leka go tsibosa setshaba ka botlhokwa jwa go tlhokomela tikologo. Ba re gompieno batho ba senyakaka mantlenyane a ditsa tlholego jaaka makgobokgobo, ditlhare, matlhaka, diphologolo, ditlhare le tse dingwe ka ntata ya go tlhoka kitso ka tshomarelo matlotlo a tlholego. Gape ba kopile gore go neelwe tlotla merafe e e kgonneng go somarela matlotlo a a mo tikologong ya bone ka go ketekela mediro ya teng kwa go one go na le kwa Gaborone jaaka go diragetse ka makgobokgobo a Okavango. Rre Saoqho Kotongwa o kopile gore go nne le molao o o pateletsang bagwebi ba bojanala go ruta beng gae ditiro mo lobakeng lo lo rileng gore ba kgone go itsamaisetsa dikgwebo go hulareng ga bone. Moeteledipele wa lekoko leo Professor Keitseope Nthomang a re maikaelelo a lekoko ke go dira merero tebang le tebelopele ya 2036 go neela Motswana mongwe le mongwe go ntsha mogopolo wa gagwe gore o eletsa gore Botswana o nne yo o ntseng jang go fitlha ka ngwaga wa 2036. Bokhutlo
economy_business_and_finance
3
Kgosi o rotloediwa go dibela ngwao
Kgosi Sibangani Mosojane wa Mosojane kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba o rotloeditswe go dira ka natla go tsosolosa ga mmogo le go dibela ngwao ya morafe wa gagwe. Fa a bua kwa moletlong wa peo ya ga Kgosi Mosojane kwa motseng oo bosheng, kgosikgolo ya Barolong, Kgosi Lotlaamoreng II o ne a gatelela botlhokwa jwa gore Kgosi Mosojane le magosi a mangwe a kgaolo a thulanye ditlhogo go tla ka maano a se se ka dirwang go tsosolosa seriti le erodumo sa ngwao ya morafe wa Bakalaka. Kgosi Lotlamoreng a re go a tshwenya go bona tshaba ya lefatshe leno e tsweletse ka go latlhegelwa ke bokao jwa yone ka go bo e sa tlhole e tsaa ka tlhwaafalo botlhokwa jwa go tshegetsa dingwao tsa merafe ya yone ka go farologana. A re ka ntlha ya seemo se se sa jeseng diwelang se, go botlhokwa thata gore dikgosi, tse e leng tsone di tswang Goo-Lowe di rwele boikarabelo jwa go sireletsa ngwao ya merafe ya tsone, di eme ka dinao go fetola seemo pele dilo di ka senyegela pele. Kgosi Lotlamoreng o ne gape a ikuela mo go Kgosi Mosojane go kgaratlhela go nna le seabe se se bonalang mo maitekong a go bopaganya tshaba ya lefatshe leno. Fa a gatelela botlhokwa jwa popagano, o ne a supa fa Motswana mongwe le mongwe a tshwanetse a ipelafatsa ka go nna Motswana ga gagwe go nale go eteletsa go nna motho wa morafe o o rileng. A re mowa wa semorafe o tshwanetse wa kgalwa go mennwe phatla ka jaana o sa age setshaba, a re dikgosi jaaka ba-nale-seabe ba ba botlhokwa mo go agweng ga setshaba ba tlamega go dira go bonala go bopaganya setshaba. Go sale foo, fa a gwetlha Kgosi Mosojane go lemoga fa bogosi e se maemo e le bodiredi, Kgosi Lotlamoreng o ne a ikuela mo go ene go tlhomamisa gore o tshegetsa a bo a diragatsa mantswe a motlapele a a bolelang fa kgosi e le thotobolo a olela matlakala. O gakolotse Kgosi Mosojane go lemoga fa go amogela thomo ya bogosi ga gagwe e le go amogela go nna motlhanka wa morafe wa motse wa Mosojane; ka jalo a tshwanetse a ikitaa ka thupana go bona gore o direla morafe wa gagwe ka bonatla le ka boineelo, e bile a sa kgetholole ope. Fa a gatelela botlhokwa jwa go tlotla morafe, Kgosi Lotlamoreng o ne a supa fa go dira jalo e le yone tsela e e tlhomameng ya go tlhomamisa gore morafe o tlotla kgosi ya bone. Sebui se sengwe kwa tirong eo, moatlhodi wa pele wa kgotla-kgolo ya ditsheko John Mosojane, yo a leng rangwaneagwe kgosi o ne a mo gwetlha go dira ka natla go tshwaraganya ba lelwapa la bogosi. A re go dira go dira jalo go ka mo thusa go thibela tlhagogo ya makgamu mo morafeng wa motse oo; a supa fa gape a tshwanetse go atamelana thata le ba lelwapa la bogosi gore mongwe le mongwe wa bone a phuthologe go mo gakolola fa go tlhokega gore go dirwe jalo. A re le fa ntswa dikgosana tsa gagwe di le teng go mo fa dikgakololo, o tshwanetse a lemoga f aka ntlha ya go mo tlotla ba ka iphitlhela ba sitega go mmusetsa mo tseleng fa a ka tshokane a fapogile tsamaiso, mme a supa fa go ka seke go nne thata mo go ba lelwapa la gaabo go mo kaela tsela fa a dule mo seporong. Mo ntlheng e nngwe, Rre Mosojane o ne a gakolola morafe wa motse wa Mosojane go seke ba itshunya nko mo mererong ya ba lelwapa la bogosi, se e le tsela ya go tlhomamisa gore kagiso e tswelela ka go rena mo lelwapeng leo. A re go nna ka tshisibalo ga lelwapa leo go ka dira gore motse oo le one o tshele ka kagiso. Fa a bua mo boemong jwa dikgosi tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba, moemela-kgaolo eo kwa ntlong ya dikgosi e bile e le kgosi wa motse wa Masunga Kgosi Thabo Maruje III o ne a akgolela Kgosi Mosojane tshwetso ya gagwe ya go tla go goga kwa tlhogong tlhabologo le kgolo ya motse wa gaabo. Kgosi Maruje a re ke tshegofatso e kgolo mo motseng wa Mosojane go etelelwa pele ke kgosi yo o iteilweng seatla go utlwala jaaka Kgosi Mosojane, a tlhalosa fa e se dikgosi di le dintsi mo lefatsheng leno tse di tseneng sekolo go ya go fitlha ka dithuto tsa Masters. O ne a itsese batsena-tiro eo fa botsipa le maitemogelo a ga Kgosi Mosojane mo mererong ya go dira dipatlisiso a tla ungwela motse wa Mosojane le kgaolo yotllhe ya Bokone Botlhaba maungo a a mantle. E ne yare a ema kokoano e e neng e tsene tiro eo ka lefoko, mokwaledi wa khansele ya Bokone Botlhaba Rre Charles Amos o ne a itsese Kgosi Mosojane fa tiro e tona ya kgosi e le go tshwaraganya morafe wa gagwe. Fa a amogela thomo, Kgosi Mosojane o ne a supa fa mo dikgweding di se kae tse a ntseng a direla mo kgotleng ya motse oo, a itumeletse tirisanyo mmogo e ntle ya bogogi jwa kgaolo le badirelapuso fela botlhe. O ne a itlama go dira le botlhe ka boineelo, ga mmogo le go tsaa morafe wa gagwe ka tekatekanyo a sa sekamele ntlheng epe. O ne gape a bolela fa a tla kgaratlhela go busetsa seriti sa lelwapa; a re go a tshwenya go bona go santse go nale batho ba ba tsweletseng ka go nna mmogo ba sa nyalana le ntswa go supagetse fa go dira jalo go le diphatsa. A re baratani ba tshwanetse ba nyalana go dibela segolo jang isago ya bana ba bone kgatlhanong le dintlelo tsa botshelo tse gantsi di tlhagogang fa mongwe wa bobedi joo a sena go ikela badimong. Kgosi Mosojane o ne a rolela futshe rakgadiagwe eleng Mme Fredah Mosojane yo o ntseng a mo tshwareletse setilo sa bogosi sebaka sa dingwaga di le lesome le motso tse di fetileng. O ne a supa fa Mme Mosojane a ne a ntse a tshwere ka natla, mme go itumedisa go bo a ne a fologa setilo sa bogosi jwa motse oo ntle le dikgogakgogano dipe. Bokhutlo
arts_culture_entertainment_and_media
0
Boimana bo a ilelwa
Mme fa a itsholofetse o tshwanetse go ikgapha mo dilong tse dingwe go itsa diemo tse di ka bakang ditlamorago tse di maswe ka nako ya fa a le mo boimaneng le ka nako ya fa ngwana a belegwa kgotsa a sena go belegwa. Se se boletswe ke mosadimogolo, Mme Sephonono Moremedi wa kwa Moshopha mo kgaolong ya Legare mo potsolotsong bosheng. Mme Moremedi,yo o dingwaga di masome a supa le botlhano o itlhalositse fa a ne a belegisa bomme mo malwapeng bogologolo. A re mme fa a tshwantshanya go ima ga bomme ga gompieno le ga bogologolo o bona gompieno go le borai thata ka bomme ba sa ikilele. O ne a fa sekai ka gore mo malatsing a gompieno bomme ba swa ka dipalo tse dintsi fa ba itsholofetse kgotsa ka nako ya pelegi. A re mangwe a mabaka e le gore motho a bo a fetile ka seemo sengwe se a neng a sa tshwanela go feta ka sone. Mme Moremedi a re pele go ne go se motlhofo go kopana le dikgang tse. A re fa mme a itsholofetse ga a a tshwanela go ja dijo dingwe le dingwe, go bereka ditiro tse di bokete le go tsamaya thata gareng ga tse dingwe. O supile gore dijo di tshwana le mae di borai thata go jewa ke mme yo o itsholofetseng ka di dira gore a tsee nako e telele a le mo ditlhabing. A re gape fa mme a imile o tshwanetse go sidilwa kgapetsakgapetsa e le bontlha bongwe ba go lekola ngwana. Mme Moremedi a re le ntswa botshelo ba gompieno bo fetogile thata fa bo tshwantshiwa le ba maloba, ga a rotloetse bomme go kgaphela setso sa botsetse kgakala. O rotloeditse bomme gore fa ba lemoga ba imile ba itsese bagolo ka bofefo gore ba kgone go ba laya. A re o tshwenngwa ke bomme ba ba kgonang go ima ba bo ba nna fela kwa ditoropong ba bo ba ya go kopana le bagolo fela ba setse ba tla botsetseng. Mme Moremedi a re fa bomme ba ba itsholofetseng ba ka tswakanya dithuso tsa ba booki le tsa tsamaiso ya segologolo matshelo a bone a ka babalesega botoka thata. Le fa go ntse jalo, o supile fa a sa rotloetse mme ope go belegela mo lwapeng mo nakong ya gompieno. A re malwetse a a anameng le lefatshe ke one kgwetlho ka a tlhoka boitsaanape jo bo tseneletseng. Bokhutlo
society
9
Tshenyo ya dipompo e gaketse kwa Sefhare
Mogolwane go tswa kwa komponeng ya metsi ya Water Utilities Corporation (WUC) yo o okametseng dikgaolo tsa Mahalapye le Palapye Mme Daphne Motsumi a re o tshwentswe ke tshenyo e e kwa godimo ya dipompo tse di nosang setshaba kwa Sefhare. Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke tona wa lephata la botsogo Mme Dorcas Makgato kwa Sefhare mo kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami o boletse fa tshenyo ya dipompo tse di nosang setshaba kwa Sefhare e le e e ngomolang pelo ka mo nakong eno go setse go sentswe di le 28. A re tshenyo eo ya dipompo e kgoreletsa kompone ya gagwe go diragatsa maitlamo a yone a go nosa setshaba ka dipompo tseo di baakanngwa kgapetsakgapetsa mme go dirisiwa madi a mantsi fela thata. A re tshenyo e e fitlhelwang mo dipompong tseo e a bo e bonala gore ke e e dirilweng ka bomo ka dingwe bontsi jwa tsone di tlhabiwa ka sengwe se se bogale mme di bo di baka tshenyo ya metsi ka di felela di ntsha metsi fela. Mme Motsumi o ne a bolela fa kompone ya gagwe e itse fa e na le boikarabelo jwa gore dipompo tseo di baakanngwe mme o mo lenaneong la go batla madi go bona gore di a baakanngwa di boela mo seemong sa tsone. O ne a kopa banni go tlhokomela dipompo tseo go hema seemo sa gore kompone e tsee tshwetso ya go emisa go baakanya dipompo tse di sentsweng. Mo go tse dingwe Mme Motsumi o ne a bolela fa go na le tlhaelo e ntsi ya metsi mo metseng ya Tswapong borwa mme lephata la gagwe le sa nna fela ka le santse le sekaseka gore go ka tsewa tshwetso efe. A re metsi a a nowang mo motseng wa Sefhare ke a a tswang mo didibeng di le nne mme a nowa ke metse e mengwe e tshwana le wa Machaneng le Chadibe ka jalo ga a a lekana. O tsweletse a re puso e a sekaseka gore a metse ya Tswapong borwa e ka sielwa metsi go tswa kae. A re mo ditshekatshekong tseo go na le kgonagalo ya gore metse ya Tswapong borwa e nwe metsi go tswa kwa tankeng ya Palapye. O ne a kopa ba ba nang le didiba go buisanya le ba koporase ya metsi go bona gore ba ka adimana didiba tseo jang.
society
9
Balwetse bangwe ga ba itsee sentle
Mothusa motshwarelela bogosi jwa Gammangwato Kgosi Serogola Seretse a re o ngongoregela maitsholo a a seng mantle a balwetse bangwe ba itshwarang ka one fa ba tsile ko kokelong go kopa dithuso. Kgosi Seretse o boletse fa gona le balwetse bangwe ba ereng ba tsile go kopa dithuso ko sepatela e re ba tsena kwa ba feta ba dirisa mafoko a sa siamang a ditlhapa mo baoking. Kgosi o buile se, fa a ne amogela baeng kwa moletlong wa go baya fa pele dielo tsa boleng tsa ditlamelo le ditirelo tsa botsogo o oneng o tshwerwe ka labobedi kwa sepateleng sa Sekgoma. Kgosi a re ntswa gona le tsamaiso ya gore balwetse ba thuswa jang go lebeletswe seemo se molwetse a tlang a le mo go sone, ebile le bone balwetse ba itse tsamaiso e, gona le balwetse ba ba tlang mme e re ba tsena ba kope thuso ka tsela e sa letelesegeng, e re fa baoki ba ba lemotsha gore ga go dirwe jalo ba ba tlhokele botho ba dirisa mafoko a matlhapa. A re kgang e, e tshwanetse go emelwa ka dinao go kgalemiwe fela thata, a re o tla bitsa diphutlhego ko kgotleng go isa mafoko a kgalemo ko setshabeng mabapi le maitsholo a le go fetola seemo se ise se kukele. Kgosi a re morafe o tshwanetse go gakololwa gore o tlotle tsamaiso ya kokelo ba ithute go kopa thuso ka fa go tshwanetseng, o tsweletse a supa fa a itumelela ba lephata la botsogo ka mananeo a bone a go ruta setshaba ka ditsela tsotlhe. E rile a tswa la gagwe ka dielo tsa botsogo Mme Baile Moagi a tlhalosa fa ba bone go tshwanela gore dielo tse di nne teng go dirisiwa mo dikokelong, dikokelwana, maphatla a ditopo le tlhatlhobo ya tsone, ba thuso ya potlako le ba botsogo ja tikologo lefatshe lotlhe ka bophara. Mme Moagi o tlhalositse fa maikaelelo magolo a dielo tse di dirilweng mo lenaneong la NDP10 e ele go sika tsela e yang go salwa morago go tokafatsa boleng ja tirelo le pabalesego ya balwetse le babereki mo lephateng la botsogo. A re dielo tse, di ya go tlhalosa boleng ja ditirelo le gore balwetse e leng badirisi ba ditlamelo tse, ba babalesegile go le kae. O tlhalositse fa dielo tse tsa boleng tsa ditirelo tsa botsogo di remeletse ka fa badirisi ba ditlamelo tsa botsogo ba itemogelang ka teng gore amme ba botsogo ba kgona go fitlhelela tse ba di tlhokang. A re dielo tse, di a go thusa balwetse gore ba tlhaloganye gore ba solofele eng, fa ba ya go kopa dithuso ko dikokelong le dikokelwana. Mme Moagi a re dielo tse, di tla thusa go nonotsha boikarabelo mo go se ba botsogo ba se dirang segolo jang ba lebile boeteledipele go tswa mo dikokelong le dikokelwana ka a re dielo tse, di ya go kanoka bodiredi gore bo bereka jang. O tsweletse a tlhalosa fa dielo tse, e le selekanyetso sa dikeletso tsa badirisi ba ditirelo tsa botsogo, ka jalo ke ka moo di nang le ditsetlana tse di tla tisang bokanoki ja gore maikaelelo a ba lephata la botsogo a fitlhelelwa. A re dielo tse, di tlhalosa gore boleng ja ditirelo tsa botsogo ke eng le pabalesego ya balwetse, ka a re gore gonne le lephata la botsogo ke ka bone balwetse e leng badirisi bagolo ba ditirelo tse. Dielo tse, di lebelela ka fa badirisi ba tsone ba itemogelang ka teng gore ba lephata la botsogo ba kgone go fitlhelela se ba se tlhokang, fa ba sa se fitlhelela badirisi ba ka kgona go lemoga gore go tlhaela fa kae mme go baakangwe. Dielo tse di tla thusa balwetse le badirisi ba ditirelo tsa botsogo go tlhaloganya gore ba solofele eng fa ba tsile go kopa dithuso mo dikokelong le dikokelwana. A re dielo di fa sekale se se tla tlhalosang gore dikokelo le dikokelwana ka go farologana di thusa balwetse jang fa di tshwantshanngwa. A re dielo tse di tsaya molwetse di mmaya fa gare, di lemoga gore molwetse gore a thuswe go na le makalana a leng teng mo dikokelong le dikokelwana a fetang ka one gore a bone thuso jaaka ko go ikwadisiwang teng, ko baoking le ko go fiwang melemo teng gareng ga tse dingwe, ka jalo dielo tse di netefatsa gore makalana a, otlhe ditirelo di teng. Mme Moagi o boletse fa dielo tse di dirilwe go lebeletse ditsetlana tsa lekgotlana la Intenational Pride For Quality Health Care, lekgotlana le le ikemetseng ka nosi go thusa mafatshe a batlang go tokafatsa ditirelo tsa one. O tsweletse a tlhalosa fa dielo tse di lemoga ditshwanelo tsa molwetse fa a tsena mo kokelong mme di netefatsa gore ga di gatakwe ka dinao ebile di salwa morago ka dinako tsotlhe. A re dielo tse ga di lebelele molwetse fela, le babereki tota dia ba lebelela gore a le bone ba babalesegile. Mme Moagi o tlhalositse fa dielo tse, di dirilwe go lebeletswe melao le melawana ya lephata la botsogo, a re di anamisitswe le dikokelo le dikokelwana lefatshe lotlhe, le mo maranyaneng a internet di tsentswe gore mongwe le mongwe o ka di bona. A re gone ga diriwa ditekeletso go bona gore dielo tse di ka bereka, mme gone ga lemogiwa fa di bereka ke ka moo ba boloditseng letsholo go di neela setshaba gore se itse ka tsone. Mo godimo ga moo, o weditse ka gore go tla dirwa melao e yang go pateletsa mongwe le mongwe , ele wa kokelo ya puso, ya setshaba kgotsa e ikemetseng ka nosi go sala dielo tse morago. BOKHUTLO
health
6
Blackie Mabiletsa o bolokwa ka Matlhatso
E tlaare ka Matlhatso, Mopitlo a tlhola malatsi a le masome mabedi le bobedi morafe wa Letlhakeng le setshaba ka kakaretso o bo o kokoane go tsamaisa sentle mongwe wa bagaka ba lefatshe leno mo ga tsa sepolotiki, Rre Blackie Mabiletsa. Rre Mabiletsa o tlhokafetse ka Laboraro kgwedi eno e le lesome le bobedi morago ga go lwala ka lebaka mme a tlhokafala jaana kwa kokelong ya Scottish Livingstone kwa Molepolole. Mo potsolotsong, mmueledi wa lelwapa loora Mabiletsa, Rre Jacob Lebeko, yo e neng e le tsala ya moswi, a re Rre Mabiletsa o tshotswe ka ngwaga wa 1947 kwa motseng wa Kgare mo kgaolong potlana ya Letlhakeng. O boletse fa moswi a diretse lefatshe leno ka boleele; a simolotse a direla kwa moepong wa Jwaneng e le Wellfield Operator go simologa ka ngwaga wa 1981 go fitlha ka ngwaga wa 1986, ya re go tlogela koo a ya go tlhongwa kgosi kwa Moshaweng go simologa ka ngwaga wa 1988 go fitlha 1989. Rre Lebeko o tsweletse a tlhalosa fa Rre Mabiletsa, yo o neng a itsege ka “le 14” kwa Domkrag a simolotse go inaakanya le tsa sepolotiki ka ngwaga wa 1994 mme ya re ka one ngwaga oo a fenya ditlhopho go nna mokhanselara wa kgaolo ya Letlhakeng Borwa ka konopo ya Botswana National Front go fitlha ka 1999. A re o ne a boa gape a ipoeletsa ka ditlhopho tsa 2004 a fenya a ba a nna mokhanselara wa kgaolo ya Maboane, e ntse e le ka fa tlase ga phathi ya BNF le fa e rile morago a fuduga ka talama go ya kwa BDP kwa a tlhokafalang a le teng. A re o tlhokafala jaana a ne a itikile lesego mo ditlhophong tsa peo letlhokwa tsa bokhanselara mo kgaolong ya Letlhakeng Borwa ngwaga ono, mme ka go tlhoka lesego a ne a fenngwa. Rre Lebeko o boletse fa Rre Mabiletsa e le mongwe wa ba ba nnileng le seabe mo go simololeng lekalana la banana mo phathing ya BDP. O tsweletse a bolelela lekalana la BOPA fa ntle le dipolotiki Rre Mabiletsa e ne e le leloko la kereke ya Letlhakeng Holiness Union, e bile e ne e le modulasetilo wa kereke mme gape a tshegeditse maemo a boeteledipele jwa lekalana la borre. A re moswi o tlaa gopolwa thata ka bonatla jwa gagwe le botlhaga fa go ne go tla mo go tsa sepolotiki. Moswi Mabiletsa yo gape e neng e le molemi morui o tlogela mohumagadi, bana ba supa le batsalwa nae ba borre ba le babedi. BOKHUTLO
society
9
Khansele ya Palapye e aba matlo
E rile bosheng modula setilo wa khansele potlana ya Palapye, Rre Onneetse Ramogapi a abela malwapa mangwe dilotlele tsa matlo a ba a agetsweng ke khansele potlana ya Palapye. Rre Ramogapi o ne a tlhalosa fa go agela batho matlo e le go rurifatsa moono wa ga Tautona wa 5D’s mme thata a remeletse mo go wa ditlhabololo le serite, se se raya gore motho o tshwanetse a nne le fa a ka latsang tlhogo teng. Rre Edward Nakedi, motlhatlhobi wa dikago mo kgaolong potlana ya Palapye , o tlhalositse fa matlo otlhe a a agilweng mo kgaolong eo a le masome a matlhano le bosupa, mme a a agilweng kwa motseng wa Tamasane a le boferabongwe , a le boferabobedi a fedile go setse e le nngwe. Mo go one matlo a masome a matlhano le bosupa a, batho ba ntlha go a amogela ke Mme Godisamang Moakofi le Mme Gontshang Bagaisamang, ba botlhe ba supileng boitumelo jo bogolo ba bo ba solofetsa go tlhokomela matlo ao. Kgosi Roman Mpule wa Tamasane o ne a supa boitumelo jo bo tona fela thata, mme a gatelela kgang ya gore batho ba seka ba lwela matlo a ka gore ke a bone botlhe mo lwapeng. Bokhutlo
society
9